Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 Ditsela Tsa go Bona Boitumelo mo Lelapeng

Fa Molekane wa Gago A na Le Bolwetse jo bo Tlhokang Gore a Tlhokomelwe

Fa Molekane wa Gago A na Le Bolwetse jo bo Tlhokang Gore a Tlhokomelwe

Fa e sa le dingaka di lemoga gore ke na le bolwetse jwa letsapa le le tseneletseng la mmele [Chronic Fatigue Syndrome], monna wa me o ne a tshwanelwa ke go bereka tiro ya boitshediso a le nosi. Mme ga a ke a bua le nna ka dikoloto tsa rona. Ke eng fa a sa mpolelele ka tsone? Ke akanya gore re tshwanetse ra bo re na le mathata a madi mme o tshaba go mpolelela ka gonne a itse gore ke tla tshwenyega thata fa nka itse ka gone.—Nancy. *

LENYALO e ka nna kgwetlho, mme fa molekane yo mongwe a na le bolwetse jo bo sa foleng mme yo mongwe ene a sa lwale, seo se ka baka mathata a mantsi. * A o tlhokomela molekane yo o nang le bolwetse jo bo tlhokang gore a tlhokomelwe? Fa go le jalo, a o tle o ipotse dingwe tsa dipotso tseno: ‘Ke tla dira eng fa bolwetse jwa molekane wa me bo etegela pele? Ke tla apaya, ke phepafatse le go dira tiro ya boitshediso lobaka lo lokae ke ntse ke tlhokometse molekane wa me? Ke eng fa ke ikutlwa ke le molato go bo ke sa lwale?’

Molekane yo o lwalang ene a ka nna a ipotsa jaana: ‘Nka dira jang gore ke se ka ka inyatsa fa ke sa kgone go dira maikarabelo a me? A molekane wa me o a ntenegela ka go bo ke lwala? A seo se raya gore re ka se tlhole re itumela?’

Ka maswabi, manyalo mangwe a thubegile ka ntlha ya mathata a a bakiwang ke go bo molekane yo mongwe a na le bolwetse jo bo sa foleng. Le fa go ntse jalo, seno ga se reye gore lenyalo la gago le lone le ka se atlege.

Banyalani ba bantsi ba ile ba kgona go itshoka le go atlega le fa molekane yo mongwe a na le bolwetse jo bo sa foleng. Ka sekai, akanya ka Yoshiaki le Kazuko. Yoshiaki o ne a gobala mo mokwatleng, mme seo sa dira gore a se tlhole a kgona go dira sepe a sa thusiwe. Kazuko o tlhalosa jaana: “Monna wa me o tlhoka go thusiwa ka sengwe le sengwe. Ka ntlha ya seo ke opelwa ke molala, magetla le matsogo mme ke alafiwa kwa bookelong jwa marapo. Gantsi ke ikutlwa ke imelwa ke go mo tlhokomela.” Le fa Kazuko a lebana le kgwetlho eno o tswelela ka go re: “Kamano ya rona e nonofile le go feta.”

Ka jalo, ke eng se se tla dirang gore lo itumele le fa maemo a le jalo? Batho ba ba nnang ba kgotsofetse mo manyalong a bone ba tsaya go lwala ga molekane yo mongwe go sa ame ene fela mme go ba ama ka bobedi. Tota e bile, fa molekane yo mongwe a lwala, boobabedi ba amega ka ditsela tse di  farologaneng. Tsela e monna le mosadi ba ikaegang ka molekane wa bone wa lenyalo ka yone e tlhalosiwa jaana mo go Genesise 2:24: “Ke gone ka moo monna o tla tlogelang rraagwe le mmaagwe mme o tla ngaparela mosadi wa gagwe mme ba tla nna nama e le nngwe.” Ka jalo, fa molekane yo mongwe a na le bolwetse jo bo sa foleng, go botlhokwa gore monna le mosadi ba dirisane mmogo go lebana le kgwetlho eo.

Mo godimo ga moo, dipatlisiso di senola gore fa banyalani ba na le kamano e e molemo fa yo mongwe a na le bolwetse jo bo sa foleng, seo se dira gore ba amogele maemo a ba leng mo go one e bile ba kgone go bona ditsela tse di nang le matswela tsa go a itshokela. Ditsela tse bangwe ba bone ba di dirisitseng go itshokela mathata ao di dumalana le kgakololo ya Baebele e e sa felelweng ke nako. Ela tlhoko dikakantsho tseno tse tharo.

Akanyetsanang

Moreri 4:9 ya re: “Ba babedi ba botoka go na le a le mongwe.” Ka ntlha yang? Ka gonne temana 10 ya re “fa a le mongwe wa bone a ka wa, yo mongwe o ka kgona go tsosa molekane wa gagwe.” A o ‘tsosa molekane wa gago’ ka tsela e e bontshang gore o a mo anaanela?

A lo batla ditsela tse lo ka thusanang ka tsone? Yong yo mosadi wa gagwe a suleng mhama a re: “Ke leka gore ke akanyetse mosadi wa me ka dinako tsotlhe. Fa ke tshwerwe ke lenyora, ke akanyetsa gore le ene a ka tswa a nyorilwe. Fa ke batla go tswela kwa ntle gore ke bone tikologo e ntle, ke mmotsa gore a a ka se rate go tsamaya le nna. Re utlwa botlhoko re le babedi e bile re itshokela boemo jono mmogo.”

Kafa letlhakoreng le lengwe, fa o tlhokomelwa ke molekane wa gago, a go na le dilo dingwe tse o ka di itirelang ntle le gore o tsenye botsogo jwa gago mo kotsing? Fa e le gore go jalo, seno se ka dira gore o se ka wa inyatsa mme se ka thusa molekane wa gago gore a tswelele a go tlhokomela.

Go na le gore o tseye gore o itse tsela e e molemo ya go bontsha gore o akanyetsa molekane wa gago, ke eng fa o sa mmotse gore a ka rata gore o dire eng? Nancy yo go builweng ka ene kwa tshimologong, kgabagare o ne a bolelela monna wa gagwe kafa a tshwenyegileng ka gone ka go bo a sa itse maemo a lelapa a tsa madi. Gone jaanong monna wa gagwe o leka ka natla gore a buisane le ene ka kgang eno.

LEKA SENO: Kwala lenaane la dilo tse o akanyang gore molekane wa gago a ka di dira go tokafatsa boemo jwa lona, mme o mo kope gore le ene a dire se se tshwanang. Morago ga moo, mo neye lenaane la gago le ene a go neye la gagwe. Mongwe le mongwe wa lona o tshwanetse go tlhopha kakantsho e le nngwe kgotsa di le pedi tse a ka kgonang go di dira.

Nnang le Thulaganyo e e Tlhomameng

Kgosi e e botlhale Solomone o ne a kwala jaana: “Sengwe le sengwe se na le nako e se e tlhometsweng.” (Moreri 3:1) Le fa go ntse jalo, go ka lebega go sa kgonege go nna le thulaganyo e e tlhomameng fa o bona kafa bolwetse jo bo sa foleng bo ka amang ka gone ditiro tsa letsatsi le letsatsi tsa lelapa. O ka dira eng gore o nne tekatekano?

Bobedi jwa lona lo ka ipha nako ya go dira dilo tse dingwe go na le go nnela go akanya ka bolwetse. A lo sa ntse lo ka itumelela go dira dilo dingwe tse lo neng lo di dira mmogo pele molekane yo mongwe a lwala? Fa go sa nna jalo, ke dilo dife tse disha tse lo ka lekang go di dira? E ka nna sengwe se se seng thata se se jaaka go balelana kgotsa se e ka nnang kgwetlho jaaka go ithuta puo e sele. Go dira dilo tse bolwetse bo sa lo thibeleng go di dira mmogo go tla nonotsha kamano ya lona lo le “nama e le nngwe”—le go oketsa boitumelo jwa lona.

Gore lo dire dilo ka tekatekano mo botshelong, a lo ka dira dilo tse lo di ratang mmogo?

Selo se sengwe se se tla lo thusang gore lo nne tekatekano ke go itsalanya le batho ba bangwe. Baebele e bolela jaana mo go Diane 18:1: “Yo o itlhaolang o tla batla tlhologelelo ya gagwe ya bopelotshetlha; o tla nna kgatlhanong le botlhale jotlhe jo bo mosola.” A o lemogile mo temaneng eno gore go itlhaola go ka ama mogopolo ka tsela e e sa siamang? Go farologana le seo, go fetsa nako o na le batho ba bangwe go ka dira gore o ikutlwe botoka le go go thusa go akanya sentle. Ke eng fa o sa simolole go laletsa mongwe gore a go etele?

Ka dinako tse dingwe, go nna thata gore molekane yo o tlhokomelang yo mongwe a nne tekatekano. Ba bangwe ba dira tiro e ntsi thata, fa nako e ntse e tsamaya ba a lapa mme seo se felela ka gore botsogo jwa bone bo nne mo kotsing.  Kgabagare seo se ka felela ka gore ba se tlhole ba kgona go tlhokomela balekane ba bone ba ba ba ratang. Fa e le gore o tlhokomela molekane yo o nang le bolwetse jo bo sa foleng, o se ka wa itlhokomolosa dilo tse o di tlhokang. Beela nako kwa thoko ya gore o itapolose. * Bangwe ba fitlhetse go thusa gore nako le nako ba bue le tsala e ba e ikanyang ya bong jo bo tshwanang le jwa bone ka dilo tse di ba tshwenyang.

LEKA SENO: Kwala mo pampiring dingwe tsa dikgoreletsi tse o lebanang le tsone fa o ntse o tlhokometse molekane wa gago. Go tswa foo dira lenaane la dilo tse o ka di dirang go fenya dikgoreletsi tseo kgotsa go di itshokela. Go na le go akanya thata ka tsone, ipotse jaana, ‘Ke tsela efe e e motlhofo le e e siameng ya go tokafatsa boemo jono?’

Leka go Leba Dilo ka Tsela e e Siameng

Baebele e tlhagisa jaana: “O se ka wa re: ‘Ke ka ntlha yang fa malatsi a pele a nnile botoka go na le ano?’” (Moreri 7:10) Ka jalo, tila go nnela go akanya gore botshelo bo ka bo bo ntse jang fa molekane yo mongwe a ka bo a sa lwale. Gakologelwa gore mo lefatsheng leno ga se ka metlha batho ba nnang ba itumetse. Selo sa botlhokwa ke go amogela boemo jwa gago le go dira gore o bo itumelele.

Ke eng se se ka thusang wena le molekane wa gago mo maemong ano? Tlotlang mmogo ka masego a lo nnileng le one. Itumelele diphetogo tse dinnye tse o nnang le tsone mo botsogong jwa gago. Batlang dilo tse lo ka itumelelang go di dira mme lo ipeele mekgele e lo ka e fitlhelelang mmogo.

Banyalani bangwe e bong Shoji le Akiko ba dirisitse kgakololo e e fa godimo mme ba nnile le matswela a a molemo. Morago ga gore Akiko a tshwarwe ke bolwetse jo bo dirang gore motho a nne le ditlhabi le letsapa le le tseneletseng (fibromyalgia) ba ne ba tshwanelwa ke go tlogela kabelo ya tirelo ya Bokeresete ya nako e e tletseng. A ba ne ba kgobega marapo? Gone mme ke ga tlholego gore motho a ikutlwe jalo. Le fa go ntse jalo, Shoji o gakolola mongwe le mongwe yo o mo boemong jo bo tshwanang le jwa gagwe jaana: “O se ka wa ikgoba marapo ka go akanya ka dilo tse o sa tlholeng o kgona go di dira. Leba dilo ka tsela e e siameng. Le fa lo solofela gore letsatsi lengwe dilo di tla boa di nne jaaka di ne di ntse kwa tshimologong, tlhomang mogopolo mo boemong jo lo lebaneng le jone gone jaanong. Mo go nna, seno se kaya gore ke tlhome mogopolo mo mosading wa me le go mo thusa.” Kgakololo eno e e mosola e ka go thusa fa molekane wa gago a na le bolwetse jo bo sa foleng.

^ ser. 3 Maina mangwe a fetotswe.

^ ser. 4 Setlhogo seno se bua ka maemo a mo go one molekane wa lenyalo a nang le bolwetse jo bo sa foleng. Le fa go ntse jalo, banyalani ba ba lebaneng le mathata ka gonne molekane yo mongwe a ile a amega mo kotsing kgotsa a na le mathata a maikutlo a a jaaka go tshwenyega thata mo maikutlong le bone ba ka thusiwa ke go dirisa kgakololo e e mo setlhogong seno.

^ ser. 20 Go ikaegile ka maemo a gago, go ka nna molemo gore o akanyetse go batla mongwe wa batho ba ba dirang tiro ya go tlhokomela balwetse mo tikologong ya lona fa ba le teng, gore ka dinako dingwe a nne a go thusa.

IPOTSE JAANA . . .

Ke eng se nna le molekane wa me re tlhokang go se dira thata gone jaanong?

  • Go bua thata ka bolwetse

  • Go se bue thata ka bolwetse

  • Go se tshwenyege thata

  • Go akanyetsana

  • Go dira dilo dingwe re le mmogo tse di ka dirang gore re se ka ra akanya thata ka bolwetse

  • Go itsalanya le batho ba bangwe

  • Go ipeela mekgele e re e kgatlhegelang ka bobedi