Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo

Bala buka eno mme o utlwe ka ditiragalo tse di mo Baebeleng tse di neng tsa direga mo botshelong jwa ga Jesu.

MATSENO

Tsela, Boammaaruri le Botshelo

Dithuto le ditiro tsa ga Jesu tse di mo Diefangeleng, di ka fetola botshelo jwa gago.

KGAOLO 1

Melaetsa e Mebedi e e Tswang Kwa Modimong

Moengele Gabariele o Isa melaetsa e go neng go le thata go e dumela.

KGAOLO 2

Jesu o a Tlotlwa Pele ga a Tsholwa

Elisabetha le ngwana wa gagwe yo o iseng a tsholwe ba tlotla Jesu jang?

KGAOLO 3

Mongwe yo o Tla Baakanyang Tsela o a Tsholwa

Fela fa Sekarea a sena go kgona go bua ka kgakgamatso, o ile a bua boporofeti jwa botlhokwa.

KGAOLO 4

Marea o Imile Mme ga a Nyalwa

A Josefa o dumela se Marea a se buang fa a re ga a imisiwa ke monna yo mongwe mme moya o o boitshepo ke one o dirileng gore a ime?

KGAOLO 5

Jesu o Tsholetswe Kae Mme o Tshotswe Leng?

Re itse jang gore Jesu ga a tsholwa ka December 25?

KGAOLO 6

Ngwana yo o Neng a Solofeditswe

Fa Josefa le Marea ba isa Jesu kwa tempeleng a sa ntse a le losea, Baiseraele ba ba tsofetseng ba le babedi ba porofeta ka se Jesu a tla se dirang mo nakong e e tlang.

KGAOLO 7

Balepadinaledi ba Etela Jesu

Goreng naledi e ba e boneng kwa Botlhaba e sa ba isa pele kwa go Jesu, mme e ba isitse kwa go Kgosi Herode?

KGAOLO 8

Ba Tshaba Mmusi yo o Bosula

Boporofeti jwa Baebele jo bo ka ga Mesia bo diragala mo go Jesu e sa ntse e le ngwana.

KGAOLO 9

O Golela Kwa Nasaretha

Jesu o na le bomonnawe ba le kae?

KGAOLO 10

Ba Lelapa la Gaabo Jesu ba ya Jerusalema

Josefa le Marea ba tshwenyega fela thata fa ba sa bone Jesu, mme ene o gakgamadiwa ke go bo ba ne ba sa itse kwa ba ka mmonang teng.

KGAOLO 11

Johane Mokolobetsi o Baakanya Tsela

Fa Bafarasai bangwe le Basadukae ba tla kwa go ene, o a ba kgala. Goreng?

KGAOLO 12

Jesu o a Kolobediwa

Goreng Jesu a ne a kolobediwa mme a se na boleo?

KGAOLO 13

Ithute Mo go Se Jesu a Ileng a se Dira fa a Raelwa

Tsela e Diabolo a neng a raela Jesu ka yone e bontsha dintlha tse pedi ka ene.

KGAOLO 14

Jesu o Simolola go Dira Barutwa

Ke eng se se neng sa dira gore barutwa ba ga Jesu ba le barataro ba dumele gore ba bone Mesia?

KGAOLO 15

Jesu o Dira Kgakgamatso ya Gagwe ya Ntlha

Jesu o bontsha mmaagwe gore jaanong ga a tlhole a kaelwa ke ene, mme o kaelwa ke Rraagwe yo o kwa legodimong.

KGAOLO 16

Jesu o Rata Kobamelo ya Boammaaruri

Molao wa Modimo o ne o letlelela batho go reka diphologolo kwa Jerusalema gore ba ntshe ditlhabelo, ka jalo, goreng Jesu a ile a galefela bagwebi kwa tempeleng?

KGAOLO 17

Jesu o Ruta Nikodemo Bosigo

Go “tsholwa gape” go kaya eng?

KGAOLO 18

Jesu o a Oketsega Mme Johane o a Fokotsega

Barutwa ba ga Johane Mokolobetsi ba a ba fufegela, mme Johane ene ga a fufege.

KGAOLO 19

O Ruta Mosadi wa Mosamarea

Jesu o mmolelela sengwe se go bonalang a ise a se bolelele batho ba bangwe.

KGAOLO 20

Jesu o Dira Kgakgamatso ya Bobedi Kwa Kana

Jesu o fodisa ngwana wa modiredimogolo a le bokgala jwa dikilometara di ka nna 26 go tswa kwa go ene.

KGAOLO 21

Mo Sinagogeng Kwa Nasaretha

Jesu o bua eng se se dirang gore batho ba motse wa gaabo ba batle go mmolaya?

KGAOLO 22

Barutwa ba Banê ba Tla Nna Batshwari ba Batho

Jesu o laletsa barutwa ba le banê go tlogela tiro ya bone ya go tshwara ditlhapi mme ba nne batshwari ba batho.

KGAOLO 23

Jesu o Dira Ditiro Tse Dikgolo Kwa Kaperenama

Fa Jesu a leleka madimona mo bathong, ga a a letle gore a bolelele batho gore ke Morwa Modimo. Goreng?

KGAOLO 24

Jesu o Rera mo Kgaolong ya Galalea

Batho ba ba lwalang ba ya ka go Jesu gore a ba fodise, le fa go ntse jalo, Jesu o tlhalosa lebaka le legolo la go bo a tlile mo lefatsheng.

KGAOLO 25

Jesu o Tlhomogela Molepero Pelo A bo A mo Fodisa

Mafoko a Jesu a ileng a a bua a bontsha gore o kgathalela batho ba a ba fodisang.

KGAOLO 26

“O Itshwaretswe Maleo a Gago”

Jesu o bontsha jang gore boleo bo tsamaisana le bolwetse?

KGAOLO 27

Mathaio o Nna Molatedi wa ga Jesu

Goreng Jesu a ja le baleofi?

KGAOLO 28

Goreng Barutwa ba ga Jesu ba sa Itime Dijo

Jesu o dira setshwantsho sa medutwana ya beine go ba araba.

KGAOLO 29

A go Siame Gore Motho a Dire Ditiro Tse di Molemo ka Letsatsi la Sabata?

Goreng Bajuda ba bogisa Jesu ka gonne a fodisitse monna yo o feditseng dingwaga di le 38 a lwala?

KGAOLO 30

Jesu ke Morwa Modimo

Bajuda ba re Jesu o tsaya gore o lekana le Modimo, mme Jesu o bontsha sentle gore Modimo o mogolo mo go ene.

KGAOLO 31

Ba Kgetla Dijo Tsa Ditlhaka ka Sabata

Goreng Jesu a re ke “Morena wa Sabata”?

KGAOLO 32

Ke Ditiro Dife Tse di Tshwanetseng go Dirwa ka Letsatsi la Sabata?

Ka tlwaelo fela Basadukae le Bafarasai ga ba utlwane, mme gone, ba nna seoposengwe ka gonne ba dumalana ka selo se le sengwe.

KGAOLO 33

Jesu o Diragatsa Boporofeti Jwa ga Isaia

Goreng Jesu a raya batho ba a ba fodisang a re ba se ka ba bolela gore ke mang kgotsa gore o dirile eng?

KGAOLO 34

Jesu o Tlhopha Baaposetoloi ba ba Lesome le Bobedi

Moaposetoloi le morutwa ba farologana jang?

KGAOLO 35

Thero e e Itsegeng Thata ya Kwa Thabeng

Utlwa tsela e Jesu a tlhalosang dintlha tsa botlhokwa ka yone mo therong ya gagwe.

KGAOLO 36

Modiredi wa Masole o Bontsha Tumelo e Kgolo

Modiredi yono wa masole o dira eng se se gakgamatsang Jesu?

KGAOLO 37

Jesu o Tsosa Morwa wa Motlholagadi

Ba ba boneng kgakgamatso eno, ba tlhalogantse bokao jwa yone.

KGAOLO 38

Johane o Batla go Itse Gore a Jesu ke Mesia

Goreng Johane Mokolobetsi a botsa gore a Jesu ke Mesia? A Johane o na le dipelaelo?

KGAOLO 39

Ruri Kokomana E e Sa Batleng go Reetsa e Tlhomola Pelo!

Jesu a re ka Letsatsi la Katlholo, lefatshe la Sodoma le tla kgona go itshoka go gaisa Kaperenama, motse o a neng a nna kwa go one.

KGAOLO 40

Thuto ka go Itshwarela

A fa Jesu a ne a raya mosadi wa mogwebakammele a re o itshwaretswe maleo a gagwe, o ne a raya gore go siame go tlotla molao wa Modimo?

KGAOLO 41

O Tsaya Kae Maatla a go Dira Dikgakgamatso?

Bomonnawe Jesu ba akanya gore o latlhegetswe ke tlhaloganyo.

KGAOLO 42

Jesu o Kgala Bafarasai

“Sesupo sa ga moporofeti Jona” ke eng?

KGAOLO 43

Ditshwantsho Tse di Buang ka Bogosi

Jesu o dira ditshwantsho di le robedi tse di buang ka dikarolo tsa Bogosi jwa magodimo.

KGAOLO 44

Jesu o Didimatsa Setsuatsue mo Lewatleng

Fa Jesu a ne a sisibatsa phefo le makhubu a lewatle, o ne a ruta thuto ya botlhokwa malebana le gore botshelo bo tla bo ntse jang fa a setse a busa.

KGAOLO 45

O na Le Maatla a go Leleka Madimona a le Mantsi

A madimona a le mantsi a ka kgona go nna mo mothong a le mongwe?

KGAOLO 46

O a Fola fa a Kgoma Seaparo sa ga Jesu

Jesu o bontsha maatla a gagwe le bopelotlhomogi mo tiragalong eno e e tlhomolang pelo.

KGAOLO 47

Mosetsanyana o Tshela Gape!

Batho ba tshega Jesu fa a re mosetsanyana yo o suleng o robetse. Ke eng se a se itseng, se bone ba sa se itseng?

KGAOLO 48

O Dira Dikgakgamatso, Mme ga a Amogelwe Kwa Nasaretha

Batho ba kwa Nasaretha ga ba amogele Jesu ka ntlha ya lebaka lengwe, mme e seng ka ntlha ya dithuto kgotsa dikgakgamatso tsa gagwe.

KGAOLO 49

O Rera mo Galalea e Bile o Katisa Baaposetoloi

Mafoko a a reng ‘Bogosi jwa magodimo bo atametse,’ tota a kaya eng?

KGAOLO 50

Ba Ipaakanyeditse go Rera Le fa Ba Tla Bogisiwa

Goreng Jesu a bolelela baaposetoloi gore ba tshabe fa ba bogisiwa fa e le gore ga ba a tshwanela go boifa loso?

KGAOLO 51

Go Bolawa Mongwe Kwa Moletlong wa Letsatsi La Botsalo

Herode o itumelela tsela e Salome a biang ka yone a bo a mo solofetsa go mo naya sepe fela se a se batlang?

KGAOLO 52

O Fepa Batho ba le Diketekete ka Dinkgwe le Ditlhapi di le Mmalwa

Kgakgamatso eno ya ga Jesu e tlhomologile thata mo e leng gore e kwadilwe mo Diefangeleng tsotlhe tse nnê.

KGAOLO 53

Mmusi yo o Kgonang go Laola Maemo a Bosa

Baaposetoloi ba ithuta dithuto dife fa Jesu a tsamaya mo godimo ga metsi le fa a laela phefo gore e kgaotse?

KGAOLO 54

Jesu ke “Senkgwe sa Botshelo

Goreng Jesu a kgala batho mme ba tsere matsapa a go tla kwa go ene?

KGAOLO 55

Mafoko a ga Jesu a Gakgamatsa Batho ba le Bantsi

Jesu o ruta thuto nngwe e e gakgamatsang mo e leng gore bontsi jwa barutwa ba gagwe ba tlogela go tsamaya le ene.

KGAOLO 56

Ke Eng se Tota se Leswafatsang Motho?

A ke se se tsenang mo molomong kgotsa se se tswang mo molomong?

KGAOLO 57

Jesu o Fodisa Mosetsana le Monna yo o Susu

Goreng mosadi yono a sa kgopisege fa Jesu a tshwantsha batho ba setšhaba sa gabone le dintšanyana?

KGAOLO 58

O Ntsifatsa Dinkgwe, o ba Tlhagisa ka Sebediso

Labofelo barutwa ba ga Jesu ba lemoga gore o bua ka sebediso sa mofuta ofe.

KGAOLO 59

Morwa Motho ke Mang?

Dilotlolo tsa Bogosi ke eng? Di dirisiwa ke mang, mme o di dirisa jang?

KGAOLO 60

Ba Bona Keresete A le Mo Kgalalelong

Kgalalelo ya ga Jesu e ne e le eng? E ne e kaya eng?

KGAOLO 61

Jesu o Fodisa Mosimane yo o Nang le Ledimona

Jesu a re lebaka la go bo barutwa ba sa kgona go fodisa mosimane yono ke ka ntlha ya go tlhoka tumelo, mme gone ke mang yo o neng a se na tumelo? Mosimane, rraagwe kgotsa barutwa ba ga Jesu?

KGAOLO 62

Thuto ya Botlhokwa Thata ka Boikokobetso

Banna ba ba godileng ba ithuta sengwe sa botlhokwa mo ngwaneng yo monnye.

KGAOLO 63

Jesu o ba Tlhagisa ka go Kgopisa ba Bangwe Le ka Go Leofa

O tlhalosa thulaganyo e e nang le dikarolo di le tharo e bakaulengwe ba tshwanetseng go e latela fa ba rarabolola dikgang tse di masisi.

KGAOLO 64

Botlhokwa Jwa go Itshwarela

Jesu o dirisa setshwantsho sa motlhanka yo o seng kutlwelobotlhoko go bontsha gore Modimo o tsaya kgang ya go itshwarela ba bangwe e le masisi.

KGAOLO 65

O a Ruta fa a Ntse A le Mo Tseleng a ya Jerusalema

Mo metlotlong e meraro e Jesu a nnileng le yone, o kgona go bona dilo tse di ka thibelang motho go nna molatedi wa gagwe.

KGAOLO 66

O Kwa Jerusalema Kwa Moletlong wa Metlaagana

Ke eng se se ka tswang se dira gore batho ba ba reeditseng Jesu ba akanye gore o na le ledimona?

KGAOLO 67

“Ga go Na Motho Ope yo o Kileng a Bua Jaana”

Mo e ka nnang maloko otlhe a kgotlakgolo ya Bajuda ba ganetsa Jesu, mme a le mongwe mo go bone o a mmuelela.

KGAOLO 68

Morwa Modimo ke “Lesedi la Lefatshe”

Jesu o ne a re “boammaaruri bo tla lo golola.” Bo tla re golola mo go eng?

KGAOLO 69

A Rraabone ke Aborahame Kgotsa ke Diabolo?

Jesu o tlhalosa gore bana ba ga Aborahame ba ka lemogiwa jang, le gore tota Rraagwe ke mang.

KGAOLO 70

Jesu o Fodisa Monna yo o Tshotsweng a Foufetse

Barutwa ba botsa gore ke eng fa monna yono a foufetse. A o leofile? A go leofile batsadi ba gagwe? Batho ba tsiboga ka ditsela tse di sa tshwaneng fa Jesu a fodisa monna yono.

KGAOLO 71

Bafarasai ba Ngangisana le Monna yo o Neng a Foufetse

Mafoko a a utlwalang a monna yo o kileng a bo a foufetse a galefisa Bafarasai. Ba koba monna yono mo sinagogeng, e leng sone se batsadi ba gagwe ba neng ba se tshaba.

KGAOLO 72

Jesu o Romela Barutwa ba le 70 Gore Ba ye Go Rera

Fa Jesu a le kwa Judea, o romela barutwa ba le 70 gore ba ye go rera ka Bogosi ba tsamaya ka ditlhopha tsa bobedi le bobedi. Ba ya go rera kae​—⁠mo disinagogeng kgotsa kwa magaeng a batho?

KGAOLO 73

Mosamarea yo o Molemo

Jesu o dirisa jang setshwantsho sa “Mosamarea yo o molemo,” go ruta thuto ya botlhokwa?

KGAOLO 74

Dithuto ka go Amogela Baeng le go Rapela

Jesu o etetse kwa legaeng la gaabo Marea le Maratha. O ba ruta thuto efe ka go amogela baeng? Mme moragonyana o ruta barutwa ba gagwe jang go rapela?

KGAOLO 75

Jesu o Tlhalosa se se Tlisang Boitumelo

Jesu o araba baganetsi ba gagwe ka go ba bolelela ka “monwana wa Modimo” le gore ga ba lemoge gore Bogosi Jwa Modimo bo setse bo tlile. Gape o tlhalosa gore ke eng se tota se ka dirang gore batho ba itumele.

KGAOLO 76

Jesu O ja Le Mofarasai

Jesu o senola boitimokanyi jwa Bafarasai le bakwadi. Ba rwesa batho merwalo efe?

KGAOLO 77

Jesu o Naya Kgakololo ka Dikhumo

Jesu o dira setshwantsho sa monna wa mohumi yo o neng a aga mabolokelo a magolwane. Ke kgakololo efe e a e boletsang ka go batla go huma?

KGAOLO 78

Molebedi yo o Boikanyego, Nna o Ipaakantse!

Jesu o bontsha gore o kgatlhegela gore barutwa ba gagwe ba nne le tumelo e e nonofileng. Molebedi o ne a tla nna le boikarabelo bofe gore ba nne le tumelo e e nonofileng? Ke eng fa kgakololo ya go nna re disitse e le botlhokwa?

KGAOLO 79

Lebaka La go Bo Bajuda ba Tlile Go Senngwa

Jesu a re batho ba a lekang go ba thusa ba tlile go senngwa fa ba sa ikwatlhaye. A ba tla ithuta thuto ya botlhokwa e Jesu a lekang go ba ruta yone ka go amogelwa ke Modimo?

KGAOLO 80

Modisa yo o Molemo le Masaka a Dinku

Tsela e modisa a atamalaneng thata le dinku tsa gagwe ka yone, e bontsha kafa Jesu a ikutlwang ka yone ka barutwa ba gagwe. A ba tla lemoga dithuto tsa gagwe ba bo ba mo sala morago?

KGAOLO 81

Jesu o Seoposengwe le Rraagwe

Batho bangwe ba ba ganetsang Jesu ba a mo latofatsa ba re o itsaya a lekana le Modimo. O ganetsa ditatofatso tsa bone jang ka botlhale?

KGAOLO 82

Bodiredi Jwa ga Jesu Kwa Perea

Jesu o tlhalosetsa bareetsi ba gagwe gore ke eng se se tlhokegang gore motho a bolokwe. Kgakololo ya gagwe e ne e le botlhokwa ka nako eo. Go tweng ka gompieno?

KGAOLO 83

Modimo o Laletsa Bomang go Tla Dijong?

Fa Jesu a laleditswe go ya go ja kwa ntlong ya Mofarasai mongwe, o dira setshwantsho sa moletlo o mogolo wa dijo tsa maitseboa. O bua thuto nngwe ya botlhokwa e batlhanka ba Modimo botlhe ba ka ithutang yone. Ke efe?

KGAOLO 84

Go Nna Morutwa go Masisi go le Kana Kang?

Go nna morutwa wa ga Keresete ke boikarabelo jo masisi. Jesu o tlhalosa gore seo se akaretsa eng. Bangwe ba ba batlang go nna barutwa ba gagwe ba ka tswa ba gakgamadiwa ke se a se buang.

KGAOLO 85

Go Itumelela Moleofi yo o Ikwatlhayang

Bafarasai le bakwadi ba kgala Jesu ka gonne a dirisana le batho ba maemo a a kwa tlase. Jesu o ba araba ka godira ditshwantsho tse di bontshang gore Modimo o leba baleofi jang.

KGAOLO 86

Morwa yo o Neng a Latlhegile o a Boa

Re ithuta dithuto dife mo setshwantshong sa ga Jesu sa morwa yo o duleng mo tseleng?

KGAOLO 87

Bonela Dilo Kwa Pele​—⁠Bontsha Gore o Botlhale

Jesu o dira setshwantsho ka molebedi yo o leferefere go ruta thuto nngwe ya botlhokwa.

KGAOLO 88

Monna wa Mohumi le Lasaro

Gore o tlhaloganye sentshwantsho seno sa ga Jesu, o tlhoka go lemoga baanelwabagolo ba babedi ba ba leng gone.

KGAOLO 89

Jesu o Rera mo Perea Fa a Ya Kwa Judea

O gatelela nonofo e e ka re thusang go itshwarela batho ba ba re leofelang gantsintsi.

KGAOLO 90

“Tsogo le Botshelo”

Jesu o raya jang fa a re ba ba dumelang mo go ene ‘ga ba kitla a swa’?

KGAOLO 91

Lasaro o Tsosiwa Mo Baswing

Go na le dintlha tse pedi tsa konokono mo tiragalong eno, tse di dirang gore baganetsi ba ga Jesu ba thatafalelwe ke go ganela gore o dirile kgakgamatso eno.

KGAOLO 92

Molepero a le Mongwe o a Leboga

Molepero yo o fodisitsweng ga a leboge Jesu fela, mme gape o leboga mongwe.

KGAOLO 93

Morwa Motho o Tla Senolwa

Go nna gone ga ga Keresete go tla tshwana le legadima ka tsela efe?

KGAOLO 94

Thapelo le Boikokobetso di Botlhokwa Thata

Mo setshwantshong sa moatlhodi yo o sa siamang le motlholagadi, Jesu o gatelela nonofo nngwe ya botlhokwa.

KGAOLO 95

Jesu o Ruta ka Tlhalo Le ka Go Rata Bana

Jesu o leba bana ka tsela e e farologaneng le ya barutwa ba gagwe. Goreng?

KGAOLO 96

Jesu o Araba Mmusi yo Mmotlana wa Mohumi

Ke eng se se dirang gore Jesu a re go motlhofo gore kamela e tsene mo phatlheng ya nnale e e rokang go na le gore monna yo o humileng a tsene mo Bogosing Jwa Modimo?

KGAOLO 97

Setshwantsho sa Badiri ba mo Tshimong ya Morara

Ke ka tsela efe ba ntlha e nnang ba bofelo mme ba bofelo e nnang ba ntlha?

KGAOLO 98

Baaposetoloi ba Batla Maemo Gape

Jakobe le Johane ba kopa go newa maemo a a kgethegileng mo Bogosing, mme ga se bone fela.

KGAOLO 99

Jesu o Fodisa Banna ba Difofu A bo A Thusa Sakaio

Ke eng se se ka re thusang go lemoga gore dipego tse di lebegang di ganetsana tsa gore Jesu o fodisitse monna yo o foufetseng gaufi le Jeriko, tota di a dumalana?

KGAOLO 100

Setshwantsho sa Madi a Selefera a le Lesome

Jesu o ne a raya jang fa a re: “Mongwe le mongwe yo o nang le sengwe, o tla newa mo go oketsegileng, mme yo o se nang sepe, tota le se a nang le sone se tla tsewa mo go ene”?

KGAOLO 101

Jesu o ja Kwa Ntlong ya ga Simone Kwa Bethani

Kgaitsadie Lasaro e bong Marea o dira sengwe se se tsoang kgotlhang, mme Jesu o a mmuelela.

KGAOLO 102

Kgosi e Tsena mo Jerusalema e Palame Tonkana

O diragatsa boporofeti jo bo neng jwa bolelelwa pele dingwaga di le 500 pele ga foo.

KGAOLO 103

O Phepafatsa Tempele Gape

Go bonala bagwebi ba kwa Jerusalema ba dira kgwebo e e ka fa molaong, jaanong goreng Jesu a ba bitsa dinokwane?

KGAOLO 104

A Bajuda ba Tla Dumela mo Modimong?

A go na le pharolonyo fa gare ga go dumela mo go Jesu le go bontsha ka ditiro gore o dumela mo go ene?

KGAOLO 105

O Dirisa Setlhare sa Mofeige go Ruta ka Tumelo

Jesu o ruta barutwa ba gagwe gore tumelo e maatla a bo a tlhalosa lebaka la go bo Modimo a latlha setšhaba sa Iseraele.

KGAOLO 106

Ditshwantsho Tse Pedi Tsa Masimo a Morara

Bona bokao jwa setshwantsho sa monna yo o neng a kopa barwa ba gagwe gore ba ye go bereka kwa tshimong ya morara le sa mong wa tshimo ya morara yo o neng a e hirisetsa balemi ba ba bosula.

KGAOLO 107

Kgosi e Biletsa Balalediwa Kwa Moketeng wa Lenyalo

Tota setshwantsho seno sa ga Jesu ke boporofeti.

KGAOLO 108

Jesu o Kgoreletsa Leano la Baganetsi ba Gagwe

Sa ntlha, o tswala Bafarasai melomo, go bo go latela Basadukae, mme kwa bofelong o didimatsa setlhopha sa baganetsi ba gagwe ba ikopantse.

KGAOLO 109

Jesu o Kgala Baganetsi ba Gagwe

Goreng Jesu a sa amogele dithuto tsa baeteledipele ba bodumedi?

KGAOLO 110

Letsatsi la Bofelo la ga Jesu Kwa Tempeleng

O dirisa sekai sa motlholagadi wa mohumanegi go ruta thuto ya botlhokwa thata.

KGAOLO 111

Baaposetoloi ba Kopa Sesupo

Boporofeti jwa gagwe bo ne jwa diragadiwa lekgetlo la ntlha ka lekgolo la ntlha la dingwaga. A bo tla diragadiwa gape moragonyana ka tsela e kgolwane?

KGAOLO 112

Setshwantsho Sa Makgarebane a le Lesome

A Jesu o raya gore barutwa ba bange gagwe ba botlhale mme ba bangwe ba dieleele?

KGAOLO 113

Setshwantsho sa Ditalenta

Setshwantsho sa ga Jesu se tlhalosa ntlha eno: “Mongwe le mongwe yo o nang le sengwe, o tla newa mo go oketsegileng.”

KGAOLO 114

Fa Keresete a Tla, o Tla Atlhola Dinku le Dipodi

Jesu o dira setshwantsho se se kgatlhang go tlhalosa gore katlholo e e tla nnang teng mo nakong e e tlang, e tla dirwa go ikaegile ka eng.

KGAOLO 115

Tlolaganyo ya Bofelo ya ga Jesu e a Atamela

Ke eng fa kgang ya go bo baeteledipele ba bodumedi ba dumela gore Judase a ba rekisetse Jesu ka madi a selefera a le 30 e tlhomologile?

KGAOLO 116

Jesu o Tlhapisa Baaposetoloi Ba Gagwe Dinao

O gakgamatsa baaposetoloi ba gagwe ka go dira tiro e e dirwang ke motlhanka.

KGAOLO 117

Dijo Tsa Morena Tsa Maitseboa

Jesu o rulaganya segopotso sa loso lwa gagwe se balatedi ba gagwe ba tla se tshwarang ngwaga le ngwaga ka Nisane 14.

KGAOLO 118

Ba Ngangisana ka Gore ke Mang yo Mogolo

Baaposetoloi ba setse ba lebetse thuto e Jesu a ba rutileng yone pelenyana mo maitseboeng ao.

KGAOLO 119

Jesu ke Tsela le Boammaaruri le Botshelo

Jesu o ruta thuto ya botlhokwa ya go atamela Modimo.

KGAOLO 120

Barutwa ba Tshwanetse go Ungwa Maungo

Barutwa ba ga Jesu ba “ungwa maungo” ka tsela efe?

KGAOLO 121

“Nnang Pelokgale! Ke Fentse Lefatshe”

Batho ba lefatshe ba bolaile Jesu, jaanong o fentse lefatshe ka tsela efe?

KGAOLO 122

Thapelo ya Bofelo Kwa Phaposing e e Kwa Godimo

O tlhalosa gore o fitlheletse selo se se botlhokwa thata go gaisa go thusa batho go bona poloko.

KGAOLO 123

Jesu o Rapela a Hutsafetse Thata

Goreng Jesu a rapela a re: “Tlosa senwelo seno mo go nna”? A ga a batle go diragatsa seabe sa gagwe sa gore a swe mme a rekolole batho?

KGAOLO 124

Keresetse o a Rekisiwa A bo A Tshwarwa

Judase o kgona go bona Jesu le fa gone go le bosigo.

Kgaolo 125

O Isiwa Kwa go Anase, Morago Kwa go Kaiafase

Tsheko ya ga Jesu ga e ka fa molaong.

KGAOLO 126

Petere o Itatola Jesu Kwa Ntlong ya ga Kaiafase

Go tlile jang gore Petere, yo o nang le tumelo e bile a ineetse mo Modimong, a itatole Jesu?

KGAOLO 127

Ba Isa Jesu Kwa go Pilato

Baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba senola maikaelelo a bone.

KGAOLO 128

Pilato le Herode ga ba Bone Jesu Molato

Goreng Pilato a romela Jesu kwa go Herode gore a mo atlhole? A Pilato ga a na taolo ya go atlhola Jesu?

KGAOLO 129

Pilato a re: “Bonang! Ke Ene Yo!”

Pilato le ene o lemoga dinonofo tse di kgatlhang tse Jesu a di bontshang.

KGAOLO 130

Jesu o Tsenngwa mo Diatleng Tsa Baba ba Gagwe

Goreng Jesu a raya basadi ba ba hutsafetseng a re ba itelele le bana ba bone, go na le go lela ene?

KGAOLO 131

Kgosi E e Se Nang Molato e Kokotelwa mo Koteng

Jesu o solofetsa monna mongwe yo a kokotetsweng go bapa le ene sengwe sa botlhokwa thata.

KGAOLO 132

“Eleruri Monna Yono E ne E le Morwa Modimo”

Lefifi le le neng la nna gone ka kgakgamatso go le motshegare, thoromo ya lefatshe le go gagoga ga sesiro sa tempele di gatelela ntlha nngwe ya botlhokwa.

KGAOLO 133

Mmele wa ga Jesu o baakanyediwa go fitlhwa

Goreng go potlakile gore Jesu a fitlhwe pele letsatsi le phirima?

KGAOLO 134

Lebitla Ga le Na Sepe ka Gonne Jesu o a Tshela!

Fa Jesu a sena go tsosiwa mo baswing o iponatsa mo mosading mongwe yo e leng morutwa wa gagwe, e seng mo baaposetoloing ba gagwe.

KGAOLO 135

Jesu o Tsositswe, o Bonwa ke Batho ba le Bantsi

Jesu o bontsha barutwa ba gagwe jang gore o tsositswe mo baswing?

KGAOLO 136

Kwa Lotshitshing Lwa Lewatle la Galalea

Jesu o gopotsa Petere ka makgetlo a le mararo gore Petere o tshwanetse go bontsha gore eleruri o a mo rata.

KGAOLO 137

Bontsi Jwa Batho ba Bona Jesu Pele ga Pentekosete

Fa Jesu a sena go tsosiwa mme a ise a tlhatlogele kwa legodimong, o bolelela barutwa ba gagwe gangwe le gape se ba tla se amogelang le gore ba se dirise jang.

KGAOLO 138

Keresete O ka Fa Seatleng sa Modimo sa Moja

Jesu o tla bo a dira eng fa a ntse a letetse nako ya gore a tseele baba ba gagwe kgato?

KGAOLO 139

Jesu o Tlisa Paradaise, o Wetsa Kabelo ya Gagwe

O sa ntse a na le dilo tse dintsi tse a tlhokang go di dira pele ga a busetsa Bogosi kwa Modimong wa gagwe, yo e leng Rraagwe.

Etsa Jesu . . .

Jesu o ne a bontsha dinonofo di le robedi botshelo jotlhe jwa gagwe.

Kaedi ya Ditemana

Dirisa kaedi eno go bona gore ditemana tse di mo Diefangeleng di dirisitswe mo kgaolong efe ya buka eno.

Kaedi ya Ditshwantsho

Bona gore setshwantsho sengwe le sengwe se dirisitswe mo kgaolong efe mo bukeng eno.

Boporofeti Bongwe jo bo Buang ka Mesia

Amanya ditiragalo tsa botshelo jwa ga Jesu le boporofeti jwa Baebele jo bo bontshang gore ke Mesia le gore dintlha tseo di tlhaga mo kgaolong efe mo bukeng eno.

Mafelo a Jesu a Neng a Nna mo go One e Bile a Ruta mo go One

Mmapa ono o bontsha mafelo a Jesu a neng a dira bodiredi jwa gagwe mo go one.