Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baebele—Tsela e e Gakgamatsang e e Falotseng ka Yone

Baebele—Tsela e e Gakgamatsang e e Falotseng ka Yone

BAEBELE ke buka e e anamisitsweng thata go gaisa tse dingwe mo hisitoring—go setse go gatisitswe dikhopi tsa yone di ka nna dibilione di le 4,8. Ka 2007 fela, go ile ga gatisiwa dikhopi tse di fetang 64 600 000. Fa re akanyetsa kgang eno, go ne ga gatisiwa dikhopi di le dimilione di le 12 fela tsa buka nngwe ya ditlhamane e e neng ya rekisiwa thata mo ngwageng oo kwa United States.

Pele Baebele e nna buka e e gatisiwang go gaisa tsotlhe mo lefatsheng, e ile ya tswelela e le gone le fa go ne ga dirwa maiteko a mantsi a go e nyeletsa. Go ralala hisitori e ne ya thibelwa ya ba ya fisiwa mme batho ba ba neng ba e ranola ba ne ba bogisiwa le go bolawa. Le fa go ntse jalo, matshosetsi a magolo a a neng a ka dira gore Baebele e se ka ya tlhola e nna gone, e ne e se go bogisiwa ga batho ba ba neng ba e dirisa mme e ne e le go senyega ga yone ka iketlo. Ka ntlha yang?

Baebele e na le dibukana di le 66, mme tsa ntlha tsa tsone di kwadilwe ke maloko a setšhaba sa Iseraele dingwaga di feta 3 000 tse di fetileng. Bakwadi ba ntlhantlha le ba ba neng ba kwalolola mekwalo ba ne ba kwala melaetsa e e tlhotlheleditsweng mo dilong tse di senyegang tse di jaaka papirase le letlalo. Ga go ise go bonwe mekwalo epe ya ntlhantlha. Le fa go ntse jalo, go ne ga bonwa dikhopi di le diketekete tsa bogologolo tsa dikarolo tse dinnye le tse dikgolo tsa dibuka tsa Baebele. Nngwe ya dikhopi tsa dibuka tseno, e leng Efangele ya ga Johane, ke ya masome a le mmalwa a dingwaga morago ga gore moaposetoloi yono a e kwale.

“Mokwalo wa Baebele ya Sehebera [Tesetamente e Kgologolo] o kwalolotswe ka nepo, mme ga o tshwane le dibuka tsa bogologolo tsa Segerika le Selatine.”—Porofesa Julio Trebolle Barrera

Ke eng fa go gakgamatsa go bo dikhopi tsotlhe tsa Baebele di sa ntse di le gone? A molaetsa o o mo Dibaebeleng tsa gompieno o tshwana le o o neng o kwadilwe ke bakwadi ba ntlhantlha?

Go Diragetse Eng ka Mekwalo e Mengwe ya Bogologolo?

Go a gakgamatsa go bo Baebele e sa ntse e le gone fa re akanya gore go diragetse eng ka mekwalo ya ditšhaba tse di neng di tshela mo motlheng wa Baiseraele. Ka sekai, Bafonekia e ne e le baagelani ba Baiseraele mo mileniamong wa ntlha wa B.C.E. Bagwebi bano ba mo lewatleng ba ne ba anamisa mokgwa wa bone wa go kwala ka dialefabete mo nageng ya Mediterranean. Gape ba ne ba bona madi ka go dira kgwebo ka papirase le Egepeto le Gerika. Le fa go le jalo, makasine wa National Geographic o ne wa re ka Bafonekia: “Mekwalo ya bone, e segolobogolo e neng e kwadilwe mo papiraseng e ne ya phimoga—mo e leng gore re utlwa ka bone fela mo dipegong tse di feteleditsweng tse di tswang mo babeng ba bone. Le fa go begwa gore Bafonekia ba ne ba na le dibuka di le dintsi tse di botlhokwa, di ne tsa nyelela bogologolo tala.”

Go tweng ka mekwalo ya Baegepeto ba bogologolo? Mokgwa wa bone wa go kwala ka go dira ditshwantsho kgotsa go penta ditshwantsho mo maboteng a tempele le gongwe le gongwe o itsege thata. Gape Baegepeto ba itsege ka go dira gore papirase e nne selo sa go kwalela. Le fa go ntse jalo, Moithuti wa Dilo Tsa Bogologolo Tsa Egepeto e bong K. A. Kitchen o ne a bua jaana ka dipego tsa Baegepeto tse di neng di kwadilwe mo papiraseng: “Go fopholediwa gore diperesente di ka nna 99 tsa dilo tsotlhe tse di kwadilweng mo papiraseng go tloga ka ngwaga wa 3000 go fitlha  ka nako ya go simologa ga puso ya Bagerika le Baroma di nyeletse tsotlhe fela.”

Go diragetse eng ka dipego tsa Baroma tse di neng di kwadilwe mo papiraseng? Ela tlhoko sekai seno. Go ya ka buka ya Roman Military Records on Papyrus go lebega masole a Roma a ne a duelwa gararo ka ngwaga mme rekoto ya dituelo tsa bone e ne e kwalwa mo papiraseng. Go fopholediwa gore mo dingwageng di le 300 go simolola ka nako ya puso ya ga Augustus (27 B.C.E.–14 C.E.) go fitlha ka ya ga Diocletian (284-305 C.E.) go ne go na le direkoto tsa go duela batho di le 225 000 000. Go setse di le kae? Go setse tse pedi fela tse mokwalo wa tsone o bonalang sentle.

Ke ka ntlha yang fa go setse ditlankana tsa bogologolo di le mmalwa jaana tsa papirase? Dilo tse go kwalelwang mo go tsone tse di jaaka papirase le tse dingwe tse di tlwaelegileng jaaka matlalo di senyega ka bonako fa di le mo tikologong e e bongola. The Anchor Bible Dictionary ya re: “Ka ntlha ya tlelaemete, ditlankana tsa papirase tsa nako eo [mileniamo wa ntlha B.C.E.] di ne di ka tswelela di le gone fela fa di le mo lefelong le le sireletsegileng, mo sekakeng kgotsa mo legageng.”

Go Tweng ka Mekwalo ya Baebele?

Go bonala sentle gore dibuka tsa ntlhantlha tsa Baebele di ne di kwadilwe mo dilong tse di senyegang ka bonako tse di tshwanang le tse di neng di dirisiwa ke Bafonekia, Baegepeto le Baroma. Ka jalo, ke ka ntlha yang fa mokwalo wa Baebele o ile wa tswelela o le gone mme wa feleletsa o kwadilwe mo bukeng e e gatisitsweng go gaisa mo lefatsheng? Porofesa James L. Kugel o re naya lebaka la seo. A re mekwalo ya ntlhantlha e kwalolotswe “makgetlo a le mantsi, tota le ka nako e bakwadi ba Baebele ba neng ba tshela ka yone.”

Dithanolo tsa gompieno tsa Baebele di tshwana jang le mekwalo ya bogologolo ya seatla? Porofesa Julio Trebolle Barrera, yo e leng leloko la setlhopha sa baitseanape ba ba neng ba ithuta le go gatisa mekwalo ya seatla ya bogologolo e e itsegeng e le Memeno ya Lewatle le le Suleng, o ne a re: “Mokwalo wa Baebele ya Sehebera o kwalolotswe ka nepo, mme ga o tshwane le dibuka tsa bogologolo tsa Segerika le Selatine.” Moithuti mongwe yo o tlotlegang wa Baebele e bong F. F. Bruce a re: “Go na le bosupi bo le bontsi jo bo tshegetsang mekwalo ya Tesetamente e Ntšha go na le jo bo tshegetsang mekwalo e mentsi ya bakwadi ba bogologolo ba go se nang ope yo o kileng a belaela gore mekwalo ya bone e boammaaruri.” O tswelela ka go re: “Fa Tesetamente e Ntšha e ne e le nngwe ya dibuka tsa lefatshe, ga go pelaelo gore baitseanape ba le bantsi ba ne ba tla dumela gore e boammaaruri.” Eleruri Baebele ke buka e e gakgamatsang. A o ipha nako ya go e bala letsatsi le letsatsi?—1 Petere 1:24, 25.

Go sa ntse go na le dikhopi di ka nna 6 000 tse di kwadilweng ka seatla tsa Dikwalo Tsa Sehebera kgotsa Tesetamente e Kgologolo le dikhopi di ka nna 5 000 tsa Dikwalo Tsa Segerika kgotsa Tesetamente e Ntšha