Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAROLO 1

Ditiragalo Tsa Pele Jesu a Simolola Bodiredi

“Ngwana yono o tla nna mogolo.”—Luke 1:32

Ditiragalo Tsa Pele Jesu a Simolola Bodiredi

MO KAROLONG ENO

KGAOLO 1

Melaetsa e Mebedi e e Tswang Kwa Modimong

Moengele Gabariele o Isa melaetsa e go neng go le thata go e dumela.

KGAOLO 2

Jesu o a Tlotlwa Pele ga a Tsholwa

Elisabetha le ngwana wa gagwe yo o iseng a tsholwe ba tlotla Jesu jang?

KGAOLO 3

Mongwe yo o Tla Baakanyang Tsela o a Tsholwa

Fela fa Sekarea a sena go kgona go bua ka kgakgamatso, o ile a bua boporofeti jwa botlhokwa.

KGAOLO 4

Marea o Imile Mme ga a Nyalwa

A Josefa o dumela se Marea a se buang fa a re ga a imisiwa ke monna yo mongwe mme moya o o boitshepo ke one o dirileng gore a ime?

KGAOLO 5

Jesu o Tsholetswe Kae Mme o Tshotswe Leng?

Re itse jang gore Jesu ga a tsholwa ka December 25?

KGAOLO 6

Ngwana yo o Neng a Solofeditswe

Fa Josefa le Marea ba isa Jesu kwa tempeleng a sa ntse a le losea, Baiseraele ba ba tsofetseng ba le babedi ba porofeta ka se Jesu a tla se dirang mo nakong e e tlang.

KGAOLO 7

Balepadinaledi ba Etela Jesu

Goreng naledi e ba e boneng kwa Botlhaba e sa ba isa pele kwa go Jesu, mme e ba isitse kwa go Kgosi Herode?

KGAOLO 8

Ba Tshaba Mmusi yo o Bosula

Boporofeti jwa Baebele jo bo ka ga Mesia bo diragala mo go Jesu e sa ntse e le ngwana.

KGAOLO 9

O Golela Kwa Nasaretha

Jesu o na le bomonnawe ba le kae?

KGAOLO 10

Ba Lelapa la Gaabo Jesu ba ya Jerusalema

Josefa le Marea ba tshwenyega fela thata fa ba sa bone Jesu, mme ene o gakgamadiwa ke go bo ba ne ba sa itse kwa ba ka mmonang teng.

KGAOLO 11

Johane Mokolobetsi o Baakanya Tsela

Fa Bafarasai bangwe le Basadukae ba tla kwa go ene, o a ba kgala. Goreng?