Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ka Kgona go Bona Dijo Tse di Otlang

O ka Kgona go Bona Dijo Tse di Otlang

 O ka Kgona go Bona Dijo Tse di Otlang

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA MEXICO

ANGÉLICA le lelapa la gabone la batho ba ba lesome ba ne ba nna mo motseng o mmotlana wa selegae kwa Oaxaca, kwa Mexico. Ba ne ba humanegile mme dijo tsa bone e ne e le mmidi, di-tortilla, dinawa, sopo ya pherefere, raese e e metsi, borotho jo bo sukiri le tee. Angélica a re: “Re ne re sa gole sentle. Re ne re le bannye e bile re le basesane. Re ne re lwala gantsi—re tshwarwa ke mala, re na le diparasaete le mofikela.”

Angélica le ba lelapa la gabone ba ne ba swetsa ka gore ba fudugele kwa Mexico City, ba na le tsholofelo ya gore ba tla bona tiro e e neng e tla dira gore ba kgone go tokafatsa boemo jwa bone  jwa itsholelo. O akanya gore gone jaanong dijo tse ba di jang di botoka thata ka gore di akaretsa mashi, mae, nama, kherimi, merogo e se kae le dijo tse di farologaneng tse di diretsweng ruri. A mme gone dijo tse ba di jang jaanong di na le dikotla go feta pele?

Go sa Je Sentle—Go Aname go le Kana Kang?

Go na le batho ba le dimilione di le 800 lefatshe ka bophara ba ba mo kotsing ya go swa ka ntlha ya go tlhaela dikotla. Go ya ka Pego ya 1998 ya Lefatshe ya World Health Organization (WHO), dintsho tsotlhe di ka nna diperesente di le 50 tsa bana ba ba kafa tlase ga dingwaga di le tlhano di amana le go tlhaela dikotla. Le ba ba falolang loso gantsi ba a bo ba se na botsogo jo bontle.

Ka fa letlhakoreng le lengwe, go bolelwa gore batho ba ka nna dimilione di le 800 ba mo kotsing ya go swa ka ntlha ya go ja mo go feteletseng. Go sa je sentle go ka baka malwetse a seemera jaaka bokima jo bo feteletseng, go omelela dithisu, haebolate, bolwetse jwa sukiri, go omelela sebete le mefuta e e farologaneng ya kankere. WHO e bolela jaana fa e sobokanya kgang: “Ka jalo, go sa je sentle go akaretsa malwetse a mantsi, go kopanyeletsa go tlhaela dikotla, go tlhaela dikotla tse di rileng, le go nna le dikotla tse dintsi; mme go a bolaya, go a golafatsa, go a foufatsa e bile go kgoreletsa tswelopele ya batho ka selekanyo se segolo thata lefatshe ka bophara.”

Mo nageng e le nngwe, go ka fitlhelwa batho ba ba tlhaelang dikotla le ba bakima ka tsela e e feteletseng. Mo legaeng le le lengwe, go ka fitlhelwa masea a a sa jeng sentle le bagolo ba ba nang le malwetse a a sa foleng a a bakwang ke go nna mokima ka tsela e e feteletseng. Ka dinako tse dingwe, motho yo o neng a sa otlega sentle fa a sa ntse a le ngwana e nna mogolo yo mokima thata. Batho ba ba fudugang go tswa kwa magaeng ba ya kwa toropong ba kgona go nna bakima ka tsela e e feteletseng.

Batho ba bantsi ga ba tlhaloganye gore botsogo jwa bone le tsela e ba jang ka yone di amana jang.  Gongwe seno se bakwa ke gore fa motho a sa je sentle ga go bonale ka bonako mo botsogong jwa gagwe. Mme go ja dijo tse di itekanetseng go ka thibela malwetse a mantsi. Tota e bile, WHO e fopholetsa gore ka go ja sentle le ka go ikatisa, go ka thibelwa kankere e e tshwarang diperesente di le 40 tsa batho. Mme gone o ka tokafatsa jang dijo tse o di jang?

Kafa o ka Tokafatsang ka Teng Dijo Tse o di Jang

Batho bangwe ba tsaya gore dijo di kgaogantswe ka ditlhopha di le tharo tsa konokono. Setlhopha sa ntlha se akaretsa dijo tsa dithoro tse di tshwanang le mabele, korong, raese, outse, rye, barele le lebelebele le digwete jaaka ditapole le di-yam. Dikhabohaetereite tseno di naya motho maatla ka bonako. Setlhopha sa bobedi se akaretsa dijo tsa losika lwa dinawa jaaka dinawa, dinawa tsa soya, dilentele, ditloo, letlhodi, le dinawa tse dikgolo, le dijo dingwe tse di tswang mo diphologolong jaaka nama, tlhapi, mae, le mashi le dilo tse di dirwang ka mashi. Tseno di naya motho diporoteine, iron, zinc le dibitamene di le mmalwa. Setlhopha sa boraro se akaretsa maungo le merogo. Tseno di na le dibitamene tsa botlhokwa le diminerale. Gape di naya motho faeba le maatla mme ke tsone fela tse di nang le bitamene C ya tlholego.

Go ya ka Dr. Héctor Bourges mookamedi wa tsa dikotla wa Setheo sa Salvador Zubirán National Institute of Medical Sciences and Nutrition (INCMNSZ) kwa Mexico, dijo tse di itekanetseng di tshwanetse tsa bo di kopanyeletsa dijo tsa ditlhopha tseno tse tharo, di na le dikotla tse di lekaneng le tse di feletseng. O akantsha gore re “akaretse bobotlana sejo se le sengwe go tswa mo setlhopheng sengwe le sengwe fa re ja mme re dire ka mo go ka kgonegang ka teng gore re je dijo tse di farologaneng go tswa mo setlhopheng sengwe le sengwe, e bile re di apeye ka ditsela tse di farologaneng.”

Akanya ka María. Ene le ba lelapa la gagwe ba ne ba nna kwa Atopixco, motse wa selegae kwa Hidalgo, kwa Mexico. Ba ne ba humanegile thata, mme dijo tsa bone e ne e le di-tortilla, dinawa, pasta, raese le pherefere e e babang. Go farologana le lelapa la bo Angélica le le umakilweng kwa tshimologong, gape ba ne ba ja sekwaše, di-chayote, di-mushroom le merogo e e apewang e e tshwanang le purslane le pigweed, e bontsi jwa yone e neng e kgetlwa kwa nageng. Ba ne ba leka gore ka sewelo ba je maungo a a le teng ka paka e e rileng. Maiteko a bone a feletse ka gore ba nne le botsogo jo bo botoka.

Dr. Adolfo Chávez, mookamedi wa Lefapha la Applied Nutrition and Nutritional Education la INCMNSZ o buelela go dirisa dijo tse di tswang mo diphologolong go tokafatsa dijo, e seng gore e nne tsone dijo tsa konokono. Ka sekai, o ka nna wa apaya dijo tse di rileng o dirisa mae a sekae o a kopantse le ditapole le merogo kgotsa dinawa. Dr. Chávez o bolela jaana: “Seno [go ya ka puo] ya dikotla se bidiwa ‘go oketsa.’” Le fa go ntse jalo, go na le tlhagiso: Tlhatswa maungo le merogo ka kelotlhoko ka metlha, segolobogolo e e tlileng go jewa e sa apewa.

Gape dijo di tshwanetse go siamela motho mongwe le mongwe, mme go tshwanetse ga akanyediwa mabaka a a tshwanang le gore motho o na dingwaga tse kae, bong le mokgwa wa botshelo. Mo bagolong, bangwe ba akantsha gore ba je maungo le/kgotsa merogo nako le nako fa ba ja le gore ba oketse selekanyo sa dijo tsa dithoro le dinawa tse ba di jang. Bangwe ba akantsha gore dijo tse di tswang mo diphologolong di jewe fela di le dinnye nako le nako fa go jewa, mme go jewe thata tlhapi, nama ya koko e e ntshitsweng letlalo le nama e e se nang mafura. Gape go akantshiwa gore go fokodiwe go ja mafura le sukiri.

Le e leng batho ba ba nnang mo dinageng tse di tlhabologang le ba ba humanegileng ba ka tokafatsa dijo tse ba di jang. Jang? Ka go tlhopha dijo tse di nang le dikotla le ka go di ja ka mefuta ya tsone le go di kopanya, jaaka go kopanya dijo tsa dithoro le dinawa. Ka go dirisa nama e nnye kgotsa mae go tokafatsa boleng jwa dikotla mo dijong. Ka go dirisa dimela tse ditala tse di melang mo lefelong la gaeno le maungo a a jewang mo pakeng nngwe le nngwe.

Mmopi wa rona o dira “gore dijo di tlhoge mo lefatsheng” gore batho ba di itumelele. (Pesalema 104:14) Baebele mo go Moreri 9:7, ya re: “Tsamaya, o je dijo tsa gago ka boipelo.” Kwantle ga pelaelo, ka go nna tekatekano, re ka itumelela melemo ya dijo tse di monate tse di nang le dikotla tse re di neilweng ke Mmopi.

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

SETLHOPHA SA NTLHA: dijo tsa dithoro le digwete

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

SETLHOPHA SA BOBEDI: dinawa, nama, tlhapi, mae le mashi le dilo tse di dirwang ka mashi

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

SETLHOPHA SA BORARO: maungo le merogo