Baebele e Fetola Matshelo a Batho

Baebele e Fetola Matshelo a Batho

Baebele e Fetola Matshelo a Batho

Ke ka ntlha yang fa monna yo o neng a rata thata dithuthuthu, diokobatsi le metshameko a ne a tlhopha go nna modiredi wa nako e e tletseng? Ke eng se se neng sa tlhotlheletsa monna yo o neng a itshedisa ka go betšha go tlogela mokgwa ono le go tlhokomela lelapa la gagwe ka go nna le tiro e e tlotlegang? Ke eng se se neng sa dira gore lekgarebe lengwe le le godisitsweng e le Mosupi wa ga Jehofa mme la tlogela go tshela go ya ka melao ya Baebele gore le fetole tsela e le neng le tshela ka yone? Ela tlhoko se batho bano ba neng ba se bua.

DINTLHA KA GA GAGWE

LEINA: TERRENCE J. O’BRIEN

DINGWAGA: 57

NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: AUSTRALIA

BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: O NE A DIRISA DIOKOBATSI E BILE A RATA DITHUTHUTHU

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE: Ke goletse kwa motseng o o tlhanaselang wa Brisbane e leng motsemogolo wa Queensland. Ba lelapa la gaetsho e ne e le Bakatoliki mme fa ke sena go nna le dingwaga di le robedi, re ne ra kgaotsa go ya kwa kerekeng le go tlhola re bua ka bodumedi. Fa ke ne ke na le dingwaga di le lesome, lelapa la rona le ne la fudugela kwa Gold Coast kwa Australia. Re ne re nna gaufi le lotshitshi lwa lewatle mme ke feditse dingwaga tsa me tsa bosha ke thuma le go sesa le makhubu.

Tota le fa go ntse jalo, tsela e ke godileng ka yone e ne e sa itumedise. Rre o ne a tlogela lelapa la gaetsho fa ke ne ke na le dingwaga di le robedi. Mmè o ne a nyalwa gape mme mo lelapeng la rona go ne go nowa bojalwa thata e bile go nna go omanngwa. Bosigo bongwe, fa batsadi ba me ba sena go omanyana thata, ke ne ke ntse mo bolaong jwa me ke ikana gore fa nka nyala, nka se omane le mosadi wa me. Le fa go ne go na le mathata mo lapeng, lelapa la rona—la bana ba le barataro, mmè le rre yo o neng a nyala mmè—le ne la nna le atamalane.

Fa ke tloga ke wetsa dingwaga tsa bolesome, bontsi jwa ditsala tsa me di ne di tsuologela taolo. Ba ne ba goga matekwane, motsoko le diokobatsi tse dingwe mme ba ne ba nwa bojalwa go feta tekanyo. Le nna ke ne ke tshela botshelo jo bo tshwanang le jwa ditsala tsa me jwa go se kgathale. Gape ke ne ke rata go palama dithuthuthu. Tota le fa ke ile ka tlhagelwa ke dikotsi di le mmalwa tse di masisi, ke ne ka tswelela ke rata dithuthuthu ka bo ka swetsa gore ke ralale Australia ka sethuthuthu sa me.

Le fa ke ne ke na le kgololesego e ntsi, gantsi ke ne ke ikutlwa ke tshwenyegile thata mo maikutlong fa ke akanya ka boemo jwa lefatshe le kafa batho ba le bantsi ba sa amegeng ka gone ka mathata a batho. Ke ne ke tlhologeletswe go itse boammaaruri ka Modimo, bodumedi le maemo a lefatshe. Mme fa ke ne ke botsa baruti ba babedi ba Katoliki dipotso tseo, ke ne ka swabisiwa ke dikarabo tsa bone. Ke ne ka tlotla ka dilo tse di tshwanang le baruti ba le mmalwa ba Porosetanta mme dikarabo tsa bone le tsone di ne tsa ntshwabisa. Morago ga moo tsala ya me e ne ya rulaganya gore ke kopane le Eddie, mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka tlotla le ene ka makgetlo a le manè mme nako le nako o ne a dirisa Baebele go araba dipotso tsa me. Fa ke tlotla le ene ka lekgetlo la ntlha, ke ne ka lemoga gore ke bone sengwe se se kgethegileng. Le fa go ntse jalo, ka nako eo, ke ne ke sa bone go tlhokega gore ke fetole tsela e ke neng ke tshela ka yone.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA TENG: Fa ke ne ke tsere loeto go ya kwa Australia, ke ne ka tlotla le Mosupi yo mongwe yo ke neng ka kopana le ene mo tseleng. Mme fa ke boela kwa Queensland, ga ke a ka ka kopana le Basupi ka dikgwedi di le thataro.

Letsatsi lengwe fa ke ne ke le mo tseleng ke boela gae ke tswa tirong, ke ne ka bona banna ba babedi ba ba apareng sentle ba tshwere dikgetsana tsa dibuka ba tsamaya mo mmileng, mme ke ne ka akanya gore ke Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka ba atamela go tlhomamisa gore a e ne e le bone mme ka ba kopa gore ba ithute Baebele le nna. Ke ne ka simolola go nna teng kwa dipokanong tsa Basupi le go ya kwa kopanong e kgolo e e neng e tshwaretswe kwa Sydney ka 1973. Le fa go ntse jalo, fa ba lelapa la gaetsho—segolobogolo mmè—ba lemoga se ke neng ke se dira, ba ne ba tshwenyega fela thata. Ka ntlha ya seno le mabaka a mangwe, ke ne ka tlogela go kopanela le Basupi. Ke ne ka fetsa ngwaga otlhe ke tshwaregile ka selo se sengwe se ke neng ke se rata thata, go tshameka kerikete.

Le fa go ntse jalo, kgabagare ke ne ka lemoga gore nako e ke neng ke ikutlwa ke itumetse thata e ne e le fa ke ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka ikgolaganya le bone gape mme ka simolola go ya kwa dipokanong. Gape ke ne ka kgaotsa go tsalana le ditsala tsa me tse di dirisang diokobatsi.

Selo se se neng sa ntlhotlheletsa go dira diphetogo tseno e ne e le se ke se ithutileng ka monna mongwe yo go buiwang ka ene mo Baebeleng e bong Jobe. Bill, e bong Mosupi mongwe yo o godileng le yo o pelonomi mme a nitame o ne a tlotla ka Baebele le nna ka metlha. Fa re sena go ithuta ka pego ya ga Jobe, Bill o ne a mpotsa gore ke mang gape yo Satane a mo latofatsang ka gore ga a direle Jehofa ka peloyotlhe. (Jobe 2:3-5) Ke ne ka umaka batho botlhe ba ke ba itseng ba go buiwang ka bone mo Baebeleng mme Bill o ne a araba jaana a le pelotelele, “Ke boammaaruri, le bone.” Morago ga moo o ne a nteba mo matlhong a bo a re, “Satane o bua se se tshwanang le ka wena!” Ke ne ke gakgametse. Pele ga thuto eo, ke ne ke itse gore dithuto tse ke neng ke di ithuta di ne di le boammaaruri. Mme gone jaanong ke tlhaloganya lebaka la go bo ke tshwanetse go dirisa se ke se ithutang. Dikgwedi di le nnè moragonyana ke ne ka kolobediwa go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE: Ke a tshoga fa ke akanya gore botshelo jwa me bo ka bo bo ne bo ntse jang fa ke ne ke sa ithuta go tshela go ya ka melao ya Baebele. Gongwe nka bo ke sule. Ditsala tsa me tsa pele tse dintsi di sule ka ntlha ya diokobatsi kgotsa bojalwa. Gape ba ne ba le mo manyalong a a sa itumelang. Ke akanya gore botshelo jwa me bo ka bo bo ntse jalo.

Gone jaanong ke nyetse, mme nna le mosadi wa me e bong Margaret re itumelela go direla mo ofising ya lekala la Basupi ba ga Jehofa kwa Australia. Ga go ope wa ba lelapa la gaetsho yo o obamelang Jehofa le nna. Le fa go ntse jalo, fa dingwaga di ntse di feta, nna le Margaret re ne ra itumelela go ithuta Baebele le batho ba le mmalwa le banyalani ba ba neng ba fetola tsela e ba tshelang ka yone fela jaaka le nna ke ile ka dira. Fa re ntse re dira tiro eno, re ne ra nna le ditsala di le dintsi tse di molemo. Mo godimo ga moo, Margaret, yo o godisitsweng e le Mosupi, o nthusitse go boloka maikano a ke a dirileng dingwaga di ka nna 40 tse di fetileng. Re sa ntse re le mo lenyalong le le itumetseng ka dingwaga di feta 25. Ga re dumalane ka sengwe le sengwe mme go fitlha ga jaana ga re ise re omane. Re akanya gore re thusitswe ke Baebele.

DINTLHA KA GA GAGWE

LEINA: MASAHIRO OKABAYASHI

DINGWAGA: 39

NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: JAPANE

BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: O NE A RATA GO BETŠHA

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE: Ke godiseditswe kwa Iwakura, lefelo le lennye le motho a ka tsayang sephatlo sa ura fa a ya kwa go lone ka terena go tswa kwa Nagoya. Ke gakologelwa rre le mmè e le batho ba ba botsalano. Moragonyana ke ne ka lemoga gore rre e ne e le le-yakuza kgotsa leloko la segongwana mme ka lobakanyana o ne a tlhokomela lelapa la gaetsho la maloko a le matlhano ka go tsietsa. O ne a nwa bobe letsatsi le letsatsi mme fa ke ne ke na le dingwaga di le 20, o ne a swa ka ntlha ya bolwetse jwa sebete.

Rre o ne a tswa kwa Korea, ka jalo gantsi ba lelapa la rona ba ne ba tlhaolwa ke batho ba mo motseng. Kgang eno le mathata a mangwe di ne tsa dira gore ke se ka ka itumelela dingwaga tsa me tsa bosha. Ke ne ka ikwadisa mo sekolong se segolwane mme ke ne ke ya ka sewelo kwa go sone mme ka se tlogela morago ga ngwaga. E re ka ke kile ka tshwarwa e bile ke ne ke le ngwana wa Mokorea go ne ga nna boima gore ke bone tiro. Kgabagare, ke ne ka bona tiro mme ka gobala mangole, ka ntlha ya seo ka se tlhole ke kgona go dira tiro e e boima.

Ke ne ka itshedisa ka go tshameka pachinko, mofuta mongwe wa go betšha o dirisa sedirisiwa sengwe se se tshwanang le motšhine wa pinball. Ka nako eo, ke ne ke nna le mosetsana mongwe yo o neng a batla gore ke bone tiro e e kafa molaong mme ke mo nyale. Mme ke ne ke dira madi a mantsi ka go betšha e bile ke ne ke sa batle go tlogela tsela e ke tshelang ka yone.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA TENG: Letsatsi lengwe, mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a tla kwa legaeng la rona mme a ntlogelela buka ya Life—How Did It Get Here? By Evolution or by Creation? Ke ne ke ise ke tsamaye ke ipotse potso eno. Le fa go ntse jalo, fa ke sena go bala buka eo, ke ne ka dumela go ithuta mo go oketsegileng ka Baebele. Ke ne ke tlhola ke ipotsa gore go direga eng fa motho a swa. Dikarabo tse di utlwalang sentle tsa Baebele ka kgang eno le ka dilo tse dingwe di ne tsa dira gore ke ikutlwe jaaka e kete makape a ole mo matlhong a me.

Ke ne ka bona go tlhokega gore ke dirise se ke neng ke se ithuta mo Baebeleng. Ka jalo ke ne ka kwadisa lenyalo la me, ka tlogela go goga, ka beola moriri o moleele o ke neng ke o fetotse mmala le go fetola tsela e ke lebegang ka yone. Gape ke ne ka tlogela go betšha.

Go ne go se motlhofo go dira diphetogo tseno. Ka sekai, ke ne nka se kgone ka bonna fela go tlogela go goga motsoko. Ke ne ka kgona go o tlogela ka go rapela Jehofa Modimo ka tlhoafalo le go ikaega ka ene. Gape, tiro e ke neng ka e bona fa ke sena go tlogela pachinko e ne ya dira gore dilo di se nne motlhofo. Ke ne ke amogela halofo ya madi a ke neng ke a bona fa ke betšha mme tiro eo e ne e le boima e bile e dira gore ke ikutlwe ke gateletswe maikutlo. Temana nngwe ya Baebele e e neng ya nthusa ka nako eo ke Bafilipi 4:6, 7. Ya re: “Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.” Ka makgetlo a le mantsi ke ne ka bona gore tsholofetso eno e ne e le boammaaruri.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE: Fa ke ne ke simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, mosadi wa me o ne a sa itumela. Mme fa a bona diphetogo tse dikgolo tse ke neng ke di dira, o ne a kopanela le nna mo go ithuteng le go simolola go ya le nna kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa. Gone jaanong nna le ene re Basupi ba ga Jehofa. Go a itumedisa go direla Modimo mmogo!

Pele ga ke ithuta Baebele, ke ne ke akanya gore ke itumetse. Le fa go ntse jalo, gone jaanong ke itse gore boitumelo jwa mmatota ke eng. Go tshela go ya ka melaometheo ya Baebele ga se selo se se motlhofo, mme ke dumela gore ke tsela e e molemolemo ya botshelo.

DINTLHA KA GA GAGWE

LEINA: ELIZABETH JANE SCHOFIELD

DINGWAGA: 35

NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: UNITED KINGDOM

BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: O NE A RATA GO IJESA MONATE KA MAFELOBEKE

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE: Ke goletse kwa Hardgate, e leng toropo e nnye ka kwa ntle ga Glasgow kwa Scotland. Fa ke ne ke na le dingwaga di le supa, mmè, yo e neng e le Mosupi wa ga Jehofa, o ne a simolola go nthuta Baebele. Le fa go ntse jalo, fa ke na le dingwaga di le 17, ke ne ke rata go tsalana le ditsala tsa me tsa kwa sekolong—re ya kwa di-nightclub, re reetsa mmino wa heavy metal le go nwa bojalwa. Ke ne ke sa akanye sepe ka Modimo kgotsa Baebele. Ke ne ke tshelela go ijesa monate ka mafelobeke. Le fa go ntse jalo, dilo tsotlhe di ne tsa fetoga fa ke na le dingwaga di le 21.

Ke ne ka etela bangwe ba losika lwa me kwa Bokone jwa Ireland. Fa ke le koo, ke ne ka bona mogwanto wa Baporotesetanta o o bidiwang Orange Walk. Letlhoo le tlhaolele tse ke neng ka di bona fa gare ga Baporotesetanta le Bakatoliki ka letsatsi leo di ne tsa nkgakgamatsa. Tota e bile, seo se ne sa dira gore ke itharabologelwe. Ke ne ka gopola dilo tse mmè a neng a di nthutile mo Baebeleng e bile ke ne ke itse gore Modimo o ne a se kitla a amogela batho ba ba neng ba itlhokomolosa melao ya gagwe e e lorato. Ke ne ka lemoga ka bonako gore ke ntse ke gagamalela dilo tse ke di ratang, ke itlhokomolosa kafa Modimo a batlang gore ke tshele ka gone. Ke ne ka swetsa gore fa ke boela gae kwa Scotland, ke tla sekaseka ka kelotlhoko se Baebele e se rutang.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA TENG: Lekgetlo la ntlha fa ke ne ke ya kwa pokanong ya Basupi ba ga Jehofa kwa toropong ya lefelo la gaetsho, ke ne ke sa phuthologa e bile ke tshogile. Le fa go ntse jalo, mongwe le mongwe o ne a dira gore ke ikutlwe ke amogelesegile. Fa ke ntse ke simolola go dira dilo tse ke di ithutang mo Baebeleng, leloko lengwe la phuthego le ne la nkgatlhegela. O ne a nthusa gore ke ikutlwe ke le leloko la phuthego gape. Ditsala tse ke neng ke tlwaelane le tsone di ne tsa tswelela di ntaletsa kwa di-nightclub, mme ke ne ka ba bolelela gore ke ne ke batla tota go tshela go ya ka melao ya Baebele. Kgabagare, ba ne ba tlogela go ikgolaganya le nna.

Mo nakong e e fetileng, ke ne ke leba Baebele e le buka ya melao. Jaanong ga ke tlhole ke e leba jalo. Ke ne ka simolola go leba batho ba go buiwang ka bone mo Baebeleng e le batho ba mmatota ba ba neng ba na le maikutlo le makoa a a tshwanang le a me. Le bone ba ne ba dira diphoso, le fa go le jalo Jehofa Modimo o ne a ba itshwarela fa ba ne ba ikwatlhaya ka tsela ya mmatota. Ke ne ka dumela gore le fa ke ile ka tlogela go direla Modimo fa ke ne ke sa le mosha, o tla intshwarela le go lebala diphoso tse ke di dirileng mo nakong e e fetileng fa fela ke leka ka bojotlhe go mo itumedisa.

Gape ke ne ka kgatlhiwa thata ke tsela e mmè a neng a itshwere ka yone. Le fa ke ne ke tlogetse go direla Modimo, mmè ene ga a ka a dira jalo. Sekao sa gagwe sa go ikanyega se ne sa dira gore ke lemoge gore go direla Jehofa go botlhokwa. Fa ke ne ke le monnye mme ke tsamaya ka ntlo le ntlo le mmè re rera, ke ne ke sa rate go dira jalo e bile ke sa akanye gore nka kgona go fetsa diura di le dintsi ke rerela batho. Le fa go ntse jalo, gone jaanong ke dirile tshwetso ya go bona gore a tsholofetso ya ga Jesu e e mo go Mathaio 6:31-33 e boammaaruri. O ne a re: “Lo se ka le ka motlha lwa tlhobaela mme lwa re, ‘Re tla ja eng?’ kgotsa, ‘Re tla nwa eng?’ kgotsa, ‘Re tla apara eng?’ . . . Rraalona wa selegodimo o a itse gore lo tlhoka dilo tseno tsotlhe. Jalo, nnang lo batle pele bogosi le tshiamo ya gagwe, mme dilo tse dingwe tseno tsotlhe lo tla di okelediwa.” Morago ga gore ke kolobediwe go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, ke ne ka tlogela tiro ya me ya boitshediso, ka bona tiro ya nakwana mme ka nna modiredi wa nako e e tletseng.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE: Fa ke ne ke le monnye mme ke rata go ijesa monate ka mafelobeke, ga ke a ka ka ikutlwa ke kgotsofetse. Ke ne ke tshelela lefela. E re ka ke direla Jehofa ka botlalo, ke ikutlwa ke kgotsofetse. Botshelo jwa me bo na le bokao. Gone jaanong ke nyetswe, mme nna le monna wa me re etela diphuthego tse di farologaneng tsa Basupi ba ga Jehofa beke le beke re ba kgothatsa. Ke leba tiro eno e le tshiamelo e kgolo mo botshelong jwa me. Ke leboga Jehofa go bo a nneile tshono e nngwe gape!

[Mafoko a a mo go tsebe 27]

“Fa ke tlotla le ene ka lekgetlo la ntlha, ke ne ka lemoga gore ke bone sengwe se se kgethegileng. Le fa go ntse jalo, ka nako eo, ke ne ke sa bone go tlhokega gore ke fetole tsela e ke neng ke tshela ka yone”

[Mafoko a a mo go tsebe 29]

“Ke ne nka se kgone ka bonna fela go tlogela go goga motsoko. Ke ne ka kgona go o tlogela ka go rapela Jehofa Modimo ka tlhoafalo le go ikaega ka ene”

[Mafoko a a mo go tsebe 30]

“Mo nakong e e fetileng, ke ne ke leba Baebele e le buka ya melao. Jaanong ga ke tlhole ke e leba jalo. Ke ne ka simolola go leba batho ba go buiwang ka bone mo Baebeleng e le batho ba mmatota ba ba neng ba na le maikutlo le makoa a a tshwanang le a me”