Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 Ditsela Tsa go Bona Boitumelo mo Lelapeng

Go Rarabolola Mathata

Go Rarabolola Mathata

Monna a re: “Bomorwadiarona ba kae?”

Mosadi a re: “Ba ile go reka diaparo tse disha kwa mmolong.”

Monna a re: [O buela kwa godimo a tenegile] “O raya goreng fa o re ‘ba ile go reka diaparo tse disha’? Ba sa tswa go reka diaparo tse disha kgwedi e e fetileng!”

Mosadi a re: [O a iphemela a utlwile botlhoko e bile a utlwa e kete o pegwa molato] “Mme gone diaparo tseo di ne di le tlhwatlhwatlase. E bile ba nkopile pele mme ke dumetse.”

Monna a re: [O bua a galefile e bile a omana] “O a itse gore ga ke rate fa barwadiarona ba dirisa madi ba sa nkopa! O ka dira jang tshwetso e e ntseng jalo o ise o bue le nna?”

O AKANYA gore banyalani ba ba umakilweng fa godimo ba tlhoka go rarabolola mathata afe? Ga go pelaelo gore monna o na le bothata jwa go laola kgalefo ya gagwe. Kwantle ga foo, go lebega banyalani bano ba sa dumalane ka kgang ya gore bana ba bone ba tshwanetse go nna le kgololesego e e kae. Mme go bonala ba na le mathata a go buisana.

Ga go na lenyalo le le se nang mathata. Banyalani botlhe ba lebana le mathata a mofuta mongwe. Go sa kgathalesege gore mathata ao a magolo kana a mannye, go botlhokwa tota gore monna le mosadi ba ithute go a rarabolola. Ka ntlha yang?

Fa nako e ntse e tsamaya, mathata a a sa rarabololweng a ka nna dipota tse di kgoreletsang puisano. Kgosi Solomone o ne a re: “Go na le manganga a a tshwanang le mophakalego wa tora ya bonno.” (Diane 18:19) Fa lo rarabolola mathata, lo ka dira jang gore go nne le puisano e e tla nnang le matswela a a molemo?

Fela jaaka pelo le makgwafo di le botlhokwa gore madi a kgone go dira tiro ya one, lorato le tlotlo le tsone di a tlhokega gore go nne le puisano e e nang le matswela a a molemo mo lenyalong. (Baefeso 5:33) Fa go rarabololwa mathata mo lenyalong, lorato lo tla tlhotlheletsa banyalani gore ba lebale diphoso tsa mo nakong e e fetileng—le botlhoko jo di neng tsa bo baka mo maikutlong—mme ba tlhome mogopolo mo bothateng jo ba lebaneng le jone ka nako eo. (Baefeso 5:33; 1 Bakorintha 13:4, 5; 1 Petere 4:8) Banyalani ba ba tlotlanang ba buisana ka kgololesego mme mongwe le mongwe o leka go tlhaloganya se molekane wa gagwe a se buang.

Ditsela di le Nnè Tsa go Rarabolola Mathata

Sekaseka ditsela di le nnè tse di umakilweng fa tlase mme o bone gore melaometheo ya Baebele e ka go thusa jang go rarabolola mathata ka tsela e e bontshang lorato le tlotlo.

1. Ipeeleng nako ya go buisana ka mathata.

“Sengwe le sengwe se na le nako e se e tlhometsweng,  . . . nako ya go didimala le nako ya go bua.” (Moreri 3:1, 7) Fela jaaka mo sekaing se se umakilweng pelenyana, mathata mangwe a ka dira gore batho ba galefe fela thata. Fa seo se direga, nna boikgapo mme o emise puisano eo ka nakwana—o ‘didimale’ pele o tuka bogale. O ka dira gore kamano ya lona e se ka ya senyega ka go reetsa kgakololo eno ya Baebele: “Tshimologo ya manganga e tshwana le yo o bulelang metsi; ka jalo pele ga komano e tsoga, tswa o tsamaye.”—Diane 17:14.

Le fa go ntse jalo, gape go na “le nako ya go bua.” Fela jaaka mofero, mathata a gola ka bonako fa a tlogelwa fela. Ka jalo, o se ka wa itlhokomolosa bothata o solofela gore bo tla iphelela. Fa o emisa puisano ya lona, bontsha gore o tlotla molekane wa gago ka go tlhopha nako e nngwe e lo tla buisanang ka bothata joo ka yone. Go dira jalo go ka lo thusa ka bobedi go dirisa kgakololo eno ya Baebele: “A letsatsi le se ka la phirima lo sa ntse lo galefile.” (Baefeso 4:26) Mme fa nako e o e beileng e fitlha, tlhomamisa gore lo a buisana.

LEKA SENO: Beke nngwe le nngwe tlhopha nako e e tshwanetseng e lo ka buisanang ka mathata a lona a lelapa ka yone. Fa o lemoga gore gantsi o omana thata mo nakong e e rileng ya letsatsi—ka sekai, fa o goroga mo lapeng o tswa kwa tirong pele ga o ja—dumalanang gore lo se ka lwa tlotla ka mathata a lona ka nako eo. Go na le moo, tlhophang nako e bobedi jwa lona lo sa lapang thata.

2. Tlhalosa ka tlotlo kafa tota o ikutlwang ka teng.

“A mongwe le mongwe wa lona a bue boammaaruri le moagelani wa gagwe.” (Baefeso 4:25) Fa o le mo lenyalong, moagelani yo o gaufiufi le wena ke molekane wa gago. Ka jalo, fa o bua le molekane wa gago, tlhalosa kafa tota o ikutlwang ka teng le se tota se go tshwenyang. Margareta, * yo o nang le dingwaga di le 26 a nyetswe a re: “Fa ke sena go nyalwa, ke ne ka tsaya gore fa go nna le bothata monna wa me o tla itse gore ke ikutlwa jang kwantle ga gore ke bue. Ke ne ka lemoga gore ke ne ke leba dilo ka tsela e e sa tshwanelang. Jaanong ke leka go tlhalosa ka tsela e e utlwalang se ke se akanyang le kafa ke ikutlwang ka gone.”

Gakologelwa gore fa lo buisana ka bothata, boikaelelo jwa gago ga se go nna mofenyi kana go fenya mmaba mme ke go dira gore molekane wa gago a itse gore o ikutlwa jang. Gore go nne le matswela a a molemo, tlhalosa gore o akanya gore bothata ke eng, o bo o bua gore bothata joo bo direga leng go tswa foo o bo o tlhalosa gore bo dira gore o ikutlwe jang. Ka sekai, fa o serwa ke gore molekane wa gago o botlhaswa, o ka nna wa bua jaana le ene ka tlotlo, ‘Fa o latlhela diaparo tsa gago fa fatshe fa o boa kwa tirong, [o tlhalosa gore bothata ke eng le gore bo direga leng] ke tsaya gore ga o anaanele matsapa a ke a tsayang a go tlhokomela lelapa [o tlhalosa gore tota o ikutlwa jang ka seo].’ Mme go tswa foo, mmolelele ka botlhale gore o akanya gore tharabololo ya bothata joo e ka nna eng.

LEKA SENO: Gore o kgone go gakologelwa dilo tsotlhe tse o batlang go di bua le molekane wa gago, kwala se o akanyang gore ke bothata le gore o ka rata go bo rarabolola jang.

3. Reetsa molekane wa gago mme o leke go tlhaloganya kafa a ikutlwang ka gone.

Morutwa Jakobe o ne a re Bakeresete ba tshwanetse go nna “bonako go utlwa, bonya go bua, bonya go shakgala.” (Jakobe 1:19) Go nna le boikutlo jwa gore molekane wa gago ga a tlhaloganye kafa o ikutlwang ka gone ka bothata jo bo rileng go ka baka bothata jo bogolo go feta dilo le fa e ka nna dife tse dingwe tse di ka diregang mo lenyalong. Ka jalo ikemisetse gore ga o na go dira gore molekane wa gago a ikutlwe jalo!—Mathaio 7:12.

Wolfgang, yo o nang le dingwaga di le 35 a nyetse a re, “Fa re buisana ka mathata a rona, ke ikutlwa ke sa gololesega, bogolosegolo fa ke utlwa e kete mosadi wa me ga a tlhaloganye tsela e ke akanyang ka yone.” Dianna yo jaanong a nang le dingwaga di le 20 a nyetswe a re: “Gantsi ke bolelela monna wa me gore ga a ntheetse fa re tlotla ka mathata a rona.” O ka fenya jang bothata jono?

O se ka wa swetsa ka gore o setse o itse gore molekane wa gago o akanya eng kana gore o ikutlwa jang. Lefoko la Modimo la re: “Motho o baka ntwa ka boikgodiso, mme go na le botlhale mo go ba ba gakololanang.” (Diane 13:10) Bontsha molekane wa gago gore o a mo tlotla ka go mo letla gore a tlhalose kafa a ikutlwang ka gone o sa mo tsene ganong. Mme morago ga moo, go tlhomamisa gore  o tlhalogantse se a se buang, boeletsa se a se buileng mme o dira jalo ka tsela e e bontshang gore ga o sotle e bile ga o a galefa. Letla molekane wa gago gore a tlhalose gape fa e le gore o ne o sa tlhaloganya sentle sengwe se a se buileng. O se ka wa bua o le esi. Lo reetsane fa lo buisana go fitlha lo dumalana gore mongwe le mongwe wa lona o tlhaloganya se yo mongwe a se akanyang le tsela e a ikutlwang ka yone ka bothata jo lo buang ka jone.

Ke boammaaruri gore go tlhokega boikobo le bopelotelele gore o reetse molekane wa gago ka kelotlhoko le go dumalana le kafa a ikutlwang ka gone. Mme fa o etelela pele mo go bontsheng molekane wa gago tlotlo, le ene o tla go tlotla.—Mathaio 7:2; Baroma 12:10.

LEKA SENO: Fa o boeletsa se molekane wa gago a se buileng, o se ka wa boeletsa lefoko lengwe le lengwe le a le buileng. Mme ka bopelonomi leka go tlhalosa se o akanyang gore molekane wa gago o ne a se kaya le kafa o akanyang gore o ikutlwa ka gone.—1 Petere 3:8.

4. Dumalanang ka tharabololo.

“Ba babedi ba botoka go na le a le mongwe, ka gonne ba na le maduo a a molemo a tiro ya bone ya bonatla. Gonne fa a le mongwe wa bone a ka wa, yo mongwe o ka kgona go tsosa molekane wa gagwe.” (Moreri 4:9, 10) Banyalani ga ba ka ke ba kgona go rarabolola mathata mo lenyalong fa ba sa dirisane mmogo e bile ba sa thusane.

Ke boammaaruri gore Jehofa o tlhomile monna gore e nne tlhogo ya lelapa. (1 Bakorintha 11:3; Baefeso 5:23) Mme gone, seno ga se reye gore o tshwanetse go nna mogateledi. Monna yo o botlhale ga a ka ke a dira ditshwetso a sa buisana pele le mosadi wa gagwe. David yo o nang le dingwaga di le 20 a nyetse a re: “Ke leka go batla selo se nna le mosadi wa me re dumalanang ka sone mme ke dire tshwetso e re tla e itumelelang rotlhe.” Tanya, yo o nang le dingwaga di le supa a nyetswe a re: “Kgang ga se gore ke mang yo o fositseng kana yo o nepileng. Ka dinako tse dingwe batho ba nna le dikgopolo tse di farologaneng tsa kafa ba ka rarabololang bothata ka gone. Ke lemogile gore selo sa konokono se se dirang gore ke atlege ke go nna motho yo o fetofetogang le maemo le yo o tekatekano.”

LEKA SENO: Bontshang gore lo ka kgona go dirisana mmogo ka gore mongwe le mongwe wa lona a kwale ditsela tse di farologaneng tse a akanyang gore bothata jwa lona bo ka rarabololwa ka tsone. Fa lo setse lo kwadile dilo tsotlhe tse lo di akanyang, balang lenaane la dilo tse lo di kwadileng mme lo dirise tharabololo e bobedi jwa lona lo dumalanang ka yone. Morago ga moo, ipeeleng letsatsi le lo tlileng go sekaseka gore a ditshwetso tse lo di tsereng lo a di dira le gore lo atlegile go le kae fa lo ntse lo di dirisa.

Dirisanang Mmogo

Jesu o ne a re lenyalo le tshwana le jokwe. (Mathaio 19:6) Mo motlheng wa gagwe, jokwe e ne e le logong lo lo neng lo golaganya diphologolo tse pedi gore di kgone go dira tiro mmogo. Fa diphologolo tseno di ne di sa dirisane, di ne di sa kgone go dira tiro ka botlalo mme jokwe eno e ne e di kgobola mo melaleng. Mme fa di ne di dirisana mmogo, di ne di kgona go goga merwalo e e boima le go lema masimo.

Ka tsela e e tshwanang, monna le mosadi ba ba sa kgoneng go dirisana mmogo ba ka nna ba kgobolwa ke jokwe ya lenyalo. Mme fa ba ithuta go dirisana mmogo, ba ka kgona go rarabolola mo e ka nnang bothata bongwe le bongwe jo ba lebanang le jone mme ba nne le matswela a a molemo. Monna mongwe yo o bidiwang Kalala yo o mo lenyalong le le itumetseng o sobokanya kgang eno jaana, “Mo dingwageng di le 25 tse ke ntseng ke nyalane le mosadi wa me ka tsone, re rarabolola mathata a rona ka go bua ka kgololesego, go itsenya mo ditlhakong tsa yo mongwe, go rapela Jehofa gore a re thuse le ka go dirisa melaometheo ya Baebele.” A le wena o ka dira se se tshwanang?

IPOTSE JAANA . . .

  • Ke bothata bofe jo ke batlang thata go bo tlotla le molekane wa me?

  • Nka tlhomamisa jang gore ke tlhaloganya kafa tota molekane wa me a ikutlwang ka gone ka kgang eno?

  • Nka baka mathata afe fa ka metlha ke gatelela gore dilo di dirwe ka tsela ya me?

^ ser. 17 Maina mangwe a fetotswe.