Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Karolo 24

Paulo o Kwalela Diphuthego

Paulo o Kwalela Diphuthego

Makwalo a ga Paulo a nonotsha phuthego ya Bokeresete

PHUTHEGO ya Bokeresete e e sa tswang go tlhomiwa e ne e tla nna le seabe sa botlhokwa mo go diragadiweng ga boikaelelo jwa ga Jehofa. Mme go ise go ye kae, Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tlhaselwa. A ba ne ba tla nna ba ikanyega mo Modimong fa ba bogisiwa ke batho ba ba seng mo phuthegong le fa ba lebana le dikotsi tse dingwe tse di bofitlha tse di ka runyang mo phuthegong? Mo Dikwalong  tsa Bokeresete tsa Segerika go na le makwalo a le 21 a a neng a ba naya kgakololo le kgothatso e ba e tlhokang.

A le somennè a one—go simolola ka Baroma go fitlha ka Bahebera—a kwadilwe ke moaposetoloi Paulo. Makwalo ano a bidiwa ka maina a batho ba ba neng ba a kwalelwa—e ka tswa e le motho a le mongwe kgotsa maloko a phuthego nngwe. Akanya ka dilo dingwe tse Paulo a buang ka tsone mo makwalong a gagwe.

Kgakololo ka dikgang tse di amanang le boitsholo. Batho ba ba gokafalang, ba ba akafalang le ba ba dirang maleo mangwe a a masisi “ga ba na go rua bogosi jwa Modimo.” (Bagalatia 5:19-21; 1 Bakorintha 6:9-11) Baobamedi ba Modimo ba tshwanetse go utlwana le fa ba tswa mo merafeng e e farologaneng. (Baroma 2:11; Baefeso 4:1-6) Ba tshwanetse go intsha setlhabelo ka go rata mme ba thuse badumedi ka bone ba ba tlhokang thuso. (2 Bakorintha 9:7) Paulo a re: “Rapelang lo sa kgaotse.” Ee, Bakeresete ba kgothalediwa go rapela Jehofa mme ba mmolelele dilo tse di ba tshwenyang. (1 Bathesalonika 5:17; 2 Bathesalonika 3:1; Bafilipi 4:6, 7) Gore Modimo a utlwe dithapelo tsa rona, re tshwanetse go rapela re na le tumelo.—Bahebera 11:6.

Ke eng se se ka thusang malapa gore a atlege? Banna ba tshwanetse go rata basadi ba bone jaaka ba rata mebele ya bone. Basadi ba tshwanetse go nna le tlotlo e e boteng mo banneng ba bone. Bana ba tshwanetse go utlwa batsadi ba bone, gonne seno se itumedisa Modimo. Batsadi ba tshwanetse go kaela le go thapisa bana ba bone ka lorato, ba dirisa melaometheo ya Baebele.—Baefeso 5:22–6:4; Bakolosa 3:18-21.

Bakeresete ba thusiwa go tlhaloganya boikaelelo jwa Modimo. Dikarolo di le dintsi tsa Molao wa ga Moshe di ne di sireletsa Baiseraele le go ba kaela go fitlha Keresete a goroga. (Bagalatia 3:24) Le fa go ntse jalo, Bakeresete ga ba tlhoke go boloka Molao oo gore ba kgone go obamela Modimo. Fa Paulo a ne a kwalela Bahebera—Bakeresete ba ba godisitsweng e le Bajuda—o ne a tlhalosa thata se Molao o se kayang le kafa boikaelelo jwa Modimo bo diragadiwang ka gone mo go Keresete. Paulo o ne a tlhalosa gore dikarolo dingwe tsa Molao oo di ne di amana le boporofeti. Ka sekai, ditlhabelo tsa diphologolo di ne di tshwantshetsa loso lwa ga Jesu lwa go intsha setlhabelo, lo lo neng lo tla dira gore batho ba itshwarelwe maleo. (Bahebera 10:1-4) Fa Jesu a sena go ntsha botshelo jwa gagwe go nna setlhabelo, Modimo o ne a fedisa kgolagano eo ya Molao, gonne e ne e sa tlhole e tlhokega.—Bakolosa 2:13-17; Bahebera 8:13.

Kaelo e e thusang gore phuthego e rulaganngwe sentle. Banna ba ba batlang go nna le maikarabelo mo phuthegong ba tshwanetse go itshwara ka tsela e e siameng mme ba nne le ditshwanelego tse di tlhalosiwang mo Dikwalong. (1 Timotheo 3:1-10, 12, 13; Tito 1:5-9) Baobamedi ba ga Jehofa Modimo ba tshwanetse go kopana ka metlha le Bakeresete ba bangwe gore ba kgothatsane. (Bahebera 10:24, 25) Dipokano tsa Bokeresete di tshwanetse go nna tse di agang le tse di rutang.—1 Bakorintha 14:26, 31.

Fa moaposetoloi Paulo a ne a kwala lekwalo la gagwe la bobedi le le yang kwa go Timotheo, o ne a boetse kwa Roma; a le mo kgolegelong, a letetse go atlholwa. Ke batho ba le mmalwa fela ba ba pelokgale ba ba ileng ba tsenya matshelo a bone mo kotsing ka go mo etela. Paulo o ne a itse gore o saletswe ke nako e khutshwane. O ne a re: “Ke tlhabane tlhabano e e molemo, ke tabogile lobelo go ya bofelong, ke bolokile tumelo.” (2 Timotheo 4:7) Go bonala Paulo a ile a bolaelwa tumelo nakwana fela morago ga moo. Mme makwalo a moaposetoloi yono a ntse a kaela baobamedi ba boammaaruri ba Modimo le mo motlheng ono.

—E tswa mo go Baroma; 1 Bakorintha; 2 Bakorintha; Bagalatia; Baefeso; Bafilipi; Bakolosa; 1 Bathesalonika; 2 Bathesalonika; 1 Timotheo; 2 Timotheo; Tito; Filemone; Bahebera.