Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAROLO 5

Modimo o Segofatsa Aborahame le ba Lelapa la Gagwe

Modimo o Segofatsa Aborahame le ba Lelapa la Gagwe

Ditlogolwana tsa ga Aborahame di a segofala. Modimo o sireletsa Josefa kwa Egepeto

JEHOFA o ne a itse gore letsatsi lengwe Morwawe yo o rategang o ne a tlile go boga le go swa. Boporofeti jo bo mo go Genesise 3:15 bo ne jwa umaka seo. A Modimo o ne a tla kgona go dira gore batho ba tlhaloganye kafa a neng a tla ikutlwa ka gone fa a ntsha Morwawe go nna setlhabelo? Baebele e na le sekai sa mongwe yo o kileng a diragalelwa ke seo. Modimo o ne a kopa Aborahame gore a ntshe setlhabelo ka morwawe yo o rategang e bong Isake.

Aborahame o ne a na le tumelo e e nonofileng thata. Se lebale gore, Modimo o ne a mo solofeditse gore Mogolodi yo o solofeditsweng kgotsa Losika, o ne a tlile go tswa mo lotsong lwa ga Isake. E re ka Aborahame a ne a ikanya Modimo gore o tla tsosa Isake mo baswing fa go tlhokega, o ne a tla ikobela Modimo mme a ntshe morwawe setlhabelo. Mme fela fa Aborahame a re o bolaya morwawe, moengele o ne a mo thiba. Modimo o ne a akgola Aborahame ka go bo a ne a ikemiseditse go ntsha sengwe se se neng se le botlhokwa mo go ene, mme a tlhomamisetsa tlhogo eno ya lotso e e ikanyegang gore o tla diragatsa ditsholofetso tsotlhe tse a neng a mo solofeditse tsone.

Morago ga moo, Isake o ne a tshola barwa ba babedi, Esau le Jakobe. Jakobe o ne a sa tshwane le Esau ka gonne ene o ne a rata dilo tse di boitshepo mme a segofadiwa. Modimo o ne a fetola leina la ga Jakobe mme a mmitsa Iseraele, mme barwa ba gagwe ba le 12 ba ne ba nna ditlhogo tsa ditso tsa Iseraele. Mme gone, go tlile jang gore lelapa leno le nne setšhaba se segolo jaana?

Go ne ga direga dilo di le dintsi morago ga gore barwa bano ba fufegele monnaabone e bong Josefa. Ba ne ba mo rekisa gore e nne lekgoba, mme a isiwa Egepeto. Mme gone, Modimo o ne a segofatsa lekau leno le le neng le ikanyega e bile le le pelokgale. Le fa Josefa a ile a lebana le mathata a mantsi, kgabagare mmusi wa Egepeto e bong Faro o ne a mo tlhopha mme a mo naya taolo e kgolo. Seno se ne sa direga ka nako e e tshwanetseng ka gonne leuba le ne la dira gore Jakobe a romele bomorwaawe bangwe kwa Egepeto go ya go reka dijo—mme go ne ga direga gore ka nako eo Josefa e bo e le ene a okametseng dijo tsotlhe! Morago ga tiragalo e e amang pelo ya fa Josefa a kopana gape le bomorwarraagwe ba ba neng ba ikwatlhaile, o ne a ba itshwarela mme a rulaganya gore lelapa lotlhe le fudugele kwa Egepeto. Ba ne ba newa naga e e ungwang sentle, gore ba nne ba ate mme ba segofale. Josefa o ne a tlhaloganya gore Modimo ke ene a rulagantseng gore dilo di tsamaye ka tsela eo gore a diragatse ditsholofetso tsa Gagwe.

Jakobe yo o neng a setse a godile thata o ne a tshela dingwaga tsa gagwe tsa bofelo kwa Egepeto, a dikologilwe ke lelapa la gagwe le le golang. Pele a swa, o ne a bolelela pele gore Losika lo lo solofetsweng kgotsa Mogolodi, o tla nna Mmusi yo o nonofileng yo o neng a tla tsholwa mo losikeng lwa morwawe e bong Juda. Dingwaga pele Josefa a tlhokafala, o ne a bolelela pele gore letsatsi lengwe Modimo o tla ntsha lelapa la ga Jakobe mo Egepeto.

—E tswa mo go Genesise kgaolo 20 go ya go 50; Bahebera 11:17-22.