Dikgang Tse di Molemo ka Dipuo di le 500
Dikgang Tse di Molemo ka Dipuo di le 500
KA NAKO ya ntwa ya selegae kwa Rwanda, setlhopha se sennye sa baranodi se ne sa tshaba kwa magaeng a bone, ba tlogela dithoto tsa bone. Le fa go ntse jalo, ba ne ba kgona go tsaya dikhomputara tsa bone tsa laptop, tse ba neng ba ya ka tsone kwa dikampeng tsa batshabi. Ka ntlha yang? E le gore ba kgone go tswelela ba ranola dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng ka puo ya Se-Kinyarwanda.
Lekgarebe lengwe la kwa Borwabotlhaba jwa Asia le bereka mo khomputareng ya lone go fitlha bosigogare, le fa le na le letsapa le le tseneletseng le itshokela mogote le go tima ga motlakase mo go kgoreletsang tiro ya lone ya go ranola. Mokgele wa lone ke ofe? Ke gore le fetse tiro ya lone pele ga nako e e beilweng ya go gatisa.
Baranodi bano ke bangwe ba baithaopi ba le 2 300 ba ba berekang mo mafelong a a fetang 190 mo lefatsheng lotlhe. Dingwaga tsa bone di magareng ga 20 go ya go 90 mme ba bereka ka natla gore batho ba gomodiwe ke molaetsa wa Baebele ka dipuo di le 500.—Tshenolo 7:9.
Go Fitlhelela Batho ba ba Buang Dipuo Tse Dingwe
Mo dingwageng tsa bosheng, tiro ya go ranola ya Basupi ba ga Jehofa e oketsegile ka selekanyo se segolo. Ka sekai, ka 1985, Tora ya Tebelo e ne ya gatisiwa ka nako e le nngwe ka dipuo di le 23—tiro e kgolo e e neng ya fitlhelelwa ka nako eo. Gompieno, Tora ya Tebelo e gatisiwa ka dipuo di le 176 ka nako e le nngwe gore babadi mo lefatsheng lotlhe ba kgone go ithuta tshedimosetso e e tshwanang ka nako e le nngwe.
Tora ya Tebelo ke one fela makasine o o gatisiwang ka metlha ka dipuo di ka nna 50. Ka ntlha yang? Dikhampani tse di gatisang ga di rate go gatisa dikgatiso ka dipuo tsa lefelo la tsone. Mme Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba thusa ka dilo tsa bone gore Lefoko la Modimo le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng di nne gone gongwe le gongwe kwa go nang le tlhokego gone.—2 Bakorintha 8:14.
Batho ba anaanela molaetsa wa Baebele fela thata fa ba o utlwa ka puo ya bone. Ka sekai, bosheng jaana dikgatiso tsa Baebele di ile tsa gatisiwa ka puo ya Se-Miskito, e leng puo e e buiwang ke batho ba ka nna 200 000 kwa Nicaragua. Mosadi mongwe o ne a kopa Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela * ka Se-Miskito mme moruti o ne a le teng fa a ne a e tlisediwa. Fa moruti a bona buka eno e ntle, le ene o ne a e batla. Mosadi yono o ne a gana go mo e naya, le fa moruti a ne a re o tla mo naya dikilogerama di le 20 tsa dinawa tsa kofi fa a ka mo naya buka eo!
Mo dingwageng di le lesome tse di fetileng, 1 Bakorintha 3:5-7.
dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng di ile tsa ranolwa ka dipuo di feta lesomepedi tsa kwa Mexico, go akaretsa Se-Maya, Se-Nahuatl le Se-Tzotzil. Mo dingwageng tse di kafa tlase ga lesome, diphuthego tsa dipuo tse di buiwang mo nageng eo le tsa puo ya diatla tsa Basupi ba ga Jehofa di ne tsa oketsega go tloga go 72 go feta 1 200. Basupi ba ga Jehofa ba jala molaetsa wa Baebele mo dipelong tsa batho mme ba tlogelela Modimo gore e nne ene a godisang dipeo tsa boammaaruri.—Thanolo ya Baebele ya Segompieno ka Dipuo di le 80
Mo dingwageng tsa bosheng, Basupi ba ga Jehofa ba dirile ka natla go gatisa Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo e feletse kgotsa e sa felela ka dipuo di le 80. Seo se ne sa ama batho jang? Mosupi mongwe wa mo Afrika Borwa o ne a bua jaana ka Baebele ya Setswana: “Ruri ke sedirisiwa se se molemo. E tla nthusa go tlhaloganya le go anaanela Lefoko la Modimo fela thata. Puo e e dirisitsweng e balega motlhofo e bile go a itumedisa go e bala.” Mmadi mongwe wa Setsonga kwa Mozambique o ne a re: “Fela jaaka go ntse ka dikgatiso tse dingwe tse di theilweng mo Baebeleng, go tlhoka Baebele go ne go tshwana le go duma ga maru le dikgadima mme pula e sa ne! Le fa go ntse jalo, pula e ne ya na fa go ne go gololwa Thanolo ya Lefatshe le Lesha ka Setsonga.”
Batho ba ba ranolang le go anamisa dikgang tse di molemo tse di mo Baebeleng ba diragatsa boporofeti jwa bogologolo ka tsela e e tlhomologileng. Jesu Keresete ka boene o ne a re: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.”—Mathaio 24:14.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 8 E e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.
[Kerafa mo go tsebe 25]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
THANOLO YA LEFATSHE LE LESHA
E gone e feletse kgotsa e sa felela
1950 1*
1970 7*
1990 13*
2000 36*
2010 80*
DIKGATISO TSE DINGWE
1950 88*
1960 125*
1970 165*
1980 190*
1990 200*
2010 500*
*PALO YA DIPUO
[Ditshwantsho mo go tsebe 24, 25]
Baithaopi ba ka nna 2 300 ba ranola dikgatiso tsa Baebele ka dipuo di le 500
BENIN
SLOVENIA
ETHIOPIA
BORITANE