Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Sesepa—“Mokento o Motho A ka O Iphang”

Sesepa—“Mokento o Motho A ka O Iphang”

 Sesepa—“Mokento o Motho A ka O Iphang”

MAKASINE wa The Economist o bega gore “selo sa bobedi se segolo se se bolayang bana mo lefatsheng ga se malaria, thiibi kgotsa AIDS. Ba bolawa ke . . . letshololo.” Mme gone, bontsi jwa bana bano ba ka bo ba sa ntse ba tshela fa bone le ba malapa a bone ba ne ba tlhapa diatla ka metlha ka sesepa.

The Economist e bega gore, babatlisisi ba kwa London School of Hygiene and Tropical Medicine ba fitlheletse gore “go tlhapa diatla ka tshwanelo go ka fokotsa letshololo ka diperesente di le 43. Gape go ka fokotsa thata malwetse a a amanang le mosele wa go hema, a e leng one a bolayang bana thata. Patlisiso e kgolo e e neng ya dirwa mo masoleng a kwa Amerika e fitlheletse gore mofikela le go gotlhola go ne ga fokotsega ka diperesente di le 45 fa masole a ne a tlhapa diatla ga tlhano ka letsatsi.” Tota le mo dinageng tse di tlhabologang malapa a le mantsi a kgona go reka sesepa. Ka jalo, go a utlwala go bo se ka bidiwa “mokento o motho a ka o iphang.” E bile ke o o seng botlhoko!

Baebele le yone e kgothaletsa batho gore ba nne phepa. Bakorintha wa Bobedi 7:1 ya re: “A re intlafatseng mo dilong tsotlhe tse di ka re leswefatsang mo nameng le mo semoyeng.” (The New English Bible) Le fa gone Modimo a amegile thata ka gore re itsheke semoyeng, gape o tsaya go nna phepa mo mmeleng go le botlhokwa thata. (Lefitiko, kgaolo 12-15) Gone ga a lebelela gore re feteletse dilo. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go itlwaetsa go tlhapa diatla fa re tswa mo ntlwaneng, fa re sena go tlhatswa mengato kgotsa go ngatolola ngwana, pele re apaya dijo kgotsa re ja, kgotsa le fa re ka nna mo maemong ape fela a go ka diregang gore re fetisetse megare kgotsa dibaerase mo bathong ba bangwe. Fa re tlhapa diatla ka metlha, re tla bo re supa lorato lwa Bokeresete mo malapeng a rona le mo go botlhe ba re atamalaneng le bone.—Mareko 12:31.