Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 138

Keresete O ka Fa Seatleng sa Modimo sa Moja

Keresete O ka Fa Seatleng sa Modimo sa Moja

DITIRO 7:56

  • JESU O NNA KA FA SEATLENG SA MODIMO SA MOJA

  • SAULO O NNA MORUTWA

  • RE NA LE LEBAKA LA GO ITUMELA

Go tshololwa ga moya o o boitshepo ka letsatsi la Pentekosete, go go neng ga direga malatsi a le lesome Jesu a sena go tlhatlogela kwa legodimong, go ne ga naya bosupi jwa gore tota o kwa legodimong. Go ne go sa ntse go tla nna le bosupi jo bo oketsegileng. Pelenyana fela ga gore morutwa Setefane a kgobotlediwe ka maje ka gonne a ne a rera ka boikanyegi, o ne a goa a re: “Bonang! Ke bona magodimo a bulegile mme Morwa motho a eme ka fa seatleng sa Modimo sa moja.”—Ditiro 7:56.

Fa Jesu a na le Rraagwe kwa legodimong, o ne a tla tshwanelwa ke go letela taelo nngwe e go neng ga bolelelwa pele ka yone mo Lefokong la Modimo. Dafide o ne a kwala jaana a tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo: “Jehofa o ne a raya Morena [Jesu] wa me a re: ‘Nna ka fa seatleng sa me sa moja go fitlha ke dira gore baba ba gago ba nne ka fa tlase ga dinao tsa gago.’” Fa nako eo ya go leta e fela, o ne a tla ‘tsamaya mo gare ga baba ba gagwe a bo a ba fenya.’ (Pesalema 110:1, 2) Mme gone, Jesu o tla bo a dira eng kwa legodimong fa a ntse a letetse nako ya gore a tseele baba ba gagwe kgato?

Ka Pentekosete ya 33 C.E., phuthego ya Bokeresete e ne ya tlhomiwa. Jesu o ne a simolola go busa barutwa ba gagwe ba ba tloditsweng ka moya o o boitshepo a le kwa legodimong. (Bakolosa 1:13) O ne a ba kaela mo tirong ya bone ya go rera le go ba baakanyetsa seabe se ba neng ba tla nna le sone mo nakong e e tlang. Seabe sefe? Ba ba neng ba tla ikanyega go fitlha ba swa ba ne ba tla tsosiwa ba bo ba nna dikgosi mmogo le Jesu mo Bogosing.

Sekao se se tlhomologileng sa mongwe yo o neng a tla nna kgosi mo nakong e e tlang, e ne e le Saulo, yo o itsegeng thata ka leina la gagwe la Seroma e leng Paulo. E ne e le Mojuda yo o neng a tlhagafaletse Molao wa Modimo fela thata, mme gone o ne a timeditswe ke baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda mo a ileng a dumelela gore Setefane a kgobotlediwe ka maje. E re ka Saulo “a ne a ikemiseditse go bogisa le go bolaya barutwa ba Morena,” o ne a ya kwa Damaseko. O ne a neilwe tetla ke Moperesiti yo Mogolo e bong Kaiafase gore a ye go tshwara barutwa ba ga Jesu mme a ba busetse mo Jerusalema. (Ditiro 7:58; 9:1) Le fa go ntse jalo, fa Saulo a ntse a le mo tseleng, lesedi le le maatla le ne la phatsima go mo dikologa mme a wela fa fatshe.

O ne a utlwa lentswe lengwe le a sa itseng gore le tswa kae le mo raya le re: “Saulo, Saulo, o mpogisetsa eng?” Saulo ne a re: “O mang Morena?” Lentswe leo le ne la re: “Ke nna Jesu, yo o mmogisang.”—Ditiro 9:4, 5.

Jesu o ne a raya Saulo a re a tsene mo Damaseko mme a letele ditaelo tse di oketsegileng, mme batho ba ba neng ba tsamaya le ene ba ne ba tshwanelwa ke go mo goga ba mo isa kwa motseng ka gonne lesedi leo le ne le mo foufaditse. Mo ponatshegelong e nngwe, Jesu o ne a iponatsa mo go Ananiase, yo e leng mongwe wa barutwa ba gagwe ba ba nnang mo Damaseko. O ne a laela Ananiase gore a ye kwa ntlong nngwe mme a batle Saulo. Ananiase o ne a okaoka go dira jalo, mme Jesu o ne a mo tlhomamisetsa jaana: “Monna yono ke sejana se ke se tlhophileng gore a ye go rera ka leina la me kwa ditšhabeng le kwa dikgosing le kwa Baiseraeleng.” Saulo o ne a kgona go bona gape, mme teng koo kwa Damaseko “o ne a simolola go rera . . . a bolela gore Jesu ke Morwa Modimo.”—Ditiro 9:15, 20.

Paulo le bareri ba bangwe ba ne ba kgona go tswelela ka tiro ya go rera e Jesu a neng a e simolotse, ka gonne o ne a ba ema nôkeng. E re ka Modimo a ne a ba segofatsa, ba ne ba atlega mo tirong eo. Dingwaga di ka nna 25 Jesu a sena go iponatsa mo go Paulo fa a ne a le mo tseleng a ya kwa Damaseko, Paulo o ne a kwala a tlhalosa gore dikgang tse di molemo ‘di ne di rerilwe mo lefatsheng lotlhe.’—Bakolosa 1:23.

Dingwaga moragonyana, Jesu o ne a dira gore moaposetoloi yo a mo ratang thata e bong Johane a bone diponatshegelo, tse di fitlhelwang mo bukeng ya Baebele ya Tshenolo. Tota mo diponatshegelong tseo, Johane o ne a tshela go fitlha a bona Jesu a boa e le Kgosi e e maatla. (Johane 21:22) “Moya o o boitshepo o ne wa [tlisa Johane] mo letsatsing la Morena.” (Tshenolo 1:10) Letsatsi leo le ne le tla fitlha leng?

Boporofeti jwa Baebele bo bontsha gore “letsatsi la Morena” le ne la simologa ka 1914. Ka ngwaga oo, go ne ga runya Ntwa ya Ntlha ya Lefatshe. Fa e sa le ka nako eo go ne ga nna le dintwa tse di oketsegileng, malwetse a leroborobo, ditlhaelo tsa dijo, dithoromo tsa lefatshe le ditiragalo tse dingwe tse di bontshang gore “sesupo” se Jesu a neng a se naya baaposetoloi ba gagwe se diragadiwa ka tsela e kgolwane. “Sesupo” seo se bontsha gore “o gone” le gore ke “malatsi a bofelo.” (Mathaio 24:3, 7, 8, 14) Gone jaanong dikgang tse di molemo tsa Bogosi di a rerwa, mme ga di rerwe fela mo karolong e e neng e le Mmusomogolo wa Roma, go na le moo di rerwa mo lefatsheng lotlhe.

Johane o ne a tlhotlhelediwa go tlhalosa gore seo se kaya eng, a re: “Jaanong Modimo o tlisitse poloko e bile maatla a gagwe a setse a senotswe. Bogosi jwa gagwe bo simolotse go busa e bile Keresete wa gagwe o simolotse go dirisa taolo ya gagwe.” (Tshenolo 12:10) Eleruri, Bogosi Jwa Modimo jo bo kwa legodimong, jo Jesu a neng a rera ka jone, ke puso ya mmatota!

Tseno ke dikgang tse di itumedisang tota mo barutweng botlhe ba ga Jesu ba ba ikanyegang. Ba tlhoka go akanyetsa kwa teng ka mafoko ano a ga Johane a a reng: “Ka jalo, itumeleng, lona magodimo le lona ba lo agileng mo go one! Ruri lefatshe le lewatle di tlhomola pelo, ka gonne Diabolo o fologetse kwa go lona, a tletse bogale jo bogolo, ka gonne a itse gore o saletswe ke nako e khutshwane fela.”—Tshenolo 12:12.

Ka jalo, Jesu ga a tlhole a ntse ka fa seatleng sa Modimo sa moja a letile. Gone jaanong ke Kgosi, mme go ise go ye kae o tlile go fedisa baba ba gagwe botlhe. (Bahebera 10:12, 13) Ke ditiragalo dife tse di itumedisang tse di larileng kwa pele?