Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BAEBELE YA RENG?

Diphologolo

Diphologolo

Go na le tsela e diphologolo di amang botshelo jwa rona ka yone. A go botlhokwa gore re di tshwara jang?

Batho ba tshwanetse go tshwara diphologolo jang?

SE BATHO BA SE BUANG

Batho bangwe ba dumela gore ba ka dirisa diphologolo ka tsela epe fela e ba e batlang. Ba bangwe bone ba re diphologolo di tshwanetse go tshwarwa jaaka batho.

  • Moithuti mongwe wa ditshwanelo tsa diphologolo a re diphologolo “ga di a tshwanela go jewa kgotsa go rekisiwa.” O tswelela ka go re: “Ga re a tshwanela go tshwara diphologolo jaaka e kete ke tsa rona.”

  • Leona Helmsley yo o nang le madi a mantsi o ne a tlogelela ntša ya gagwe madi a a kana ka diranta di le 129 600 000 a bo a kwala wili ya gore fa e swa e fitlhwe go bapa le lebitla la gagwe.

Se o ka akanyang ka sone: Diphologolo di tshwanetse go tshwarwa jang?

SE BAEBELE E SE BUANG

Mmopi wa botshelo e bong Jehofa Modimo, o ne a raya batho a re ba “laole ditlhapi tsa lewatle le dibopiwa tse di fofang tsa magodimo le sebopiwa sengwe le sengwe se se tshelang se se tsamayang mo lefatsheng.” (Genesise 1:28) Go a utlwala go bo Modimo a tsaya batho ba le botlhokwa go feta diphologolo.

Seno se bonala mo mafokong a a tlang pele ga temana e e nopotsweng pelenyana. Baebele ya re: “Modimo a bopa motho mo setshwanong sa gagwe, a mmopa mo setshwanong sa Modimo; a ba bopa monna le mosadi.”—Genesise 1:27.

E re ka re bopilwe “mo setshwanong sa Modimo” re kgona go bontsha dinonofo tsa Modimo tse di jaaka, botlhale, tshiamiso le lorato. Gape batho ba amega ka tsela e ba bangwe ba itshwarang ka yone e bile ba na le keletso ya go obamela Modimo. Diphologolo ga di na bokgoni jono ka gonne ga di a bopiwa “mo setshwanong sa Modimo.” Ka jalo ga di ka ke tsa tshwarwa jaaka batho.

A seno se raya gore batho ba ka sotla diphologolo? Nnyaa.

“O dire tiro ya gago malatsi a le marataro; mme mo letsatsing la bosupa o emise, gore poo ya gago le esele ya gago di tle di ikhutse.”Ekesodo 23:12.

A go phoso go bolaya diphologolo?

SE BATHO BA SE BUANG

Batsomi bangwe le batshwaraditlhapi ba bolaya diphologolo mo metshamekong e le go itlosa bodutu fela. Bangwe ba ka dumalana le mokwadi wa ditlhamane wa Mo-Russia e bong Leo Tolstoy fa a re go bolaya diphologolo le go di ja ga “go a siama.”

SE BAEBELE E SE BUANG

Modimo o letla batho go bolaya diphologolo gore ba itshireletse kgotsa ba dire diaparo. (Ekesodo 21:28; Mareko 1:6) Gape Baebele ya re batho ba ka bolaya diphologolo gore ba di je. Genesise 9:3 ya re: “Phologolo nngwe le nngwe e e tsamayang e e tshelang e ka nna ya nna dijo tsa lona.” Tota le Jesu o ne a thusa barutwa ba gagwe go tshwara ditlhapi tse ba neng ba di ja moragonyana.—Johane 21:4-13.

Le fa go ntse jalo, Baebele ya re Modimo o “tlhoile ope fela yo o ratang thubakanyo.” (Pesalema 11:5) Ka jalo seno se bontsha gore Modimo ga a batle re gobatsa diphologolo kgotsa re di bolaya mo metshamekong re itlosa bodutu.

Baebele ya re Modimo o tsaya botshelo jwa diphologolo bo le botlhokwa.

  • Baebele ya re ka nako ya popo “Modimo a dira sebatana sa naga sa lefatshe kafa mofuteng wa sone le seruiwa kafa mofuteng wa sone le phologolo nngwe le nngwe e e tsamayang ya lefatshe kafa mofuteng wa yone. Mme Modimo a bona fa go le molemo.”Genesise 1:25.

  • Baebele e bua jaana ka Jehofa: “O naya dibatana dijo tsa tsone.” (Pesalema 147:9) Modimo o bopile ditshedi le dimela tse dintsintsi gore re bone dijo le gore diphologolo di nne le lefelo la bonno.

  • Kgosi Dafide wa kwa Iseraele o ne a rapela jaana: “O boloka motho le phologolo, wena Jehofa.” (Pesalema 36:6) Ka sekai, ka nako ya Morwalela Jehofa o ne a boloka batho ba le robedi le mefuta yotlhe ya diphologolo pele a senya batho ba ba boikepo.—Genesise 6:19.

Jehofa o rata diphologolo tse a di bopileng e bile o solofetse gore batho ba di tshware sentle.

“Mosiami o tlhokomela moya wa seruiwa sa gagwe.” Diane 12:10.