Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsaya Dikgato Tsa go Tokafatsa Botsogo Jwa Gago

Tsaya Dikgato Tsa go Tokafatsa Botsogo Jwa Gago

A O GAKOLOGELA Ram yo go builweng ka ene mo setlhogong sa ntlha sa motseletsele ono wa ditlhogo? Fela jaaka batho ba bangwe ba bantsi go dikologa lefatshe, Ram o ne a sa lemoge kafa go ja sentle le dilo tse a di dirang letsatsi le letsatsi di amang botsogo jwa gagwe ka teng. O tlhalosa jaana: “Setlhogo sa makasine wa Tsogang! se se reng, ‘O ka Kgona go Bona Dijo Tse di Otlang’ (May 8, 2002) se nthusitse go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa ke tshwanetse go itse ka dijo tse di nang le dikotla.”

Ram o tlhalosa jaana: “Re le lelapa, re ne ra leka go dirisa se re se ithutileng mo setlhogong seno. Moragonyana re ne ra lemoga gore thulaganyo ya rona ya go lwantsha malwetse e ne ya nonofa. Pele ga re simolola go ela tlhoko dijo tse re di jang, re ne re tshwarwa ke mofikela gangwe le gape mme gone jaanong o re tshwara ka sewelo. Gape re ne ra ithuta ka ditsela tse di motlhofo le tse di bolokang madi tsa go nna le metsi a a phepa a a nowang, ka ntlha ya setlhogo sa makasine wa Tsogang! se se reng ‘Ditsela Tse Thataro Tsa go Sireletsa Boitekanelo Jwa Gago.’”—October 8, 2003, tsebe 27-29.

“Setlhogo se sengwe sa Tsogang! se ile sa nthusa go tokafatsa botsogo jwa lelapa la me. Se ne se re, ‘Sesepa—“Mokento o Motho A ka O Iphang”’ mo makasineng wa December 8, 2003, tsebe 15. Re ne ra leka go dirisa dikakantsho tse di mo setlhogong seno ka bonako fela fa re sena go di bala. Jaanong ga re tlhole re tshwaediwa ke megare mo matlhong jaaka pele.

“Mo lefelong le re nnang mo go lone, batho ga ba kgathale ka dintsi le menang e mentsintsi e e leng gone. Mme lelapa la rona le ithutile mo bidiong ya The Bible—Its Power in Your Life, * gore re tshwanetse go tila ditshenekegi tse di ntseng jalo. Kitso eno le yone e re thusa go nna le botsogo jo bo siameng.”

O se ka wa itlhoboga! Le fa go ka nna le diphetogo dife tse o ka tlhokang go di dira, o ka nna wa atlega le go feta ka go simolola ka iketlo le go se ipeele mekgele e o ka se kgoneng go e fitlhelela. Ka sekai, leka go fokotsa go ja dijo tse di se nang dikotla, go na le gore o di tlogele gotlhelele. Leka go oketsa nako ya go robala le ya go ikatisa mmele. Go dira sengwe go botoka go na le go sa dire sepe gotlhelele. Gantsi go tsaya nako—dibeke kgotsa dikgwedi—pele ga mokgwa o o siameng o nna tlwaelo. Fa nako e ntse e ya mme o sa bone matswela a maiteko a a oketsegileng a o a dirang ka bonako, o se ka wa latlhela seditse. Le fa ka dinako tse dingwe o ka palelwa, fa o nna o leka, botsogo jwa gago bo tla tokafala.

Mo lefatsheng leno le le sa itekanelang, ga go kgonege gore ope a nne le botsogo jo bo itekanetseng. Fa o lwala, e ka tswa e le ka ntlha ya bokoa jo batho ba bo ruileng e seng ka go bo o se kelotlhoko. Ka jalo, o se ka wa letla go tshwenyega ka botsogo kgotsa sepe fela se dira gore o ngomoge pelo le go tlhobaela. Jesu o ne a botsa jaana: “Ke mang wa lona yo ka go tlhobaela o ka oketsang lobaka lwa botshelo jwa gagwe ka kubita?” (Luke 12:25) Go na le moo, leka fela go tila dilo tse di ka khutshwafatsang botshelo jwa gago le tse di fokotsang boleng jwa jone go sa tlhokege. Go dira jalo, go tla go thusa go nna le botsogo jo molemo ka mo go ka kgonegang ka teng, go fitlha ka letsatsi le mo lefatsheng le lesha la Modimo fa go tla bong go se na “monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’”—Isaia 33:24.

^ ser. 5 E dirilwe ke Basupi ba ga Jehofa.