Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Basupi ba ga Jehofa ke Baporotesetanta?

A Basupi ba ga Jehofa ke Baporotesetanta?

 Babadi ba a Botsa

A Basupi ba ga Jehofa ke Baporotesetanta?

Basupi ba ga Jehofa ga ba itseye e le Baporosetanta. Ka ntlha yang?

Boporotesetanta bo simologile mo lekgolong la bo16 la dingwaga kwa Yuropa mme maiteko a jone e ne e le go fetola Kereke ya Roma Katoliki. Lefoko “Porotesetanta” le ne la dirisiwa lekgetlo la ntlha mo balateding ba ga Martin Luther kwa kokoanong ya Diet kwa Speyer ka 1529. Ka jalo, fa e sa le go tloga ka nako eo, gantsi lefoko leo le dirisiwa go tlhalosa batho botlhe ba ba ikobelang melaometheo le boikaelelo jwa go fetola Kereke ya Katoliki. Kgatiso ya bo11 ya Merriam-Webster’s Collegiate Dictionary, ya re Moporotesetanta ke “leloko la kereke le fa e ka nna efe e e sa dumalaneng le gore mopapa o laola lefatshe lotlhe e bile e ikobela dithuto tse di simologileng ka nako ya fa go ne go fetolwa Kereke ya Katoliki tse di jaaka gore motho o amogelwa ke Modimo fela fa a na le tumelo, gore badumedi botlhe ke baruti le gore Baebele ke yone fela e e rutang boammaaruri.”

Le fa Basupi ba ga Jehofa ba sa dumele gore mopapa o na le taolo mo lefatsheng lotlhe e bile ba dumela ka pelo yotlhe gore Baebele e botlhokwa thata, ba farologana le madumedi a Porotesetanta ka ditsela tse dintsi thata. Tota e bile, The Encyclopedia of Religion ya re Basupi ba ga Jehofa ba “farologane.” Ela tlhoko ditsela di le tharo tse ba farologaneng ka tsone.

Sa ntlha, le fa bodumedi jwa Boporotesetanta bo sa dumalane le dithuto dingwe tsa kereke ya Katoliki, baeteledipele ba jone ba sa ntse ba ruta dithuto dingwe tsa Katoliki, tse di jaaka thuto ya gore go na le medimo e le meraro mo go a le mongwe, molelo wa dihele le gore moya ga o swe. Le fa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore dithuto tseo ga di ganetsane fela le Baebele mme gape di dira gore batho ba nne le pono e e sa siamang ka Modimo.—Bona tsebe 4-7 mo makasineng ono.

Sa bobedi, bodumedi jwa Basupi ba ga Jehofa ga bo ganetsane le madumedi a mangwe go na le moo bo ruta batho go dira se se siameng. Ba tsaya tsia kgakololo eno ya Baebele: “Motlhanka wa Morena ga a tshwanela go tsenelela mo dikganetsanong, go na le moo o tshwanetse go nna bonolo mo bathong botlhe, e le morutisi yo o molemo e bile a le pelotelele. O tshwanetse go nna bonolo fa a gakolola ba ba ganetsang se a se buang.” (2 Timotheo 2:24, 25, The Jerusalem Bible) Basupi ba ga Jehofa ba senola pharologanyo gareng ga se Baebele e se rutang le se ditlhopha di le dintsi tsa bodumedi di se rutang. Le fa go ntse jalo, fa ba dira jalo ga se gore ba batla go fetola mekgatlho e mengwe ya bodumedi. Go na le moo, maikaelelo a bone ke go thusa batho ba ba peloephepa go nna le kitso e e boammaaruri ka Modimo le ka Lefoko la gagwe e leng Baebele. (Bakolosa 1:9, 10) Fa batho ba ditumelo tse dingwe ba nnela go ganetsana le bone, Basupi ba ga Jehofa ga ba nne le seabe mo dikganetsanong tseo tse di se nang mosola.—2 Timotheo 2:23.

Sa boraro, go farologana le Kereke ya Porotesetanta, e e kgaoganeng ka ditumelo di le makgolokgolo, Basupi ba ga Jehofa bone ba nna ba le seoposengwe e le bakaulengwe mo lefatsheng lotlhe. Mo kgannyeng ya dithuto tsa Baebele, Basupi ba ga Jehofa ba ba mo dinageng di feta 230 ba latela kgakololo ya ga Paulo ya gore ba “bue ka tumalano.” Ga go na dikgaogano mo go bone. Go na le moo, ba “seoposengwe ka tsela e e tshwanetseng mo mogopolong o le mongwe fela le mo tseleng e le nngwe fela ya go akanya.” (1 Bakorintha 1:10) Botlhe ba leka ka natla go “boloka bongwefela jwa moya mo sebofong se se kopanyang sa kagiso.”—Baefeso 4:3.