Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Tlhoka go Ithuta Sehebera le Segerika?

A o Tlhoka go Ithuta Sehebera le Segerika?

 A o Tlhoka go Ithuta Sehebera le Segerika?

KWA tshimologong bontsi jwa dikarolo tsa Baebele di ne di kwadilwe ka dipuo tse pedi fela e leng ka Sehebera le Segerika. * Bakwadi ba ba neng ba kwala ka dipuo tseo ba ne ba dira jalo ba kaelwa ke moya o o boitshepo wa Modimo. (2 Samuele 23:2) Ka jalo, molaetsa o ba o kwadilweng o ka tlhalosiwa o “tlhotlheleditswe ke Modimo.”—2 Timotheo 3:16, 17.

Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba ba balang Baebele gompieno ga ba tlhaloganye Sehebera kgotsa Segerika. Go na le moo, ba tshwanetse go dirisa thanolo ya Baebele e e kwadilweng ka puo ya bone. Gongwe le wena o tshwanetse go dira se se tshwanang. E re ka dithanolo tseno tsa Dibaebele di sa iphake gore di tlhotlheleditswe, o ka nna wa ipotsa jaana, ‘A nka tlhaloganya molaetsa wa Baebele ka botlalo le fa ke dirisa Baebele e e ranotsweng kgotsa a ke tshwanetse go ithuta Sehebera le Segerika?’

Dintlha Tse o Tshwanetseng go di Akanyetsa

Pele o araba potso eo, o tshwanetse go akanya ka dintlha di le mmalwa. Sa ntlha, go nna le kitso ya Sehebera kgotsa Segerika sa bogologolo ka bogone fela ga go dire gore motho a kgone go tlhaloganya molaetsa wa Baebele. Fa Jesu a ne a bua le Bajuda ba motlha wa gagwe o ne a re: “Lo hukutsa Dikwalo, ka gonne lo akanya gore ka tsone lo tla nna le botshelo jo bo sa khutleng; mme tseno ke tsone tota tse di nayang bosupi ka ga me. Mme le fa go ntse jalo ga lo batle go tla mo go nna gore lo tle lo nne le botshelo.” (Johane 5:39, 40) Bothata jwa bone e ne e le eng? A e ne e le gore ba ne ba sa tlhaloganye Sehebera? Nnyaa, ba ne ba se itse sentle. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a tswelela ka go re: “Ke itse sentle gore ga lo na lorato lwa Modimo mo go lona.”—Johane 5:42.

Ka tsela e e tshwanang, moaposetoloi Paulo o ne a raya Bakeresete ba ba buang Segerika ba motse wa bogologolo wa Korintha a re: “Bajuda ba kopa ditshupo le Bagerika ba batla botlhale; mme rona re rera Keresete yo o bapotsweng, mo Bajudeng ke selo se se kgopang mme mo ditšhabeng ke boeleele.” (1 Bakorintha 1:22, 23) Ka jalo, ga go pelaelo gore go bua fela Sehebera kgotsa Segerika e ne e se sone selo sa konokono gore motho a amogele molaetsa o o mo Lefokong la Modimo.

 Lebaka la bobedi ke gore le fa batho bangwe gompieno ba bua Sehebera kgotsa Segerika sa segompieno, dipuo tseno di farologane thata le Sehebera le Segerika tse di neng di dirisiwa fa go kwalwa Baebele. Gompieno batho ba le bantsi ba ba buang Segerika ba go fitlhela go le boima go tlhaloganya sentle Baebele e e kwadilweng ka Segerika sa bogologolo. Seno ke ka gonne go tsentswe mafoko a masha mo puong eo a a emiseditsweng ke a bogologolo mme mafoko a le mantsi a bogologolo a a sa ntseng a le gone a na le bokao jo bo farologaneng. Ka sekai, lefoko le le ranotsweng e le “montle” mo go Ditiro 7:20 le Bahebera 11:23 le kaya “gakgamatsa” ka Segerika sa segompieno. Mo godimo ga moo, go dirilwe diphetogo tse dikgolo mo thutapuong le mo tseleng e mafoko a rulagantsweng ka yone mo puong eno.

Tota le fa o ne o ka ithuta Sehebera sa segompieno kgotsa Segerika sa segompieno, go ne go se kitla go raya gore o tla tlhaloganya Baebele ka tsela e e utlwalang sentle ka dipuo tsa yone tsa ntlhantlha. O ne o sa ntse o tla tlhoka go dirisa didikishinare le dibuka tsa thutapuo go go bontsha kafa dipuo tseno di neng di buiwa ka gone fa dibuka tsa Baebele di ne di kwalwa la ntlha.

Lebaka la boraro ke gore go ithuta puo e ntšha e ka nna tiro e e boima. Le fa kwa tshimologong go ka nna motlhofo go ithuta dipolelwana di le mmalwa ka puo e sele, go ka tsaya dingwaga di le dintsi o ithuta ka natla pele o ka kgona go tlhaloganya tsela e mafoko a puo eo a buiwang kgotsa a farologanang ka yone. Ka jalo, polelo eno ya bogologolo e boammaaruri, Go nna le kitso e potlana ke selo se se kotsi. Ka tsela efe?

Bokao Jwa Lefoko ke Eng?

A mongwe yo o ithutang puo ya gago o kile a go botsa gore lefoko le le rileng le kaya eng? Fa go le jalo, o itse gore ga se ka dinako tsotlhe go leng motlhofo go araba. Ka ntlha yang? Ka gonne lefoko le ka kaya dilo di le mmalwa. O ka ne o ile wa kopa motho yoo gore a go direle sekai a dirisa lefoko leo mo seeleng. Fa lefoko leo le ne le sa dirisiwa mo seeleng, go ne go ka nna boima gore o itse gore le kaya eng. Ka sekai, o ka nna wa bodiwa gore lefoko la Setswana le le reng “tshela” le kaya eng? Lefoko leno le ka nna le bokao jo bo farologaneng go ikaegile ka gore go buiwa ka eng. Le ka raya go ralala sengwe jaaka metsi kgotsa molelwane kgotsa go tsenya sengwe mo go se sengwe. Mo kgannyeng e nngwe le ka kaya botshelo. Ke lefoko lefe le le nang le bokao jo bo siameng?

Dikishinare e ka go naya ditlhaloso tsotlhe tse di kaiwang ke lefoko le le rileng. Tota e bile didikishinare dingwe di thathamisa bokao jwa lefoko leno go ya kafa le dirisiwang ka gone. Mme se go buiwang ka sone ke sone se se ka go thusang go itse bokao jwa lefoko leo. Ka sekai: A re re o na le kitso e potlana ka dilo tsa kalafi mme o batla go bona gore bothata jo o nang le jone bo bakiwa ke eng. O ka leba dikishinare ya tsa kalafi. E ka nna ya tlhalosa gore mo diperesenteng di le 90 matshwao a o nang le one a kaya bolwetse jo bo rileng mme mo diperesenteng di le lesome a kaya sengwe se se farologaneng gotlhelele. O tla tshwanelwa ke go nna le kitso e e oketsegileng pele o ka bona gore o tshwerwe ke eng. Ka tsela e e tshwanang, fa mo diperesenteng di le 90 lefoko le le rileng le kaya selo sengwe, seo ga se thuse fa e le gore o bala molaetsa o o botlhokwa o mo go one lefoko leo le nang le bokao jo bongwe. O tshwanetse go itse se go buiwang ka sone pele o ka tlhaloganya lefoko leo.

Fa o ithuta mafoko a a mo Baebeleng, gape o tshwanetse go itse se go buiwang ka sone mo kgannyeng e lefoko leo le tlhagang mo go yone. Ka sekai, lefoko la ntlhantlha le gantsi le ranolwang e le “moya” le ka nna le bokao jo bo sa tshwaneng, go ikaegile ka se go buiwang ka sone. Ka dinako dingwe, le ka ranolwa e le “phefo.” (Ekesodo 10:13; Johane 3:8) Mo dilong tse dingwe tse go buiwang ka tsone le ka kaya maatla a botshelo a a mo dibopiweng tsotlhe tse di tshelang, mo bathong le mo diphologolong. (Genesise 7:22; Pesalema 104:29;  Jakobe 2:26) Dibopiwa tse di sa bonaleng tsa kwa legodimong le tsone di tlhalosiwa e le meya. (1 Dikgosi 22:21, 22; Mathaio 8:16) Maatla a a dirang a Modimo a bidiwa moya o o boitshepo. (Genesise 1:2; Mathaio 12:28) Lefoko leo le dirisiwa go kaya maatla a a dirang gore motho a bontshe boikutlo jo bo rileng, tshekamelo le boikutlo jo bo laolang mogopolo jo setlhopha sa batho bo se bontshang.—Joshua 2:11; Bagalatia 6:18.

Le fa dikishinare ya Sehebera kgotsa ya Segerika e ka thathamisa bokao jo bo farologaneng jwa lefoko leno, go itse se go buiwang ka sone go tla go thusa go itse bokao jwa lone jo bo tshwanetseng. * Seno se boammaaruri e ka ne o bala Baebele ka dipuo tsa ntlhantlha kgotsa o dirisa thanolo e e kwadilweng ka puo ya gago.

A go Phoso go Dirisa Thanolo e e Rileng?

Bangwe ba ile ba leka ka natla go ithuta Sehebera sa Baebele kgotsa Segerika sa Baebele kgotsa go ithuta dipuo tseo ka bobedi. Tota le fa ba lemoga gore ga ba kgone go tlhaloganya, ba itumelela go bala Baebele ka dipuo tsa yone tsa ntlhantlha e bile ba tsaya gore maiteko otlhe a bone a ne a le botlhokwa. Le fa go ntse jalo, fa o sa kgone go dira jalo, a o tshwanetse go kgobega marapo le go tlogela go batla boammaaruri jwa Baebele? Nnyaa, le e seng! Go na le mabaka a le mmalwa a go bo o sa tshwanela go dira jalo.

Sa ntlha, go botlhokwa go dirisa thanolo ya Baebele. Tota e bile, bakwadi ba Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika kgotsa Tesetamente e Ntšha, gantsi ba dirisa thanolo ya Segerika fa ba nopola Dikwalo Tsa Sehebera. * (Pesalema 40:6; Bahebera 10:5, 6) Le fa ba ne ba bua Sehebera e bile ba ka ne ba nopotse mo Dikwalong tsa ntlhantlha tsa Sehebera, ga go pelaelo  gore ba ne ba rata go dirisa thanolo ya ditemana tseo, e batho ba ba neng ba ba e kwalela ba neng ba na le yone.—Genesise 12:3; Bagalatia 3:8.

Sa bobedi, tota le fa motho a ka tlhaloganya dipuo tse Baebele e kwadilweng ka tsone, a ka kgona go bala mafoko a ga Jesu fela fa a ranotswe. Seno ke ka gonne se Jesu a se buileng la ntlhantlha ka puo ya Sehebera, bakwadi ba Efangele ba ne ba se kwala ka Segerika. * Motho ope yo o tsayang gore go kgona go bala mafoko a batlhanka ba ga Jehofa ba bogologolo ka dipuo tsa bone tsa ntlhantlha go bontsha gore o na le botlhale bongwe jo bo kgethegileng, o tshwanetse go akanya gore seo se kayang. Lebaka la go bo Jehofa a tlhotlheleditse gore mafoko a Motlhanka wa gagwe yo mogolo a bolokwe fa a sena go ranolwa—ka puo e e neng e tlhaloganngwa ke batho ba le bantsi mo motlheng oo—le bontsha gore ga go botlhokwa gore re bala Baebele ka puo efe. Se se botlhokwa ke gore re bala molaetsa wa yone o o tlhotlheleditsweng ka puo e re ka o tlhaloganyang ka yone le go o dirisa.

Sa boraro, “dikgang tse di molemo” tse di mo Baebeleng di ne di tshwanetse go bolelelwa batho ba ba ikokobeditseng ba ‘setšhaba sengwe le sengwe le lotso le teme le batho.’ (Tshenolo 14:6; Luke 10:21; 1 Bakorintha 1:27-29) Go dumalana le seno, batho ba le bantsi gompieno ba ka ithuta boikaelelo jwa Modimo mo Baebeleng e e kwadilweng ka puo ya bone kwa ntle ga gore ba ithute puo e nngwe. Dithanolo tse di farologaneng di gone ka dipuo di le dintsi, mme seno se dira gore mmadi a tlhophe gore o batla go dirisa thanolo efe. *

Ka jalo o ka tlhomamisa jang gore o tlhaloganya boammaaruri jo bo mo Baebeleng? Basupi ba ga Jehofa ba lemogile gore go ithuta Baebele le go akanyetsa se go buiwang ka sone, ke tsela e e molemo ya go tlhaloganya molaetsa o o mo Lefokong la Modimo. Ka sekai, ba tlhopha setlhogo se se rileng se se jaaka se se buang ka “Lenyalo,” ba bo ba leba ditemana tse di buang ka kgang eo. Ka tsela eo, ba dira gore karolo e nngwe ya Baebele e tlhalose se karolo e nngwe e se kayang. Ke eng fa o sa dumele go ithuta Baebele mahala le Basupi ba ga Jehofa? Le fa o ka tswa o bua puo efe, Modimo o eletsa gore “batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.”—1 Timotheo 2:4; Tshenolo 7:9.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 2 Dikarolo dingwe tsa Baebele di ne di kwadilwe ka Searamaika, puo e e tshwanang thata le Sehebera sa Baebele. Dikai tsa tsone di mo go Esera 4:8 go ya go 6:18 le 7:12-26, Jeremia 10:11 le Daniele 2:4b go ya go 7:28.

^ ser. 14 Re tshwanetse go lemoga gore didikishinare dingwe le dibukantswe tsa mafoko a Baebele di na le lenaane fela la kafa lefoko le ranotsweng ka gone mo thanolong e e rileng ya Baebele go na le go tlhalosa bokao jwa lefoko, jaaka go dirilwe mo King James Version.

^ ser. 17 Mo motlheng wa ga Jesu Keresete le baaposetoloi ba gagwe, dibuka tsotlhe tsa Dikwalo Tsa Sehebera di ne di ka balwa ka Segerika. Thanolo eno e ne ya bidiwa Septuagint mme e ne ya dirisiwa thata ke Bajuda ba ba buang Segerika. Bontsi jwa mafoko a a nopotsweng ka tlhamalalo mo Dikwalong Tsa Sehebera a a fitlhelwang mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika a tswa mo Septuagint.

^ ser. 18 Go dumelwa gore Efangele ya Mathaio e ne e kwadilwe la ntlhantlha ke moaposetoloi Mathaio ka Sehebera. Le fa go ntse jalo, se se bolokilweng go fitlha gompieno ke thanolo ya Segerika ya ntlhantlha, gongwe e e kwadilweng ke Mathaio ka boene.

^ ser. 19 Go bona tshedimosetso e e kaga dithanolo tse di farologaneng le kafa o ka tlhophang thanolo e e boammaaruri ka gone, bona setlhogo se se reng “O ka Tlhopha Jang Thanolo e e Botoka ya Baebele?” mo makasineng o o tshwanang le ono wa May 1, 2008.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 22]

Septuagint

Bajuda ba ba buang Segerika ba mo motlheng wa ga Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba dirisa Septuagint ya Segerika thata. Eno ke thanolo ya Dikwalo Tsa Sehebera e e ranoletsweng mo Segerikeng. Septuagint ga e botlhokwa fela ka gonne e ne e le yone ya ntlha go ranolela Dikwalo Tse di Boitshepo mo puong e nngwe mme gape e a kgatlha ka gonne e ne e le tiro e kgolo go e ranola. Setlhopha sa baranodi se ne sa simolola go ranola Septuagint mo lekgolong la boraro la dingwaga B.C.E., mme tiro eo e ile ya felelediwa ke ba bangwe morago ga dingwaga di feta lekgolo.

Bakeresete ba bogologolo ba ne ba dirisa Septuagint ka tsela e e molemo go supa gore Jesu e ne e le Keresete, Mesia yo o solofeditsweng. Ba ne ba dira jalo ka tsela e e molemo mo e leng gore batho bangwe ba ne ba simolola go leba Septuagint e le thanolo ya “Bokeresete.” Seno se ne sa feleletsa se dirile gore Bajuda ba se ka ba e rata le gore go gatisiwe dithanolo tse disha di le mmalwa ka Segerika. Nngwe ya dithanolo tseo e ne ya gatisiwa ke mosokologi wa Mojuda e bong Aquila mo lekgolong la bobedi la dingwaga C.E. Mokanoki mongwe wa Baebele o tlhalosa thanolo eno e le “thanolo e e neng e sa lebelelwa.” Leina la Modimo e bong Jehofa le le emelwang ka ditlhaka tsa bogologolo tsa Sehebera le tlhaga mo thanolong yotlhe ya ga Aquila ya Segerika.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Israel Antiquities Authority

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Go botlhokwa gore re bale molaetsa o o tlhotlheleditsweng wa Baebele ka puo e re ka o tlhaloganyang ka yone le go o dirisa