Baebele—E na Le Molaetsa Ofe?

Molaetsa wa konokono o o mo Baebeleng ke ofe?

Ke Eng fa o Tshwanetse go Ithuta Baebele?

Sekaseka dintlha dingwe tse di ka go thusang tse di malebana le Baebele, buka e e itsegeng thata mo lefatsheng.

KAROLO 1

Mmopi o Naya Batho Paradaise

Baebele e tlhalosa jang tsela e batho ba neng ba bopiwa ka yone? Ke ditaelo dife tse Modimo a neng a di naya batho ba ntlha ba babedi?

KAROLO 2

Ba Latlhegelwa ke Paradaise

Fa Modimo a atlhola Adame le Efa ka ntlha ya botsuolodi jwa bone, o ne a dira jang gore go nne le lebaka la go nna le tsholofelo?

KAROLO 3

Batho ba Falola Morwalela

Boikepo bo ne jwa anama jang mo lefatsheng? Noa o ne a bontsha jang gore ke monna yo o ikanyegang?

KAROLO 4

Modimo o Dira Kgolagano le Aborahame

Ke eng fa Aborahame a ne a fudugela kwa Kanana? Jehofa o ne a dira kgolagano efe le Aborahame?

KAROLO 5

Modimo o Segofatsa Aborahame le ba Lelapa la Gagwe

Modimo o ne a bontsha batho eng fa a ne a kopa Aborahame go ntsha Isake setlhabelo? Pele Jakobe a swa, o ne a bolelela pele eng?

KAROLO 6

Jobe o Boloka Bothokgami

Buka ya Jobe e bontsha jang gore dibopiwa tsothe tse di botlhale di ka nna le seabe mo go tlotlomatseng bolaodi jwa Modimo?

KAROLO 7

Modimo o Golola Baiseraele mo Bokgobeng

Modimo o ne a dirisa Moshe jang go golola Iseraele mo bokgobeng kwa Egepeto? Ke eng fa go ne go ketekwa moletlo wa Tlolaganyo?

KAROLO 8

Baiseraele ba Tsena mo Kanana

Goreng Jehofa a ne a boloka Rahabe le ba lelapa la gagwe kwa Jeriko fa Baiseraele ba ne ba tsena mo Kanana?

KAROLO 9

Baiseraele ba Kopa Kgosi

Fa Baiseraele ba ne ba kopa kgosi, Jehofa o ne a tlhopha Saulo. Goreng Jehofa a ile a emisetsa Kgosi Saulo ka Dafide?

KAROLO 10

Solomone ke Kgosi e e Botlhale

Dikai dingwe tsa botlhale jwa ga Solomone ke dife? Go ne ga direga eng fa a ne a fapoga ditsela tsa ga Jehofa?

KAROLO 11

Dipina Tse di Tlhotlheleditsweng Tse di Gomotsang le Tse di Rutang

Ke dipesalema dife tse di bontshang kafa Modimo a thusang le go gomotsa ka gone batho ba ba mo ratang? Ke eng se kgosi e neng ya se senola mo bukeng ya Sefela sa Difela?

KAROLO 12

Botlhale Jwa Bomodimo bo re Kaela mo Botshelong

Bona kafa kgakololo e e tlhotlheleditsweng e e mo bukeng ya Diane le ya Moreri e ka re nayang kaelo e e mosola le lebaka la go bo re tshwanetse go ikanya Modimo.

KAROLO 13

Dikgosi Tse di Molemo le Tse di Bosula

Go tlile jang gore Iseraele e kgaogane go nna magosi a mabedi?

KAROLO 14

Modimo o Bua le Batho a Dirisa Baporofeti

Baporofeti ba Modimo ba ne ba bolela melaetsa e e ntseng jang? Ela tlhoko dintlha di le nnè tse ba neng ba bua ka tsone.

KAROLO 15

Moporofeti yo o Kwa Botshwarwa o Newa Maoko A se Se Tla Diregang mo Isagweng

Daniele o ne a lemoga eng ka Mesia le ka Bogosi Jwa Modimo?

KAROLO 16

Mesia o a Goroga

Jehofa o ne a dirisa baengele le Johane Mokolobetsi jang go itsise gore Jesu ke ene Mesia? Jehofa o ne a itsise jang ka tlhamalalo gore Morwawe ke ene Mesia?

KAROLO 17

Jesu o Ruta ka Bogosi Jwa Modimo

Jesu o ne a ruta ka eng? O ne a bontsha jang gore o tla busa ka tsela e e lorato le ka tshiamiso?

KAROLO 18

Jesu o Dira Dikgakgamatso

Dikgakgamatso tse Jesu a neng a di dira di bontsha eng ka maatla a gagwe le tsela e a tlileng go busa lefatshe ka yone mo isagweng?

KAROLO 19

Jesu o Bolelela Pele ka Ditiragalo Tse Dikgolo Tse di Tlang

Sesupo se Jesu a neng a se naya baaposetoloi ba gagwe se ne se kaya eng?

KAROLO 20

Jesu Keresete o a Bolawa

Jesu o ne a tlhoma mokete ofe o mosha pele ga a okwa le go kokotelwa mo koteng?

KAROLO 21

Jesu o a Tshela!

Barutwa ba ga Jesu ba itsile jang gore Modimo o tsositse Jesu mo baswing?

KAROLO 22

Baaposetoloi ba Rera ka Bopelokgale

Go ne ga direga eng ka nako ya Moletlo wa Pentekosete? Baba ba ne ba itshwara jang fa ba utlwa barutwa ba ga Jesu ba rera?

KAROLO 23

Dikgang Tse di Molemo di a Anama

Go ne ga direga eng fa Paulo a sena go fodisa monna wa kwa Lisetera? Go tlile jang gore Paulo a feleletse a le kwa Roma?

KAROLO 24

Paulo o Kwalela Diphuthego

Paulo o ne a naya kaelo efe e e neng e tla thusa gore phuthego e rulaganngwe sentle? O ne a reng ka losika lo lo solofeditsweng?

KAROLO 25

Kgakololo Malebana le Tumelo, Boitshwaro le Lorato

Mokeresete a ka bontsha jang tumelo? Motho o bontsha jang gore ruri o rata Modimo?

KAROLO 26

Lefatshe le Nna Paradaise!

Buka ya Tshenolo e konela jang molaetsa wa Baebele?

Molaetsa wa Baebele—Tshobokanyo

Jehofa o ne a senola jang kgato ka kgato gore Jesu e ne e tla nna Mesia, ene yo o neng a tla dira gore lefatshe le nne paradaise gape?

Tatelano ya Matlha a Ditiragalo Tsa Baebele

Bona tatelano ya matlha ya hisitori ya Baebele, go tloga ka 4026 B.C.E. go fitlha go mo e ka nnang ka 100 C.E.