Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tila Serai sa go Betšha

Tila Serai sa go Betšha

Tila Serai sa go Betšha

“Go betšha go ne go sa ame botsogo jwa me, e bile ke ne ke kgona go nna kelotlhoko gore ke dirisa madi a le kae go betšha. Mme gone ke a dumela gore ka metlha fa ke tshameka lothari, ke tlhopha se ke se tsayang e le nomore ya lesego.”—Linda.

BATHO ba le bantsi ba ba betšhang ba dumela mo dinomorong tsa lesego kana mo dilong tse di ba leretseng lesego. Ba ka nna ba se ka ba akanya gore ba tsaya dilo tseno tse ba di dumelang masisi go le kalo, mme gone, ba ka nna ba tswelela ba di dumela.

Batho bangwe ba ba betšhang ba tle ba rapele Modimo gore a ba thuse go gapa. Le fa go ntse jalo, Baebele e bontsha gore Modimo ga a amogele batho ba ba ipolelang gore ba a mo obamela mme ba ‘rulaganyetsa modimo wa Masego tafole.’ (Isaia 65:11) Ee, Modimo o ferosiwa sebete ke ditiro tse di rotloetsang go dumela mo lesegong. Go betšha go rotloetsa batho go tshepa se go tweng ke Modingwana wa Masego.

Gape go betšha go rotloetsa go rata madi o sa iphitlhe. Mo setšhabeng sa gompieno se se sa reng sepe ka dilo tsa semoya, madi ka boone a fetogile modimo, mme go betšha ke tsela e e tlwaelegileng ya go a obamela. Mafelo a go betšha jaanong a fetogile mafelo a kobamelo, mme go dumelwa gore bogagapa bo molemo. Babatlisisi ba bolela gore bontsi jwa batho ba ba yang kwa mafelong a go betšha ba dira jalo, e seng ka go bo ba batla go itlosa bodutu kana ka ntlha ya seemo sa mafelo ano, mme ba dira jalo ka ntlha ya go batla go gapa “madi a mantsi.” Le fa go ntse jalo, Baebele e tlhagisa jaana: “Lorato lwa madi ke modi wa mefuta yotlhe ya dilo tse di utlwisang botlhoko, mme ka go gagamalela lorato lono bangwe ba fapositswe mo tumelong e bile ba itlhabakakile ka ditlhabi tse dintsi.”—1 Timotheo 6:10.

Baebele e bua jaana ka tlhamalalo mo go 1 Bakorintha 6:9, 10: “Lo se ka lwa tsiediwa. Go le . . . baobamedi ba medingwana le fa e le . . . ba ba bogagaru . . . ga ba na go rua bogosi jwa Modimo.” Bogagapa ga se bolwetse fela jo bo koafatsang setšhaba; ke bolwetse jo bo kotsi jwa semoya—mme gone ke bolwetse jo bo ka alafiwang.

Ba ne Ba Kgona go Fetoga

Kazushige, yo o umakilweng mo setlhogong se se simololang o gakologelwa jaana: “Ke ne ka leka go tlogela go betšha ka makgetlo a le mantsi. Ke ne ke lemoga gore go betšha dipitse le ditsala tsa me go ne go senya lelapa la me. Ka metlha ke ne ke latlhegelwa ke madi a ke neng ke a gapile. Ke ne ka latlhegelwa le ke madi a mosadi wa me a neng a a boloketse go tsholwa ga morwa wa rona wa bobedi ka ntlha ya go betšha, mme ke ne ka simolola go betšha le ka madi a khampani. Seno se ne sa dira gore ke se tlhole ke itlotla. Mosadi wa me o ne a tlhola a ledile a nkopa gore ke tlogele go betšha, mme ke ne ke palelwa.”

Kazushige o ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. A re: “Go nna ke bala Baebele go nthusitse go nna le tumelo e e nonofileng ya gore go na le Modimo le gore ke tla solegelwa molemo ke go mo reetsa. Ke ne ka lemoga gore ka maatla a Modimo, ke tla kgona go tlogela go betšha. Selo se se gakgamatsang ke gore ke ne ka se ka ka kgona fela go tlogela go betšha, ke ne ka go tlhoa. Ke utlwa botlhoko jaanong fa ke akanya ka matshwenyego a go betšha ga me go neng ga a tlisetsa ba lelapa la me. A bo ke leboga Jehofa Modimo jang ne go bo a nthusitse go tlogela go betšha le go nthusa go tshela botshelo jo bo itumedisang!”—Bahebera 4:12.

John, yo le ene a umakilweng mo setlhogong se se simololang, le ene o ne a simolola go ithuta Baebele. O gakologelwa jaana: “Go ithuta Baebele go ne ga nthusa go sekaseka maemo a me sesha. E ne e le la ntlha ke lemoga tsela e go betšha go neng go ntshenya ka teng e bile go senya le lelapa la me. Ke ne ka lemoga gore go betšha go dira gore batho ba nne pelotshetlha le go nna bogagapa—dilo tse Jehofa a di ilang. Fa ke ntse ke ithuta Baebele, go rata Jehofa go ne ga nthusa go tlogela go betšha. Go batla botshelo jo bo botoka ke gone go dirileng gore ke simolole go betšha. Mme jaanong ke tshela botshelo joo jo bo botoka e re ka ke tlogetse go betšha mme ke direla Jehofa.”

Mosadi wa ga John, e bong Linda le ene o ne a dira tshwetso ya gore a tlogele go betšha. A re: “Go ne go se motlhofo. Mme morago ga gore nna le monna wa me re simolole go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, ke ne ka ithuta go tlhoma mogopolo mo dilong tse di botlhokwa thata mo botshelong. Ke ne ka se ka ka ithuta fela go rata dilo tse Modimo a di ratang mme gape ke ne ka ithuta le go ila dilo tse a di ilang, go akaretsa le mefuta yotlhe ya bogagapa. Mo godimo ga gore jaanong ke tshela botshelo jo bo itumedisang, ke na le madi a a fetang a ke neng ke nna le one pele.”—Pesalema 97:10.

Le wena o ka kgona go nna le nonofo le botlhale jwa go tila serai seno sa go betšha, ka go nna le kamano le Jehofa Modimo. Go dira jalo go tla tokafatsa maemo a gago a tsa madi, a maikutlo, le bomoya jwa gago. Fa o sena go dira jalo, o tla itumelela go iponela boammaaruri jwa mafoko ano a a kwadilweng mo go Diane 10:22: “Tshegofatso ya ga Jehofa—ke yone e e humisang, mme ga a e oketse ka botlhoko.”

[Mafoko a a mo go tsebe 11]

Bogagapa ga se bolwetse fela jo bo koafatsang setšhaba; ke bolwetse jo bo kotsi jwa semoya

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 9]

Go Betšha le Meya E e Sa Bonaleng

Babatlisisi ba Duke University mo pegong ya bone e ba neng ba e neela National Gambling Impact Study Commission, ba ne ba bontsha kgolagano e e leng teng fa gare ga dipapatso tsa go betšha le go dumela ga batho mo meyeng e e sa bonaleng. Pego eno ya re: “Dipapatso tse dintsi [tsa lothari] di kgothaletsa batho go rata dikhumo . . . Mme seno ga se go rata dikhumo ga go bereka ka natla le ka boitshoko, go na le moo, ke ga go tshepa thuso ya meya e e sa bonaleng le boselamose go go ikaegileng ka ditoro le tumelabotlhodi. Mongwe le mongwe wa batsamaisi ba dilothari o a itse gore bontsi jwa batho ba ba betšhang ba dira jalo ba ikaegile ka botlhodi, tepodinaledi, ditaola le ‘dibuka tsa ditoro’ tse di nang le dinomore tse di tsamaelang le maina, matlha le ditoro. Dikgwebo tsa dilothari di kgothaletsa batho go tlhopha (le go kgomarela) dinomore tse ba di tsayang di na le bokao bongwe, go na le go gatelela gore dinomore tsotlhe di na le tshono e e lekanang ya go tlhophiwa, le gore go betšha dipitse o dirisa dinomore tse di tlwaelegileng go fokotsa madi a motho a lebeletseng go a gapa.”

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

“Go rata Jehofa go ne ga nthusa go tlogela go betšha.”—John

“Mo godimo ga gore jaanong ke tshela botshelo jo bo itumedisang, ke na le madi a a fetang a ke neng ke nna le one pele.”—Linda

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

“Selo se se gakgamatsang ke gore ke ne ka se ka ka kgona fela go tlogela go betšha, ke ne ka go tlhoa.”—Kazushige