KGAOLO 95
Jesu o Ruta ka Tlhalo Le ka Go Rata Bana
MATHAIO 19:1-15 MAREKO 10:1-16 LUKE 18:15-17
-
JESU O TLHALOSA TSELA E MODIMO A LEBANG TLHALO KA YONE
-
MPHO YA GO SA NYALE KGOTSA GO SA NYALWE
-
BOTLHOKWA JWA GO TSHWANA LE BANA BA BANNYE
Fa Jesu le barutwa ba gagwe ba tswa mo Galalea, ba kgabaganya Noka ya Joredane ba bo ba ralala Perea ba ya kwa borwa. Fa a ne a le mo Perea mo nakong e e fetileng, o ne a bolelela Bafarasai molao wa Modimo o o amanang le tlhalo. (Luke 16:18) Jaanong ba tsosa kgang eo gape ba mo leka.
Moshe o ne a kwala gore mosadi a ka tlhalwa fa go na le “sengwe se se sa siamang” mo go ene. (Duteronome 24:1) Go na le dikgopolo tse di farologaneng tse di amanang le mabaka a go tlhala. Bangwe ba dumela gore motho a ka tlhala ka ntlha ya dikgang tse di sa reng sepe fela. Ka jalo, Bafarasai ba botsa Jesu ba re: “A molao o letlelela monna gore a tlhale mosadi wa gagwe ka lebaka lengwe le lengwe fela?”—Mathaio 19:3.
Go na le gore Jesu a dirise dikgopolo tsa batho, o ba araba ka botlhale a tlhalosa boikaelelo jwa Modimo ka lenyalo. A re: “A ga lo ise lo bale gore go tswa kwa tshimologong Modimo o ne a bopa monna le mosadi a bo a re: ‘Ka lebaka leno, monna o tla tlogela rraagwe le mmaagwe mme o tla ngaparela mosadi wa gagwe, mme batho bano ba babedi ba tla nna nama e le nngwe’? Mo e leng gore ga ba tlhole ba le babedi, mme ke nama e le nngwe. Ka jalo, se Modimo a se kopantseng, a motho ope a se ka a se kgaoganya.” (Mathaio 19:4-6) Fa Modimo a ne a nyadisa Adame le Efa, o ne a sa rulaganya gore ba ka fedisa lenyalo leo la bone.
Bafarasai ba ganetsa Jesu, ba re: “Jaanong ke ka ntlha yang fa Moshe a ne a laela gore monna a neele mosadi lekwalo la tlhalo a bo a mo tsamaisa?” (Mathaio 19:7) Jesu o ba raya a re: “Moshe o ne a lo dumelela gore lo tlhale basadi ba lona, ka gonne o ne a akanyetsa dipelo tsa lona tse di thata, mme go ne go sa nna jalo go tswa kwa tshimologong.” (Mathaio 19:8) Lefoko “tshimologong” ga le reye ka nako ya ga Moshe; le raya fa Modimo a ne a simolola thulaganyo ya lenyalo kwa Edene.
Go tswa foo Jesu o bua ntlha eno ya botlhokwa: “Ke lo raya ke re ope fela yo o tlhalang mosadi wa gagwe, mme mosadi wa gagwe a sa dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, [ka Segerika, por·neiʹa], a bo a nyala mosadi yo mongwe, o dira boaka.” (Mathaio 19:9) Ka jalo, boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, ke jone fela lebaka la go tlhala le le tlhalosiwang mo Dikwalong.
Seno se dira gore barutwa ba bue jaana: “Fa e le gore go ntse jalo ka monna le mosadi wa gagwe, go tla bo go se botlhale go nyala.” (Mathaio 19:10) Ka jalo, motho yo o akanyetsang go nyala kgotsa go nyalwa, o tshwanetse a bo a itse gore eno ke thulagayo e e nnelang ruri!
Fa Jesu a bua ka go nyala le go sa nyalwe, o tlhalosa gore batho bangwe ba tsholwa e le baopafadiwa, ba se na keletso ya go tlhakaneladikobo. Ba bangwe ba dirilwe baopafadiwa ke batho gore dirwe tsa bone tsa tsalo di se ka tsa bereka. Mme ba bangwe bone ba itlhokomolosa keletso e ba nang le yone ya go itumelela tlhakanelodikobo. Ba dira jalo gore ba kgone go tlhoma mogopolo mo dilong tse di direlwang Bogosi. Jesu o rotloetsa bareetsi ba gagwe jaana: “A yo o kgonang go tshela [a sa nyala kgotsa a sa nyalwa] a dire jalo.”—Mathaio 19:12.
Jaanong batho ba simolola go tlisa bana ba bone ba bannye kwa go Jesu. Le fa go ntse jalo, barutwa ba kgalemela batho bao, gongwe e le ka gonne ba sa batle gore ba tshwenye Jesu. Fa Jesu a bona seno o a galefa a bo a ba raya a re: “Tlogelang bana ba bannye bano ba tle kwa go nna; lo se ka lwa leka go ba thibela, ka gonne Bogosi Jwa Modimo ke jwa ba ba ntseng jalo. Ammaaruri ke a lo bolelela, ope fela yo o sa amogeleng Bogosi Jwa Modimo jaaka ngwana yo monnye yo o amogelang dilo tse a di newang, ga a kitla a tsena mo go jone gotlhelele.”—Mareko 10:14, 15; Luke 18:15.
Ruri eno ke thuto e e molemo! Fa re batla go amogela Bogosi Jwa Modimo, re tshwanetse go nna boikokobetso le go rutega jaaka bana ba bannye. Jesu o bontsha gore o rata bana bano ka go ba kuka le go ba segofatsa. Mme gone o rata batho botlhe ba ba ‘amogelang Bogosi Jwa Modimo jaaka ngwana yo monnye.’—Luke 18:17.