Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SA KA FA NTLE

Goreng Bana ba sa Kgalemelwe?

Goreng Bana ba sa Kgalemelwe?

Bosheng jaana, botshelo jwa kwa dinageng tsa Bophirima bo fetogile thata. Batsadi ba kile ba bo ba laya bana ba bone mme bana ba ba reetsa. Gompieno mo malapeng mangwe go lebega dilo di fetogile, batsadi ke bone ba ba reetsang bana ba bone. Ka sekai, akanya ka ditiragalo tseno tse di latelang.

  • Mmaagwe o leka go mo thiba: “O na le ditshamekisi tse dintsi, akere?” Mme seno ga se thuse. Mosimanyana o a ngunanguna: “Mme nna ke a se batla!” E re ka a tshaba gore mosimane o tla lela—e leng se a tleng a se dire—Mmè o a ineela a bo a mo rekela setshamekisi.

  • Mosetsanyana wa dingwaga di le tlhano o tsena rraagwe ganong fa a ntse a bua le mogolo yo mongwe. A re: “Ke lapile. Ke batla go ya gae!” Rraagwe o emisa motlotlo a bo a inama a kopa morwadie jaana ka lentswe le le kwa tlase: “Ke kopa metsotso e sekae Nnana.”

  • Ga twe James wa dingwaga di le 12 o omantse morutabana wa gagwe gape. Rraagwe James o galefetse morutabana e seng morwawe. O raya James a re: “Ka metlha o a go kgerisa. Ke mo isa kwa komiting ya sekolo!”

Ditiragalo tseno ke tse di ikakanyediwang mme di ka direga. Di bontsha bothata jo bo nnang gone mo malapeng a le mantsi a batsadi ba letlelelang bana go dira maratwaepelo, ba ba direla sengwe le sengwe se ba se batlang ba bo ba ba ntsha mo mathateng a ba itsenyang mo go one. Buka ya The Narcissism Epidemic ya re: “Go tlwaelegile gore batsadi ba letle bana ba bannye ba ba laola. Malobanyana fa, bana ba ne ba itse gore go lela setlhako sa ga mang—mme e ne e se sa bone.”

 Mme gone, go thata gore batsadi ba le bantsi ba rute bana ba bone mekgwa e e siameng ka go ba tlhomela sekao le ka go ba kgalemela ba tiisitse fa go tlhokega mme ba dira jalo ka lorato. Le fa go ntse jalo, buka e e nopotsweng pelenyana ya re batsadi ba ba dirang jalo ba tsewa “ba dira se se sa tlwaelegang.”

Go tlile jang gore maemo a nne jaana? Goreng bana ba sa kgalemelwe?

Batsadi ba Felelwa ke Taolo

Batho bangwe ba re batsadi ba ne ba simolola go felelwa ke taolo ka bo1960 fa batho ba go tweng ke baitse ba ne ba kgothaletsa batsadi go neneketsa bana ba bone. Ba re: ‘Nna tsala ya bone e seng molaodi.’ ‘Go ba akgola go botoka go na le go ba kgalemela.’ ‘O se ka wa bolelela bana ba gago gore ga ba dire dilo sentle, batla dilo tse di molemo tse ba di dirang.’ Go na le gore baitse ba kgothaletse batsadi go nna tekatekano fa ba akgola le go kgalemela bana, ba ba naya boikutlo jwa gore go ba kgalemela go tla ba utlwisa botlhoko ga bo ga dira gore ba ba kgotswele botshelo jwa bone jotlhe.

Gape baitse ba ne ba gatelela botlhokwa jwa go itshepa. Go ne go lebega e kete go sa tswa go ribololwa tsela e e molemo ya go godisa bana: Dira gore bana ba itshepe. Ke boammaaruri gore ga go phoso go dira gore bana ba gago ba itshepe. Mme se baitse ba se bolelelang batsadi ke go feteletsa dilo. Ba re: ‘O se ka wa dirisa mafoko a a jaaka nnyaa le ga go a siama. Nna o bolelela bana ba gago gore ba botlhokwa le gore ba ka nna sengwe le sengwe se ba batlang go nna sone.’ Mme boammaaruri ke gore, seno se dira gore go nne jaaka e kete maikutlo a botlhokwa go feta se tota motho a leng sone.

Kgopolo ya gore bana ba itshepe e dirile gore ba ikgodise

Kwa bokhutlong, kgopolo ya gore bana ba itshepe e dirile gore ba ikgodise le gore go nne jaaka e kete ba laola lefatshe. Buka ya Generation Me ya re seno se dirile gore bana “ba se ka ba lebelela gore ba tla tshwaiwa diphoso kgotsa ba palelwe mo botshelong.” Rre mongwe yo o nopotsweng mo bukeng eno a re: “Batho kwa tirong ga ba  tshwenyege ka seriti sa gago. . . . Fa o tlisitse tiro e e sa felelang kwa ofising, mothapi wa gago ga a kitla a re, ‘Waitse ke rata mmala wa pampiri e o kwaletseng mo go yone.’ Go godisa bana ka tsela eno go tla ba utlwisa botlhoko.”

Melao e a Fetoga

Mo dingwageng tse dintsi tse di fetileng, melao ya batho ya go godisa bana e itshupile e sa tlhomama. Morutabana Ronald G. Morrish a re: “Ditsela tsa go kgalemela bana di a fetofetoga. Seno se bontsha gore setšhaba sa rona se a fetofetoga.” * Jaaka Baebele e bolela, go motlhofo gore batsadi ba ‘heheutlelwe kwa le kwa jaaka e kete ba heheutlwa ke makhubu e bile ba akgaakgelwa kwa le kwa ke phefo nngwe le nngwe ya thuto.’—Baefeso 4:14.

Go bonala sentle gore go repisa seatla fa o kgalemela bana go nna le diphelelo tse di botlhoko. Go dira gore batsadi ba felelwe ke taolo le gore bana ba se ka ba bona kaelo e ba e tlhokang gore ba dire ditshwetso tse di siameng le go itshepa ka tsela e e tshwanetseng.

A go sengwe se se ka dirwang?

^ ser. 15 Go tswa mo bukeng ya Secrets of Discipline: 12 Keys for Raising Responsible Children; mokwalo o o sekameng ke wa rona.