Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikgakgamatso a ke Ditiragalo Tsa Mmatota Kgotsa ke Ditlhamane Fela?

Dikgakgamatso a ke Ditiragalo Tsa Mmatota Kgotsa ke Ditlhamane Fela?

Dikgakgamatso a ke Ditiragalo Tsa Mmatota Kgotsa ke Ditlhamane Fela?

MONNA mongwe o ne a lemoga ka bonako letshwao le le neng le kgomareditswe mo koloing e e neng e feta le le reng, “Dikgakgamatso di a Direga—Botsa Baengele.” Le fa gone e ne e le motho yo o ratang bodumedi, o ne a sa tlhomamisege gore mafoko ano a kaya eng. A letshwao leno le ne le kaya gore mokgweetsi o ne a dumela mo dikgakgamatsong? Kgotsa a go na le moo, e ne e le motlae fela o o bontshang gore ga a dumele mo dikgakgamatsong le mo baengeleng?

O ka nna wa kgatlhwa ke se mokwadi wa Mojeremane e bong Manfred Barthel a neng a se bua fa a ne a re: “Lefoko kgakgamatso ke lefoko le ka bonako fela le dirang gore babadi ba nne le dikgopolo tse pedi tse di ganetsanang.” Batho ba ba dumelang mo dikgakgamatsong ba dumela ba sa belaele gore di a direga le gore di ka tswa di direga gangwe le gape. * Ka sekai, go begwa gore mo dingwageng di le mmalwa tsa bosheng tse di fetileng, batho ba ba dumelang mo dikgakgamatsong kwa Gerika ba ile ba bolela gore dikgakgamatso di direga gangwe ka kgwedi. Seno se ne sa dira gore mobishopo wa Kereke ya Gerika ya Orthodox a tlhagise jaana: “Motho yo o dumelang dikgakgamatso go bonala a tsaya gore Modimo, Marea le baitshepi ba tshwana fela le batho ba ba tlwaelegileng. Badumedi ga ba a tshwanela go feteletsa dilo mo kgannyeng eno.”

Batho ba dinaga dingwe ga ba dumele go le kalo gore dikgakgamatso di a direga. Go ya ka patlisiso ya Allensbach e e neng ya gatisiwa kwa Jeremane ka 2002, diperesente di le 71 tsa baagi ba teng ba ne ba dumela gore dikgakgamatso ke ditlhamane fela, e seng dilo tsa mmatota. Le fa go ntse jalo, mo bathong ba ba kafa tlase ga nngwetharong ba ba dumelang gore dikgakgamatso di a direga, go na le basadi ba le bararo ba ba bolelang gore ba ile ba amogela molaetsa go tswa go Lekgarebe e bong Marea. Dikgwedi di le mmalwa morago ga gore ba bolele gore Marea o ne a iponatsa mo go bone—a na le baengele le lephoi—lekwalodikgang la Jeremane la Westfalenpost le ne la bega jaana: “Go tla go fitlha ga jaanong baeti ba sedumedi ba le 50 000, batho ba ba batlang go fodisiwa mmogo le ba ba ratang go itse dilo ba ile ba kgatlhegela thata diponatshegelo tse di bonweng ke basadi bano.” Go ne go lebeletswe gore batho ba bangwe gape ba le 10 000 ba thologele mo motseng ono go tla go bona Marea fa a tlhaga gape. Go bolelwa gore Lekgarebe Marea le ile la tlhaga gape le kwa Lourdes, kwa Fora ka 1858 le kwa Fátima, kwa Portugal ka 1917.

Go Tweng ka Madumedi a e Seng a Bokeresete?

Mo e batlang e nna madumedi otlhe a a dumela gore dikgakgamatso di a direga. The Encyclopedia of Religion e tlhalosa gore batho ba ba ileng ba simolola Bobuda, Bokeresete le Boiselamo ba ne ba na le dikgopolo tse di sa tshwaneng malebana le dikgakgamatso, mme e bolela jaana: “Hisitori ya madumedi ano e bontsha sentle gore dikgakgamatso mmogo le dipego tsa gore di a direga ga di bolo go nna karolo ya botlhokwa ya ditumelo tsa batho.” Buka eno e bolela gore “Buddha ka boene o ne a tle a dire dikgakgamatso.” Moragonyana fa “Bobuda bo sena go tlhomiwa kwa China, barongwa ba teng gantsi ba ne ba bontsha maatla a ba nang le one a go dira dikgakgamatso.”

Fa e sena go bua ka dikgakgamatso di le mmalwa tse go tweng di ile tsa direga, saetlopedia eno e ne ya konela jaana: “Motho a ka nna a se ka a dumela dipego tseno tsotlhe tsa dikgakgamatso tse di boletsweng ke batho ba bodumedi, mme ga go pelaelo gore di ne tsa tlhamiwa ka boikaelelo jwa go galaletsa Buddha, yo o neng a kgona go naya balatedi ba gagwe ba ba tlhoafetseng maatla a a ntseng jalo a go dira dikgakgamatso.” Yone saetlopedia eno e bolela jaana ka Boiselamo: “Bontsi jwa batho ba e leng Baiselamo ba sa ntse ba lebeletse go bona dikgakgamatso. Dingwao (hadīths) di tlhalosa gore Muhammad o ne a dira dikgakgamatso phatlalatsa ka makgetlo a le mantsi. . . . Tota le fa baitshepi ba sena go swa, go dumelwa gore ba dira dikgakgamatso kwa mabitleng a bone ba di direla batho ba ba ikanyegang, mme batho ba kopa baitshepi bano ka tlhoafalo gore ba ba thuse.”

Go Tweng ka Dikgakgamatso Tsa mo Bokereseteng?

Batho ba le bantsi ba ba amogetseng Bokeresete ba na le dikgopolo tse di sa tshwaneng. Bangwe ba dumela dipego tsa Baebele tse di buang ka dikgakgamatso tse Jesu Keresete a neng a di dira kgotsa tse di neng tsa dirwa ke batlhanka ba Modimo ba pele ga Motlha wa Bokeresete. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba dumalana le Modiradiphetogo wa Boporotesetanta e bong Martin Luther. The Encyclopedia of Religion e bolela jaana ka ene: “Luther le Calvin ba ne ba kwala gore motlha wa dikgakgamatso o fedile le gore batho ga ba a tshwanela go lebelela gore di direge.” Buka eno e bolela gore Kereke ya Katoliki e ne ya tswelela pele ka go dumela gore dikgakgamatso di a direga “mme e sa tlhalose gore di direga jang.” Le fa go ntse jalo, “batlhalefi ba Boporotesetanta ba ne ba simolola go dumela gore go nna Mokeresete gantsi ke kgang e e malebana le boitshwaro le gore Modimo tota le bone batho ba ba leng kwa lefatsheng la semoya ga ba ise ba ko ba ikgolaganye le batho kgotsa ba tlhotlheletse botshelo jwa bone ka tsela epe fela.”

Batho bangwe ba ba ipitsang Bakeresete, go akaretsa le baruti bangwe, ga ba dumele gore dikgakgamatso tse di umakiwang mo Baebeleng ke tsa mmatota. Tsaya ka sekai, pego ya setlhare se se tukang e e mo Baebeleng mo go Ekesodo 3:1-5. Buka ya What The Bible Really Says e tlhalosa gore bontsi jwa baithutabodumedi ba Jeremane ga ba tseye seno e le kgakgamatso e e diregileng ka mmatota. Go na le moo, ba tlhalosa seno e le “tshwantshetso e e bontshang tsela e Moshe a neng a tshwenyegile thata ka yone mo maikutlong ka ntlha ya go ikutlwa a le molato le go jewa ke segakolodi.” Buka eno e oketsa jaana: “Dikgabo tsa molelo gape di ka nna tsa tsewa [tsa tlhaloganngwa] e le malomo a a thunyang ka bonako fela ka ntlha ya lesedi la go nna gone ga Modimo.”

O ka nna wa se ka wa kgotsofadiwa ke tlhaloso e e ntseng jalo. Ka gone, ke eng se o tshwanetseng go se dumela? A go a utlwala go dumela gore dikgakgamatso di kile tsa direga? Mme go tweng ka dikgakgamatso tse di dirwang ke batho gompieno? E re ka re ka se kgone go botsa baengele, ke mang yo re ka mmotsang?

Kgopolo E e Mo Baebeleng

Ga go na ope yo o ka ganelang gore Baebele e bega gore mo metlheng ya bogologolo Modimo o ne a tle a namole batho ka go dira dilo tse batho ba ka se kgoneng go di dira. Re bala jaana ka ene: “O ne wa ntsha batho ba gago ba Iseraele kwa lefatsheng la Egepeto, ka ditshupo le dikgakgamatso le ka seatla se se nonofileng le ka lebogo le le otlologileng le ka poifo e kgolo.” (Jeremia 32:21) Akanya fela, setšhaba se se nonofileng go gaisa mo motlheng oo se kokobediwa ka dipetso di le lesome tse di tswang kwa Modimong, go akaretsa le go swa ga bana ba sone ba maitibolo. Ruri e ne e le dikgakgamatso!—Ekesodo, kgaolo 7-14.

Makgolokgolo a dingwaga moragonyana, bakwadi ba le banè ba Diefangele ba ne ba tlhalosa dikgakgamatso di ka nna 35 tse di neng tsa dirwa ke Jesu. Tota e bile, tsela e ba buang ka yone e naya kgopolo ya gore o ne a dira dikgakgamatso di le dintsi go feta tse bone ba di begileng. A dipego tseno ke tsa mmatota kgotsa ke ditlhamane fela? *Mathaio 9:35; Luke 9:11.

Fa e le gore Baebele ke se e ipolelang gore ke sone—Lefoko la Modimo la boammaaruri—go raya gore o na le lebaka le le utlwalang la go dumela dikgakgamatso tse e buang ka tsone. Baebele e tlhalosa dilo ka papamalo fa e bontsha gore dikgakgamatso di ile tsa direga mo metlheng e e fetileng—go fodisiwa ka kgakgamatso, go tsosiwa ga baswi le tse dingwe—mme e boa gape e tlhalosa dilo ka papamalo fela jalo fa e bontsha gore dikgakgamatso tse di ntseng jalo ga di tlhole di direga. (Bona lebokoso le le reng “Ke Eng fa Dikgakgamatso Dingwe di sa Tlhole di Direga,” mo tsebeng ya 4.) A mme seno se raya gore le e leng batho ba ba dumelang mo Baebeleng ga ba dumele mo dikgakgamatsong tse di dirwang mo metlheng ya segompieno? Mma setlhogo se se latelang e nne sone se arabang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Lefoko “dikgakgamatso” le le dirisiwang mo setlhogong seno le dirisiwa ka tsela e buka e e tlhalosang mafoko a Baebele e le tlhalosang ka yone, e leng: “Dilo tse di diregang mo lefatsheng tse di ka se dirweng ke motho kgotsa ke maatla a tlholego mme go tsewa gore di dirwa ke mongwe yo o nang le maatla a a fetang a batho.”

^ ser. 14 O ka nna wa iponela bosupi jo bo bontshang gore go na le lebaka la go dumela Baebele. Bosupi joo bo ka bonwa mo bukeng ya BibelaA Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Lebokoso mo go tsebe 4]

LEBAKA LA GO BO DIKGAKGAMATSO DI SA TLHOLE DI DIREGA JAAKA PELE

Baebele e umaka mefuta e e farologaneng ya dikgakgamatso. (Ekesodo 7:19-21; 1 Dikgosi 17:1-7; 18:22-38; 2 Dikgosi 5:1-14; Mathaio 8:24-27; Luke 17:11-19; Johane 2:1-11; 9:1-7) Tiro ya di le dintsi tsa dikgakgamatso tseno e ne e le go lemotsha batho gore Jesu ke Mesia e bile di ne di supa gore Modimo o ne a mo eme nokeng. Balatedi ba ga Jesu ba pele ba ne ba na le dimpho tsa go dira dikgakgamatso, tse di jaaka go bua ka diteme le go lemoga dipolelo tse di tlhotlheleditsweng. (Ditiro 2:5-12; 1 Bakorintha 12:28-31) Dimpho tseo tsa go dira dikgakgamatso di ne di le mosola mo phuthegong ya Bokeresete fa e ne e sa ntse e simologa. Jang?

Lengwe la mabaka ke gore go ne go na le dikhopi di le mmalwa fela tsa Dikwalo. Gantsi batho ba ba humileng e ne e le bone fela ba ba neng ba na le memeno le dibuka tsa mefuta e e farologaneng. Mo dinageng tsa boheitane, batho ba ne ba sa itse Baebele kgotsa Mokwadi wa yone, e bong Jehofa. Thuto ya Bokeresete e ne e anamisiwa ka molomo. Dimpho tsa go dira dikgakgamatso di ne di thusa go bontsha gore Modimo o ne a dirisa phuthego ya Bokeresete.

Mme Paulo o ne a tlhalosa gore dimpho tseno di ne di tla nyelediwa fa di sa tlhole di tlhokega. “Fa go na le dimpho tsa go porofeta, di tla nyelediwa; fa go na le diteme, di tla kgaotsa; fa go na le kitso, e tla nyelediwa. Gonne re na le bontlhanngwe jwa kitso e bile re porofeta ka bontlhanngwe; mme fa se se feletseng se goroga, se se bontlhanngwe se tla nyelediwa.”—1 Bakorintha 13:8-10.

Gompieno, batho ba na le Dibaebele, dikhonkhodense le disaetlopedia. Bakeresete ba feta dimilione di le thataro ba thusa batho gore ba nne le kitso kaga Modimo e e theilweng mo Baebeleng. Ka jalo, dikgakgamatso ga di tlhole di tlhokega go supa gore Jesu Keresete ke Mogolodi yo o tlhomilweng ke Modimo kgotsa go supa gore Jehofa o eme batlhanka ba gagwe nokeng.