Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAROLO 15

Moporofeti yo o Kwa Botshwarwa o Newa Maoko A se Se Tla Diregang mo Isagweng

Moporofeti yo o Kwa Botshwarwa o Newa Maoko A se Se Tla Diregang mo Isagweng

Daniele o porofeta ka Bogosi jwa Modimo le ka go tla ga ga Mesia. Babelona e a wa

DANIELE, mosha yo o neng a ikanyega ka tsela e e tlhomologileng, o ne a isiwa botshwarwa kwa Babelona pele ga Jerusalema e senngwa. Mosha yono le Bajuda ba bangwe—batshwarwa ba ba tswang kwa bogosing jo bo fentsweng jwa Juda—ba ne ba newa kgololesego e e rileng ke batho ba ba neng ba ba thopile. Fa Daniele a ntse a le kwa Babelona, Modimo o ne a mo segofatsa fela thata, mo a neng a bo a falola loso mo mongobong wa ditau a bo a newa diponatshegelo tse di neng tsa dira gore a kgone go bonela pele isagwe. Boporofeti jo bo botlhokwa thata jwa ga Daniele bo ne bo amana thata le Mesia le puso ya Gagwe.

Daniele o lemoga gore Mesia o tla tla leng. Daniele o ne a bolelelwa gore batho ba Modimo ba ka lebelela gore “Mesia Moeteledipele” o tla tla leng—morago ga dibeke di le 69 tsa dingwaga, fa taelo ya gore dipota tsa Jerusalema di tsosolosiwe le gore di agiwe sesha e sena go tswa. Ka tlwaelo beke e na le malatsi a le supa; mme fano beke nngwe le nngwe e emelwa ke dingwaga di le supa. Taelo eo e ne ya tswa Daniele a sa bolo go swa, ka 455 B.C.E. Go simolola ka nako eo go ya pele, “dibeke” di le 69 di ne di tla tsaya lobaka lwa dingwaga di le 483, lo lo neng lo tla khutla ka ngwaga wa 29 C.E. Mo karolong e e latelang ya kgatiso eno, re tla bona gore go ne ga direga eng mo ngwageng oo. Gape Daniele o ne a bonela pele gore Mesia o ne a tla “kgaolwa,” kgotsa a bolawa, a bolaelwa tetlanyo ya boleo.—Daniele 9:24-26.

Mesia o ne a tla nna Kgosi kwa legodimong. Mo ponong e e sa tlwaelegang ya kwa legodimong, Daniele o ne a bona Mesia, yo o bidiwang “mongwe yo o tshwanang le morwa motho,” a atamela setulo sa Bogosi sa ga Jehofa. Jehofa o ne a mo naya “bobusi le seriti le bogosi.” Bogosi joo bo ne bo tla nnela ruri. Daniele o ne a lemoga ntlha e nngwe e e kgatlhang ka Bogosi jwa ga Mesia—Kgosi eno e ne e tla busa le batho ba bangwe, e leng setlhopha se se bidiwang “baitshepi ba Mogodimodimo.”—Daniele 7:13, 14, 27.

Bogosi bo tla fedisa dipuso tsa lefatshe leno. Modimo o ne a naya Daniele bokgoni jwa go tlhalosa toro e e neng e tlhakantse tlhogo ya ga Nebukadenesare, kgosi ya Babelona. Kgosi e ne ya bona setshwantsho se segolo se se nang le tlhogo ya gouta, sehuba le mabogo a selefera, mpa le dirope tsa kgotlho, maoto a tshipi, le dinao tsa tshipi e e tlhakantsweng le letsopa. Leje le le tswang mo thabeng le ne la itaya dinao tseo tse di thubegang motlhofo mme la tšhwetlakanya setshwantsho go fitlha se nna lerole. Daniele o ne a tlhalosa gore dikarolo tsa setshwantsho seno di ne di emela dipuso tsa lefatshe tse di neng di tla busa ka go latelana, go simolola ka Babelona e e neng e emelwa ke tlhogo ya gouta. Daniele o ne a bonelapele gore ka nako ya fa go tla bo go busa puso ya bofelo ya lefatshe leno le le boikepo, Bogosi jwa Modimo bo ne bo tla tsaya kgato. Bo ne bo tla tšhwetlakanya dipuso tsotlhe tsa lefatshe leno. Mme jone bo ne bo tla busa ka bosakhutleng.—Daniele, kgaolo 2.

Daniele o ne a setse a godile thata fa a bona go wa ga Babelona. Kgosi Kurose o ne a senya motse ono, fela jaaka baporofeti ba ne ba boleletse pele. Nakwana fela morago ga moo, Bajuda ba ne ba gololwa mo botshwarwa—ka nako e e tshwanetseng—morago ga gore nagagae ya bone e fetse dingwaga di le 70 e swafetse, fela jaaka go ne go boleletswe pele. Kgabagare Bajuda ba ne ba aga Jerusalema sesha mme ba tsosolosa tempele ya ga Jehofa, ba kaelwa ke babusi, baperesiti le baporofeti. Le fa go ntse jalo, go ne go tla direga eng kwa bofelong jwa dingwaga di le 483?

E tswa mo bukeng ya Daniele.