Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAROLO 20

Jesu Keresete o a Bolawa

Jesu Keresete o a Bolawa

Jesu o tlhoma mokete o mosha; o a okwa a bo a bapolwa

FA Jesu a sena go rera le go ruta ka dingwaga di le tharo le halofo, o ne a itse gore o gaufi le go swa. Baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba ne ba loga leano la go mmolaya, mme gone ba ne ba boifa gore batho ba ka tsosa dikhuduego, ka ba ne ba mo tsaya e le moporofeti. Mo go yone nako eo, Satane o ne a tlhotlheletsa mongwe mo baaposetoloing ba le 12 ba ga Jesu—Judase Isekariota—gore a oke Jesu. Baeteledipele ba bodumedi ba ne ba naya Judase dipapetlana di le 30 tsa selefera gore a oke Jesu.

Mo bosigong jwa gagwe jwa bofelo, Jesu o ne a kopana le baaposetoloi ba gagwe go keteka Tlolaganyo. Fa a sena go ntsha Judase, o ne a tlhoma mokete o mosha, Sejo sa Morena sa Maitseboa. O ne a tsaya senkgwe, a rapela, a bo a se naya baaposetoloi ba le 11 ba ba setseng. O ne a re: “Seno se kaya mmele wa me o ruri o tla ntshiwang mo boemong jwa lona. Nnang lo dire seno e le go nkgopola.” O ne a dira fela jalo le ka senwelo sa beine, a re: “Senwelo seno se kaya kgolagano e ntšha ka ntlha ya madi a me.”—Luke 22:19, 20.

Go na le dilo di le dintsi tse Jesu a neng a di bolelela baaposetoloi ba gagwe mo bosigong joo. O ne a ba naya taelo e ntšha—gore ba bontshane lorato lo e seng lwa boithati. O ne a re: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.” (Johane 13:34, 35) O ne a ba kgothatsa gore ba se letle dipelo tsa bone di tshwenngwa ke ditiragalo tse di utlwisang botlhoko tse di neng di tloga di direga. Jesu o ne a ba rapelela ka tlhoafalo. Ba ne ba opela dipina tsa pako mmogo mme ba ya kwa tshimong ya Gethesemane gone mo bosigong joo.

Fa ba le koo, Jesu o ne a khubama mme a rapela Modimo go tswa pelong. Go ise go ye kae, segopa se se tlhometseng sa masole, baperesiti le batho ba bangwe ba ne ba goroga go tla go mo tshwara. Judase o ne a atamela mme a ba bontsha gore Jesu ke mang ka go mo atla. Fa masole a tshwara Jesu, baaposetoloi ba ne ba tshaba.

Fa Jesu a eme fa pele ga kgotlatshekelokgolo ya Bajuda, o ne a bolela gore ke ene Morwa Modimo. Kgotla e ne ya mmona molato wa gore o a tlhapatsa e bile o tshwanelwa ke loso. Morago ga foo, Jesu o ne a isiwa kwa go Mmusi wa Moroma e bong Ponto Pilato. Le fa Pilato a sa ka a bona Jesu molato, o ne a mo isa kwa segopeng se se neng se goa gore Jesu a bolawe.

Jesu o ne a isiwa kwa Gologotha, kwa masole a Roma a neng a mo kokotela mo koteng gone. Go ne ga direga kgakgamatso; ga nna lefifi go ntse go le motshegare. Moragonyana mo maitseboeng a lone letsatsi leo, Jesu o ne a swa, mme ga nna le thoromo e kgolo ya lefatshe. Mmele wa gagwe o ne wa robadiwa mo lebitleng le le gabilweng mo lefikeng. Mo letsatsing le le latelang, baperesiti ba ne ba tswala lebitla mme ba baya modisa fa kgorong ya lone. A Jesu o ne a tla nnela ruri mo lebitleng leo? Nnyaa. Go ne go tloga go direga kgakgamatso e kgolo go di gaisa tsotlhe.

—E tswa mo go Mathaio kgaolo 26 le 27; Mareko kgaolo 14 le 15; Luke kgaolo 22 le 23; Johane kgaolo 12 go ya go 19.

^ ser. 15 Go ithuta ka boleng jwa setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo, bona kgaolo 5 mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng?