Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | A SAENSE E TSEETSE BAEBELE MAEMO?

Kafa Saense e go Amang ka Gone

Kafa Saense e go Amang ka Gone

Tlhalosi ya Medi ya Setswana ya re saense ke “dithuto le ditlhotlhomiso tsa maranyane.” Gantsi tiro eno ga e motlhofo e bile e opisa tlhogo. Go ka feta dibeke, dikgwedi kgotsa dingwaga baitsesaense ba leka go fitlhelela sengwe kgotsa ba dira diteko. Ka dinako dingwe ga ba kgone go bona tharabololo mme mo makgetlong a le mantsi ba tla ka dilo tse di solegelang batho molemo. Bona dikai di le mmalwa.

Khampani nngwe kwa Yuropa e dirisa polasetiki e e thata le disefenyana tsa polasetiki go dira sedirisiwa se se thusang motho gore a se ka a bobodisiwa ke go nwa metsi a a leswe. Didirisiwa tse di ntseng jalo di dirisitswe ka nako ya masetlapelo a tlholego, jaaka ka nako ya thoromo ya lefatshe ya kwa Haiti ka 2010.

Mo lefaufaung go na le dithulaganyo tsa disathalaete tse di bopang se go tweng ke Global Positioning System (GPS). Le fa gone GPS e ne e diretswe go thusa mo sesoleng, gape e thusa le ba ba dirisang dikoloi, bakgweetsi ba difofane, balaoladikepe, batho ba ba tsamayang mo dithabeng le batsomi go bona tsela. Re leboga baitsesaense ba ba tlhamileng GPS ka gonne e dira gore go nne motlhofo go ya gope fela kwa motho a batlang go ya gone.

A o dirisa founo, khomputara kgotsa Internet? A melemo mengwe e tokafaditse botsogo jwa gago kgotsa e go fodisitse? A o tle o palame sefofane? Fa go le jalo, o solegelwa molemo ke dingwe tsa ditsela tse saense e tokafatsang botshelo jwa batho ka tsone. Saense e amile botshelo jwa gago ka ditsela tse dintsi tse di molemo.

A SAENSE KE MAKGONATSOTLHE?

Baitsesaense ba motlha wa rona ba tsaya matsapa a go oketsa kitso ya bone ka go dira dipatlisiso tse di tseneletseng ka popo. Bomankge b a fisikisi ya nuklea ba dira dipatlisiso tse dintsi go bona gore diatomo di dira jang, fa baithutadinaledi bone ba leka go tlhaloganya gore lobopo lo simologile leng ka go leba se se diragetseng mo dingwageng di le dibilione tse di fetileng. Fa baitsesaense ba dira dipatlisiso tse di tseneletseng mo dilong tse di sa bonweng le tse di ka se tshwarweng, ba re fa e le gore Modimo yo go buiwang ka ene mo Baebeleng o teng ba tshwanetse go mmona.

Baitsesaense le baitsefilosofi bangwe ba ba itsegeng ba dira dipatlisiso tse di oketsegileng. Ba dira se mokwadi mongwe wa saense yo o bidiwang Amir D. Aczel a reng ke “go batla bosupi jwa gore Modimo o teng.” Ka sekai, moitsefisikisi yo o itsegeng thata mo lefatsheng o ne a re “e re ka go se na bosupi jwa gore Modimo o bopile lobopo, seo se bontsha sentle gore ga go na modimo.” Bangwe ba re se Modimo a se dirileng ke “masaitseweng” le “maatla a a fetang a tlholego.” *

Le fa go ntse jalo, re ka botsa jaana: A saense e kgonne go dira dipatlisiso ka sengwe le sengwe ka popo mo e ka kgonang go dira ditshwetso tse di tlhomameng? Karabo e e motlhofo ke nnyaa. Saense e gatetse pele thata, mme baitsesaense ba le bantsi ba lemoga gore go sa ntse go na le dilo di le dintsi tse di sa itsiweng gongwe e bile di tla nna e le masaitsiweng. Moitsefisikisi le mogapi wa sekgele sa Nobel e bong Steven Weinberg a re “re ka se kgone go tlhaloganya popo ka botlalo.” Molaodimogolo wa baithutadinaledi wa kwa Great Britain e bong Porofesa Martin Rees o ne a kwala jaana: “Go ka tswa go na le dilo tse batho ba ka se tsogeng ba di tlhalogantse.” Boammaaruri ke gore saense ga e kgone go tlhalosa dilo tse dintsi tsa tlhago, go tloga ka sele e nnye thata go fitlha ka lobopo lo logolo. Bona dikai tse di latelang:

  • Baithutatshelo ga ba tlhaloganye ka botlalo se se diregang mo diseleng. Saense ga e ise e itse gore disele di bona maatla jang, di ntsha diporoteine jang le gore di ikgaoganya jang.

  • Motsotswana mongwe le mongwe maatlakgogedi a ama botshelo jwa rona. Mme ke masaitseweng mo baitsefisikising. Ga ba itse sentle gore go tla jang gore maatlakgogedi a gogele motho kwa tlase fa a tlola kgotsa gore a dira jang gore ngwedi e nne e dikologa lefatshe.

  • Baithutalobopo ba re mo e ka nnang diperesente di le 95 tsa dilo tse di dirang lobopo ga di bonale e bile didirisiwa tsa saense ga di kgone go di lemoga. Ba tlhalosa seno ka ditsela tse pedi, e le dilo tse go tsewang gore di dirile gore lobopo lo nne teng mme di sa bonale gape e le maatla a a laolang se se mo lefaufaung. Dilo tseno di sa ntse di sa itsiwe.

Go na le dilo tse dingwe tse di sa itsiweng tse di tlhakanyang baitsesaense tlhogo. Goreng re tshwanetse go itse seno? Mokwadi mongwe yo o itsegeng wa saense a re: “Dilo tse re sa di itseng di feta tse re di itseng kgakala. Ke akanya gore saense e tshwanetse go re kgatlha e bo e dire gore re batle go ithuta mo go oketsegileng go na le go gana dikgopolo tse disha.”

Ka jalo, fa e le gore o ipotsa gore a saense e tseela Baebele maemo e bile e dira gore batho ba se ka ba dumela mo Modimong, akanya ka seno: Fa e le gore baitsesaense ba ba botlhale ba ba dirisang didirisiwa tse di maatla ga ba kgone go tlhaloganya popo ka botlalo, a go tla bo go utlwala gore re se ka ra dira dipatlisiso tsa sengwe se se fetang se baitsesaense ba paletsweng ke go se bona? Buka ya tshedimosetso ya Encyclopedia Britannica e bua jaana e sa potapote kwa bofelong jwa setlhogo se se buang ka hisitori le go tlhabologa ga thutodinaledi: “Morago ga go dira dipatlisiso tsa thutodinaledi ka dingwaga di ka nna 4 000, lobopo lo sa ntse lo sa tlhaloganngwe jaaka mo motlheng wa Bababelona.”

Basupi ba ga Jehofa ba tsaya gore mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go itirela tshwetso mo kgannyeng eno. Re ikemiseditse go latela kaelo eno ya Baebele: “A go nna tekatekano ga lona go itsiwe mo bathong botlhe.” (Bafilipi 4:5) Ke gone ka moo re go kgothaletsang gore o sekaseke bosupi jwa kafa Baebele le saense di dumalanang le go tshegetsana ka gone.

^ ser. 9 Dithuto tsa kereke tse di neng di rutiwa mo nakong e e fetileng le gompieno, tse di jaaka gore lobopo lo simologile mo lefatsheng kgotsa gore Modimo o bopile lefatshe mo malatsing a le marataro a diura tse 24, di dirile gore batho ba tlhokomologe Baebele.—Bona lebokose le le reng “ Dintlha Tsa Baebele Tse Saense e Dumalanang le Tsone.”