Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Ikutlwisa Botlhoko Go ka Go Thusa go Atamela Modimo?

A go Ikutlwisa Botlhoko Go ka Go Thusa go Atamela Modimo?

Baebele ya Reng

A go Ikutlwisa Botlhoko Go ka Go Thusa go Atamela Modimo?

BATHO ba le bantsi ba gana go amogela kgopolo ya go ikutlwisa botlhoko. Le fa go ntse jalo, baobamedi ba ba ileng ba tlhokofatsa mebele ya bone ka go dirisa mekgwa e e jaaka go ipetsa, go itima dijo ka tsela e e feteletseng le go apara dihempe tse di magwata gore di gobatse matlalo a bone, ba itsege e le dikai tsa go bontsha gore motho o boifa Modimo. Ditiro tseo ga se dilo tsa nako e e fetileng fela. Go ya ka dipego tsa bosheng tsa dikgang, tota le e leng baeteledipele ba bodumedi ba ba itsegeng ba segompieno ba ile ba ipetsa e le go bontsha kotlhao ya bodumedi.

Ke eng se se tlhotlheletsang batho go obamela ka tsela e e ntseng jalo? Go ya ka mafoko a mmueledi wa mokgatlho mongwe wa batho ba ba ipitsang gore ke Bakeresete, “go amogela go ikutlwisa botlhoko ke tsela ya go ikgolaganya le Jesu Keresete le go boga go a ileng a go amogela ka go rata, gore a tle a kgone go re golola mo boleong.” Le mororo baeteledipele ba bodumedi ba iphaka jalo, Baebele ya reng ka kgang eno?

Tlhokomela Mmele wa Gago

Baebele ga e rotloetse e bile ga e mpampetse go obamela Modimo ka go ikutlwisa botlhoko. Tota e bile, gangwe le gape Baebele e kgothaletsa batho ba ba boifang Modimo gore ba tlhokomele mebele ya bone. Ela tlhoko tsela e Baebele e tlhalosang lorato lo lo fa gare ga monna le mosadi ka yone. Fa e bua ka tsela e ka tlholego monna a tla tshwarang mmele wa gagwe ka yone, e gakolola jaana: “Banna ba tshwanetse go rata basadi ba bone jaaka mebele ya bone . . . Ga go na motho ope yo o kileng a tlhoa nama ya gagwe; mme o a e fepa a ba a e ngomaela, jaaka Keresete le ene a dira phuthego jalo.”—Baefeso 5:28, 29.

A taelo ya gore monna a rate mosadi wa gagwe jaaka mmele wa gagwe e ka nna le bokao jo bogolo fa e le gore go lebeletswe gore baobamedi ba gobatse mebele ya bone mo kobamelong? Ga go na pelaelo gore go lebeletswe gore batho ba ba ratang melaometheo ya Dikwalo ba tlhokomele ba bo ba rate mebele ya bone mme go ithata jalo ka tsela e e siameng go tshwanetse ga dirwa le mo molekaneng wa motho wa lenyalo.

Go a tshwanela go bo Baebele e na le melaometheo e mentsi e e thusang babadi ba yone gore ba tlhokomele mebele ya bone. Ka sekai, Baebele e bua ka melemo ya go ikatisa mmele ka tekatekano. (1 Timotheo 4:8) E senola botlhokwa jwa mefuta mengwe ya dijo tse di alafang e bile e umaka ditlamorago tse di sa itumediseng tsa go sa je sentle. (Diane 23:20, 21; 1 Timotheo 5:23) Dikwalo di kgothaletsa batho go nna le botsogo jo bo siameng ka gonne go dira jalo, go ba thusa gore ba nne matlhagatlhaga ka mo ba ka kgonang ka teng. (Moreri 9:4) Fa e le gore go lebeletswe gore babadi ba Baebele ba sireletse mebele ya bone ka ditsela tseno, go tla jang gape gore go lebelelwe gore ba utlwise mebele ya bone botlhoko?—2 Bakorintha 7:1.

A Bakeresete ba Tshwanetse go Etsa Tsela e Jesu a Neng a Boga ka Yone?

Le fa go ntse jalo, mekgatlho mengwe e gatelela ka tsela e e sa siamang tsela e Jesu le balatedi ba gagwe ba bogologolo ba neng ba boga ka yone, gore ba rotloetse batho go itlhokofatsa gompieno. Mme go boga go go tlhalosiwang ke batlhanka ba Modimo mo Baebeleng e ne e se go go ipaketsweng. Fa bakwadi ba Baebele ba Bakeresete ba ne ba tlhalosa ka go boga ga ga Keresete, ba ne ba dira jalo go kgothaletsa Bakeresete gore ba itshokele pogiso, e seng gore ba ipakele yone. Ka jalo, batho ba ba tlhokofatsang mebele ya bone ga ba etse Jesu Keresete.

Ka sekai: Akanya o bona tsala e o e ratang e kgalwa le go itewa ke segopa se se galefileng. O lemoga gore tsala ya gago e itshokela tlhaselo ka moya wa kagiso le o o ritibetseng, a sa ipusolosetse ka gore le ene a ba itaye kgotsa a ba kgale. Fa o ne o batla go etsa tsala ya gago, a o ne o tla simolola go ipetsa le go ikgala? Le e seng! Go dira jalo e ne e tla bo e le go etsa ditiro tsa segopa seo. O ne o tla leka go tila go ipusulosetsa fa o ne o ka tlhaselwa ka tsela e e tshwanang.

Ka jalo, ga go na pelaelo gore ga go a lebelelwa gore balatedi ba ga Keresete ba ikutlwise botlhoko jaaka e kete ba tshwanetse go etsa digopa tse di galefileng tse di ileng tsa tlhokofatsa Jesu e bile di batla go mmolaya. (Johane 5:18; 7:1, 25; 8:40; 11:53) Go na le moo, ba tshwanetse go etsa tsela ya kagiso le e e ritibetseng e Jesu a ileng a itshokela mathata ka yone fa a ne a bogisiwa.—Johane 15:20.

Ditiro Tse e Seng Tsa Dikwalo

Tota le pele ga motlha wa Bokeresete, Dikwalo tse di neng di laola matshelo a Bajuda le kobamelo ya bone di ne di ba iletsa go dira sepe fela se se ka gobatsang nama ya bone. Ka sekai, Molao o ne o iletsa Bajuda ka tlhamalalo go itshega, e leng mokgwa o go bonalang o ne o tlwaelegile mo ditšhabeng tsa bogologolo tse e seng tsa Bajuda. (Lefitiko 19:28; Duteronome 14:1) Fa Modimo a ne a sa batle gore mmele o segiwe, o ne a se kitla a batla gore o gobadiwe ka go itewa ka dime. Molao wa Baebele o phepafetse—go gobatsa nama ya gago ka boomo ka tsela epe fela ga go amogelesege mo Modimong.

Fela jaaka motaki a batla gore tiro ya gagwe e tlotliwe, Jehofa Modimo yo e leng Mmopi, le ene o batla gore popo ya gagwe e leng mmele wa motho e tlotliwe. (Pesalema 139:14-16) Tota e bile, go itlontlolola ga go nonotshe kamano ya motho le Modimo. Go na le moo, go a e senya e bile go sokamisa dithuto tsa Diefangele.

Moaposetoloi Paulo o ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana ka dithuto tse di ntseng jalo tse di gatelelang le tse di itlhometsweng ke batho: “Eleruri, tsone dilo tseo, di na le ponalo ya botlhale mo mofuteng o o itlhometsweng wa kobamelo le boikokobetso jo e seng jone, tshwaro e e botlhoko ya mmele; mme ga di na mosola ope mo go lwantsheng go kgotsofadiwa ga nama.” (Bakolosa 2:20-23) Ruri mokgwa wa go ikutlwisa botlhoko ga o na mosola ope go thusa motho go atamalana le Modimo. Go na le moo, dilo tse di batlegang gore motho a obamele Modimo ka boammaaruri di a lapolosa, di pelonomi e bile di motlhofo.—Mathaio 11:28-30.

A O KILE WA IPOTSA GORE...

● Modimo o leba jang mmele wa motho?—Pesalema 139:13-16.

● A go tlhokofatsa nama ya gago go ka go thusa go thibela dikeletso tse di sa siamang?—Bakolosa 2:20-23.

● A kobamelo ya boammaaruri e tshwanetse go nna setlhogo kgotsa go nna mokgweleo?—Mathaio 11:28-30.

[Mafoko a a mo go tsebe 11]

Molao wa Baebele o phepafetse—go gobatsa nama ya gago ka boomo ka tsela epe fela ga go amogelesege mo Modimong

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Moeti wa sedumedi o gagaba ka tsela e e botlhoko go ya kwa kerekeng

[Motswedi wa Setshwantsho]

© 2010 photolibrary.com