Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Modimo o Ikutlwa Jang ka Thubakanyo?

Modimo o Ikutlwa Jang ka Thubakanyo?

Kgopolo E e Mo Baebeleng

Modimo o Ikutlwa Jang ka Thubakanyo?

THUBAKANYO e aname e bile e dirwa ka ditsela tse di farologaneng. Kwantle ga ntwa, go na le thubakanyo e e amanang le metshameko, diokobatsi, digongwana, sekolo le tiro le e e amanang le boitlosobodutu. Tota le thubakanyo ya mo lelapeng go bonala e aname mo malapeng a le mantsi. Ka sekai, patlisiso nngwe ya bosheng e bolela gore kwa Canada banna le basadi ba le dimilione di le 1,2 ba ile ba tlhaselwa ke balekane ba bone bobotlana gangwe bosheng jaana mo dingwageng di le tlhano. Patlisiso e nngwe e bolela gore mo e ka nnang diperesente di le 50 tsa banna ba ba itayang basadi, ba ne ba itaya le bana ba bone.

Ditiro tseo tsa thubakanyo di ka tswa di go tshosa fela jaaka di tshosa batho ba bangwe ba bantsi. Le fa go ntse jalo, go bonala thubakanyo e le selo se se tseelwang kwa godimo mo boitlosobodutung jwa gompieno. Babogedi ga ba gapiwe maikutlo fela ke se go dirwang gore se lebege e le thubakanyo ya mmatota mo difiliming mme gape, ba gapiwa maikutlo le ke thubakanyo ya mmatota e e bontshiwang mo thelebisheneng. Motshameko wa mabole le metshameko e mengwe e e nang le thubakanyo e ratiwa thata mo dinageng di le dintsi. Mme gone, Modimo o ikutlwa jang ka thubakanyo?

Thubakanyo Ga e Bolo Go Nna Gone

Thubakanyo ga e bolo go nna gone. Thubakanyo ya ntlha e e neng ya dirwa ke motho e tlhalosiwa mo Baebeleng mo go Genesise 4:2-15. Morwa wa ntlha wa ga Adame le Efa e bong Kaine, o ne a bolaya monnawe Abele ka ntlha ya lefufa. Modimo o ne a dirang ka seo? Baebele e tlhalosa gore Jehofa Modimo o ne a otlhaya Kaine botlhoko ka ntlha ya go bolaya monnawe.

Mo go Genesise 6:11, go begwa gore mo dingwageng tse di fetang 1 500 morago ga tiragalo eno, lefatshe le ne la “tlala thubakanyo.” Modimo o ne a dirang gape ka seno? O ne a laela Noa yo o siameng go aga araka gore a ipoloke ene le lelapa la gagwe fa Jehofa a tlisa morwalela mo lefatsheng, ka go dira jalo ‘a senya’ batho bao ba ba tletseng thubakanyo. (Genesise 6:12-14, 17) Mme gone ke eng se se neng se dira gore batho ba rate thubakanyo?

Tlhotlheletso ya Madimona

Pego ya Genesise e bontsha gore barwa ba Modimo, baengele ba ba ileng ba se ka ba ikanyega, ba ne ba iphetola batho, ba nyala basadi mme ba nna le bana le bone. (Genesise 6:1-4) Bana ba bone ba ba neng ba bidiwa Banefilime, e ne e le diganka e bile ba tumile. Ka ntlha ya tlhotlheletso ya borraabone ba madimona, ba ne ba le dikgoka e bile ba rata thubakanyo. Fa metsi a morwalela a khurumetsa lefatshe, diganka tseno tse di boikepo di ne tsa swa. Mme madimona one a ne a latlha mebele ya senama mme a boela kwa lefelong la one.

Baebele e bega gore fa e sale go tloga ka nako eo, baengele bano ba batsuolodi ba nnile le tlhotlheletso e kgolo mo bathong. (Baefeso 6:12) Moeteledipele wa bone Satane, o bidiwa “mmolai” wa kwa tshimologong. (Johane 8:44) Ke gone ka moo thubakanyo e e diregang mo lefatsheng e ka bidiwang gore ke ya bodimona kana ya bosatane.

Baebele e tlhagisa gore thubakanyo e kgona go raela. E bolela jaana mo go Diane 16:29: “Motho wa thubakanyo o tla faposa mongwe ka ene, mme ruri o mo tsamaisa mo tseleng e e sa siamang.” Batho ba le bantsi gompieno ba ile ba tsiediwa gore ba se bone molato ope ka thubakanyo, ba e rotloetse kana go e dira. Gape dimilione tsa batho di dirilwe gore di itumelele boitlosobodutu jo bo rotloetsang thubakanyo. Mafoko a a mo go Pesalema 73:6 a ka dirisiwa sentle go tlhalosa batho ba gompieno. Mopesalema a re: “Mabela a nnile sebaga sa bone; thubakanyo e ba apesa jaaka seaparo.”

Modimo o Ila Thubakanyo

Bakeresete ba tshwanetse go itshwara jang mo lefatsheng le le tletseng thubakanyo? Pego ya Baebele kaga barwa ba ga Jakobe e bong Simeone le Lefi e re ruta sengwe se se molemo. Kgaitsadiabone e bong Dina o ne a itsalanya le batho ba boitshwaro jo bo sa siamang ba Shekeme. Seno se ne sa dira gore a betelelwe ke Moshekeme. Simeone le Lefi ba ne ba ipusolosetsa ka go bolaya banna botlhe ba Shekeme. Ka ntlha ya go bo ba ile ba palelwa ke go laola bogale jwa bone, moragonyana Jakobe o ne a tlhotlhelediwa ke Modimo go hutsa barwa bano ba gagwe jaana: “Simeone le Lefi ke bana ba motho. Dibetsa tsa bone tse di bolayang setlhogo ke didirisiwa tsa thubakanyo. Wena moya wa me, o se ka wa tsena mo teng ga setlhopha sa bone se se atamalaneng thata. O se ka wa kopana le phuthego ya bone.”—Genesise 49:5, 6.

Tumalanong le mafoko ano, Bakeresete ba tila go ikopanya le batho ba ba rotloetsang kana ba ba tletseng thubakanyo. Ka gone Modimo o ila batho ba ba rotloetsang thubakanyo. Baebele e bolela jaana: “Jehofa ka boene o tlhatlhoba mosiami le moikepi, mme moya wa Gagwe o tlhoile ope fela yo o ratang thubakanyo.” (Pesalema 11:5) Bakeresete ba kgothalediwa go tila mefuta yotlhe ya bogale jo bo sa laolegeng, le e leng go gobolola.—Bagalatia 5:19-21; Baefeso 4:31.

A Thubakanyo e Tla Tsamaya e Fela?

Moporofeti wa bogologolo Habakuke o ne a botsa Jehofa Modimo jaana: “Ke tla ikuela kwa go wena ka lobaka lo lo kae gore o thuse mo thubakanyong?” (Habakuke 1:2) Gongwe le wena o ile wa ipotsa potso e e tshwanang. Modimo o ne a araba Habakuke, a mo solofetsa gore o tla senya “moikepi.” (Habakuke 3:13) Buka ya boporofeti ya Isaia le yone e re naya tsholofelo. Mo go yone Modimo o solofetsa jaana: “Thubakanyo ga e kitla e tlhola e utlwiwa mo lefatsheng la gago, thopo le tshenyo mo melelwaneng ya gago.”—Isaia 60:18.

Basupi ba ga Jehofa ba dumela ba sa belaele gore Modimo o tla tloga a fedisa mefuta yotlhe ya thubakanyo mo lefatsheng le batho ba ba e rotloetsang. Ka nako eo, “lefatshe le tla tladiwa ka go itse kgalalelo ya ga Jehofa jaaka metsi a khurumeditse lewatle,” go na le gore le tlale ka thubakanyo.—Habakuke 2:14.

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Thubakanyo e simologile fa Kaine a ne a bolaya Abele