KAROLO 8
Baiseraele ba Tsena mo Kanana
Joshua o etelela Baiseraele pele go ya go thopa motse wa Kanana. Jehofa o naya baatlhodi maatla a go golola batho ba gagwe mo kgatelelong
DINGWAGA di le makgolokgolo pele Baiseraele ba tsena mo Kanana, Jehofa o ne a solofetsa ditlogolwana tsa ga Aborahame naga eo. Jaanong, Baiseraele ba ne ba le gaufi le go rua Lefatshe le le Solofeditsweng ba eteletswe pele ke Joshua.
Modimo o ne a bona go tshwanela gore Bakanana ba senngwe. Ba ne ba tladitse naga eo ka mekgwa e e ferosang sebete ya tlhakanelo dikobo, mmogo le ka bosetlhogo jwa tshololo ya madi. Ka ntlha ya seo, metse ya Bakanana e Baiseraele ba neng ba e gapa e ne e tshwanetse go senngwa gotlhelele.
Le fa go ntse jalo, pele ba tsena mo nageng eo, Joshua o ne a romela ditlhola tse pedi, tse di neng tsa nna mo motseng wa Jeriko le mosadi mongwe yo o bidiwang Rahabe. O ne a amogela ditlhola tseno mo ntlong ya gagwe mme a di sireletsa, le fa a ne a itse gore ke Baiseraele. Rahabe o ne a na le tumelo mo Modimong wa Baiseraele, ka gonne o ne a utlwile ka ditiro tsa poloko tse Jehofa a neng a di diretse batho ba gagwe. O ne a dira gore ditlhola tseno di ikane gore di tla mo falotsa ene le ba lelapa la gagwe.
Moragonyana fa Baiseraele ba tsena mo Kanana mme ba tlhasela Jeriko, Jehofa o ne a dira ka tsela ya kgakgamatso gore dipota tsa Jeriko di phutlhame. Masole a ga Joshua a ne a tlhasela motse ono le go o senya, mme ba ne ba boloka Rahabe le ba lelapa la gagwe. Morago ga moo, mo dingwageng di le thataro tse di latelang, Joshua o ne a le mo letsholong a ntse a gapa dikarolo tse dikgolo tsa Lefatshe le le Solofeditsweng. Kwa bokhutlong jwa letsholo leo, naga eo e ne ya abelwa ditso tsa Iseraele.
Pele Joshua a swa o ne a phutha batho botlhe. O ne a ba gakolola tsela e Jehofa a neng a dirisana le borraabonemogologolwane ka yone mme a ba kopa gore ba direle Jehofa. Le fa go ntse jalo, fa Joshua le banna ba bagolwane ba ba neng ba direla le ene ba sena go swa, Baiseraele ba ne ba tlogela Jehofa mme ba direla medimo ya maaka. Go ne ga feta dingwaga di ka nna 300 setšhaba seo se ntse se tlola melao ya ga Jehofa. Mo nakong eo, Jehofa o ne a letla baba ba Iseraele ba ba jaaka Bafilisitia, gore ba ba gatelele. Mme fa Baiseraele ba ne ba kopa Jehofa gore a ba thuse, o ne a ba tlhomela baatlhodi—ba le 12—gore ba ba boloke.
Nako ya Baatlhodi jaaka e tlhalositswe mo bukeng ya Baatlhodi e simolotse ka Otheniele mme ya felela ka Samesone, monna yo o neng a le maatla go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela. Thuto ya botlhokwa e e gatelelwang gangwe le gape mo pegong eno e e kgatlhang ya buka ya Baebele ya Baatlhodi ke gore: Go ikobela Jehofa go lere masego, go se mo ikobele go lere masetlapelo.
—E tswa mo go Joshua; Baatlhodi; Lefitiko 18:24, 25.