Thuto ya Maaka 3: Batho Botlhe ba ba Siameng ba ya Kwa Legodimong

Thuto ya Maaka 3: Batho Botlhe ba ba Siameng ba ya Kwa Legodimong

Thuto eno e simologile kae?

Fa baaposetoloi ba ga Jesu ba sena go swa, mo tshimologong ya lekgolo la bobedi la dingwaga C.E., Borara ba Kereke ba ne ba nna le maemo a a rileng. Fa New Catholic Encyclopedia (2003), Bolumo 6, tsebe 687 e tlhalosa dithuto tsa bone ya re: “Thuto e e neng e aname e ne e le gore fa motho a swa moya wa gagwe o tswa mo nameng mme o a itshekisiwa o bo o ya kwa legodimong.”

Baebele yone ya reng?

“Go itumela ba ba bonolo, e re ka ba tla rua lefatshe.”Mathaio 5:5.

Le fa Jesu a ne a solofetsa barutwa ba gagwe gore o tla ba “baakanyetsa lefelo” kwa legodimong, o ne a sa reye gore batho botlhe ba ba siameng ba tla ya kwa legodimong. (Johane 3:13; 14:2, 3) A o ne a se ka a rapelela gore thato ya Modimo e diragale “le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong”? (Mathaio 6:9, 10) Boammaaruri ke gore batho ba ba siameng ba tla nna mo lefatsheng mme ba bangwe ba tla nna kwa legodimong. Palo e nnye ya bone e tla busa le Keresete kwa legodimong, mme ba le bantsi ba bone ba tla tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng.—Tshenolo 5:10.

Fa nako e ntse e tsamaya, kereke ya bogologolo e ne ya fetola tsela e e lebang ka yone seabe sa yone mo lefatsheng. Seo se ne sa felela ka eng? The New Encyclopædia Britannica ya re: “Kereke e e neng e tlhomilwe e ne ya emisetsa Bogosi jwa Modimo jo bo solofeditsweng.” Kereke e ne ya simolola go nonotsha taolo ya yone ka go nna le seabe mo dipolotiking, e itlhokomolosa mafoko a a utlwalang sentle a ga Jesu a gore balatedi ba gagwe “ga ba karolo ya lefatshe.” (Johane 15:19; 17:14-16; 18:36) Ka ntlha ya tlhotlheletso ya Mmusimogolo wa Moroma e bong Constantine, kereke e ne ya tlogela dilo tse e neng e di dumela, tse nngwe ya tsone e akaretsang gore Modimo o teng.

Bapisa le ditemana tseno tsa Baebele: Pesalema 37:10, 11, 29; Johane 17:3; 2 Timotheo 2:11, 12

BOAMMAARURI:

Batho ba le bantsi ba ba siameng ba tla tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng—e seng kwa legodimong