Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 16

Jesu o Rata Kobamelo ya Boammaaruri

Jesu o Rata Kobamelo ya Boammaaruri

JOHANE 2:12-22

  • JESU O PHEPAFATSA TEMPELE

Fa Jesu a tswa lenyalong kwa Kana, o ya kwa Kaperenama. O tsamaya le mmaagwe le bomonnawe e bong Jakobe, Josefa, Simone le Judase.

Ke eng fa Jesu a ya kwa Kaperenama? Motse ono o mogolo go feta Nasaretha kgotsa Kana, e bile o na le batho ba le bantsi. Gape bontsi jwa barutwa ba Jesu a sa tswang go ba tlhopha ba nna mo motseng ono kgotsa gaufi le one. Ka jalo, Jesu a ka kgona go ba katisa sentle ba le mo motseng ono wa bone.

Fa Jesu a ntse a le mo Kaperenama, gape o dira dikgakgamatso. Ka jalo, batho ba le bantsi mo motseng ono le mo mafelong a a gaufi, ba utlwalela ka dilo tse a di dirang. Mme Jesu le barutwa ba gagwe, ba e leng banna ba ba ineetseng ba Bajuda, ba tshwanetse go ya kwa Jerusalema go ya go keteka Tlolaganyo ya 30 C.E.

Fa Jesu le barutwa ba gagwe ba le kwa tempeleng kwa Jerusalema, barutwa ba gagwe ba mmona a galefile thata ka ntlha ya se se diregang mo tempeleng.

Molao wa Modimo o laela Baiseraele go ntsha ditlhabelo ka diphologolo kwa tempeleng, e bile ba ba tlileng moletlong ba tla tlhoka dijo fa ba le koo. Ka jalo, Molao oo o letla gore batho ba ba tswang kgakala ba tla mo Jerusalema, ba tle ka madi a ba ka a dirisang go reka “dikgomo, dinku, dipodi” le dilo tse dingwe tse ba tla di tlhokang fa ba le koo. (Duteronome 14:24-26) Ka ntlha ya seo, bagwebi kwa Jerusalema ba rekisetsa diphologolo kgotsa maphoi mo lolwapeng lo logolo lwa tempele. Mme ba bangwe ba tsietsa batho ka go ba rekisetsa dilo ka tlhwatlhwa e e kwa godimo.

Fa Jesu a bona seno o a galefa, o tsholola madi a bone, o pitikolola ditafole tsa bone a bo a ba lelekela kwa ntle ga tempele. Go tswa foo o ba raya a re: “Ntshang dilo tseno fano! Tlogelang go dira ntlo ya ga Rre ntlo ya kgwebo!”—Johane 2:16.

Fa barutwa ba ga Jesu ba bona seno, ba gopola boporofeti jo bo buang ka Morwa Modimo jo bo reng: “Tsela e ke ratang ntlo ya gago ka yone e tla nna jaaka molelo mo pelong ya me.” Le fa go ntse jalo, Bajuda ba mo raya ba re: “O ka re bontsha sesupo sefe sa gore o na le tshwanelo ya go dira dilo tseno?” Jesu o ba raya a re: “Digang tempele eno, mme mo malatsing a le mararo ke tla e tsosa.”—Johane 2:17-19; Pesalema 69:9.

Bajuda ba akanya gore Jesu o bua ka tempele e e mo Jerusalema, ka jalo ba mo raya ba re: “Tempele eno e ne ya agiwa mo dingwageng di le 46, mme wena o a re o tla e tsosa mo malatsing a le mararo?” (Johane 2:20) Mme gone fa Jesu a bua ka tempele, o bua ka mmele wa gagwe. Dingwaga tse tharo moragonyana, barutwa ba gagwe ba ile ba gopola mafoko ano fa a ne a tsosiwa.