Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ka Tlhopha Jang Thanolo e e Botoka ya Baebele?

O ka Tlhopha Jang Thanolo e e Botoka ya Baebele?

 O ka Tlhopha Jang Thanolo e e Botoka ya Baebele?

KWA tshimologong Baebele e ne e kwadilwe ka Sehebera, Searamaika le Segerika sa bogologolo. Ka jalo, batho ba le bantsi ba ba batlang go e bala, ba tshwanetse go e bala e ranotswe.

Gompieno Baebele ke buka e e ranotsweng go di gaisa tsotlhe mo lefatsheng—mme dikarolo dingwe tsa yone di teng ka dipuo di feta 2 400. Dipuo dingwe di na le dithanolo di le mmalwa tsa Baebele. Fa puo ya gago le yone e na le dithanolo tse dintsi jalo, o tshwanetse wa bo o batla go dirisa thanolo e e botoka go di gaisa e o ka e bonang.

Gore o kgone go tlhopha thanolo e e tshwanetseng, o tlhoka go itse dikarabo tsa dipotso tse di latelang: Go na le mefuta e le kae ya dithanolo? Mofuta mongwe le mongwe wa thanolo o na le melemo efe le diphoso dife? Mme ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go nna kelotlhoko fa o bala dithanolo dingwe tsa Baebele?

Mefuta e e Farologaneng ya Dithanolo

Dithanolo tsa Baebele di kwadilwe ka mekgwa e e farologaneng, mme gone go na le mekgwa e le meraro ya konokono. Mokgwa o mongwe ke wa dithanolo tse di nang le dipuo tsa ntlhantlha tsa Baebele. Dithanolo tseno di na le mafoko a puo ya ntlhantlha mmogo le thanolo ya lefoko ka lefoko ya puo e go ranolelwang mo go yone.

Mokgwa o mongwe ke o mo go one baranodi ba sobokanyang thanolo ka mafoko a bone. Baranodi ba dithanolo tseno ba kwala molaetsa wa Baebele ka tsela e bone ba o tlhaloganyang ka yone le ka tsela e ba akanyang gore o tla kgatlha babadi.

Mokgwa wa boraro ke wa dithanolo tse baranodi ba lekang go dirisa mekgwa e mebedi e e umakilweng fa godimo ka tekatekano. Baranodi ba dithanolo tseno ba leka go fetisa bokao le kgopolo ya mafoko a puo ya ntlhantlha fa gape ba dira gore mafoko a balege motlhofo.

 A Dithanolo Tse di Ranotsweng Lefoko ka Lefoko di Botoka?

Gantsi thanolo e e ranotsweng lefoko ka lefoko ga e kgone go tlhalosa ka tsela e e utlwalang sentle se se kaiwang ke ditemana dingwe tsa Baebele. Ka ntlha yang? Go na le mabaka a le mmalwa a seo. A le mabedi a one ke ano:

1. Ga go dipuo dipe tse pedi tse thutapuo ya tsone, mafoko le mokgwa wa go rulaganya mafoko o tshwanang kgo. Porofesa ya puo ya Sehebera e bong S. R. Driver, a re dipuo “ga di farologane fela ka thutapuo le ka tsela e mafoko a puo eo a simolotseng ka yone, mme gape . . . di farologana le mo tseleng e megopolo ya puo eo e kopanngwang ka yone go bopa polelo.” Batho ba ba buang dipuo tse di farologaneng ga ba akanye ka tsela e e tshwanang. Porofesa Driver o tswelela ka gore, “ka jalo, tsela e dipolelo di bopiwang ka yone mo dipuong tse di farologaneng ga e tshwane.”

E re ka go se na puo epe e e tshwanang kgo le mafoko le thutapuo ya Sehebera le Segerika se se dirisitsweng mo Baebeleng, ka gone thanolo ya Baebele e e ranotsweng lefoko ka lefoko e ne e se kitla e utlwala kgotsa e ne e ka nna ya fetisa mogopolo o o phoso. Akanya ka dikai tse di latelang.

Mo lekwalong le moaposetoloi Paulo a neng a le kwalela Baefeso, o ne a dirisa kgopolo e fa e ranolwa lefoko ka lefoko e kayang “mo ditaeseng tsa batho.” (Baefeso 4:14, The Kingdom Interlinear Translation of the Greek Scriptures) * Kgopolo eno e kaya mokgwa wa go tsietsa ba bangwe go dirisiwa ditaese. Le fa go ntse jalo, mo dipuong di le dintsi kgopolo eno ga e utlwale fa e ranotswe lefoko ka lefoko. Kgopolo eno e utlwala sentle fa e ranotswe ka gore “ka tsietso ya batho.”

Fa Paulo a ne a kwalela Baroma o ne a dirisa mafoko a Segerika a fa a ranotswe lefoko ka lefoko a kayang “mo moyeng o o belang.” (Baroma 12:11, Kingdom Interlinear) A mafoko ano a a utlwala ka puo ya gago? Totatota a kaya go ‘tuka mo moyeng.’

Mo go nngwe ya dithero tsa ga Jesu tse di itsegeng thata, o ne a dirisa mafoko a gantsi a ranolwang ka go re: “Go sego ba ba humanegileng mo moyeng.” (Mathaio 5:3) Mme mo dipuong di le dintsi, mafoko ano ga a utlwale fa a ranotswe lefoko ka lefoko. Mo dipuong tse dingwe, go ranola mafoko ano lefoko ka lefoko go ka nna ga kaya gore “ba ba humanegileng mo moyeng” ga ba itekanela sentle mo mogopolong kgotsa gore ba tshereane mme ga ba na boikemisetso. Le fa go ntse jalo, fa Jesu a ne a bua jalo, o ne a ruta batho  gore boitumelo jwa bone bo ne bo sa ikaega ka gore ba kgotsofatse dilo tsa senama tse ba di tlhokang go na le moo ba ne ba tshwanetse go lemoga gore ba tlhoka go kaelwa ke Modimo. (Luke 6:20) Ka jalo, dipolelwana tse di jaaka “ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng” kgotsa “ba ba itseng gore ba tlhoka Modimo” di tlhalosa bokao jwa mafoko ao ka tsela e e utlwalang sentle.—Mathaio 5:3, The New Testament in Modern English.

2. Bokao jwa lefoko kgotsa jwa mafoko bo ka nna jwa fetoga go ikaegile ka se go buiwang ka sone. Ka sekai, lefoko la Sehebera le gantsi le kayang seatla sa motho le ka tswa le na le bokao jo bo farologaneng. Go ikaegile ka se go buiwang ka sone, lefoko leno le ka nna la ranolwa go twe “taolo,” “go aba ka bopelotshweu” kgotsa “maatla.” (2 Samuele 8:3; 1 Dikgosi 10:13; Diane 18:21) Tota e bile, lefoko leno le ranotswe ka ditsela di feta 40 tse di sa tshwaneng mo Baebeleng ya Seesemane ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo.

E re ka dintlha tse di dikologileng kgang e go buiwang ka yone di ka ama tsela e lefoko le ranotsweng  ka yone, Thanolo ya Lefatshe le Lesha e dirisa mo e ka nnang mafoko a le 16 000 a Seesemane go ranola mafoko a ka nna 5 500 a Segerika se se dirisitsweng go kwala Baebele mme e dirisa mafoko a Seesemane a a fetang 27 000 go ranola mafoko a ka nna 8 500 a Sehebera. * Ke ka ntlha yang fa tsela e mafoko a ranotsweng ka yone e farologane jaana? Komiti ya thanolo e ne ya lemoga gore go ranola bokao jwa mafoko ano sentle go ya ka se go buiwang ka sone go ne go le botlhokwa thata go na le go ranola lefoko ka lefoko. Tota le fa go ntse jalo, Thanolo ya Lefatshe le Lesha e leka ka bojotlhe go ranola mafoko a Sehebera le a Segerika ka tsela e e tshwanang fa go kgonega, mo puong e go ranolelwang mo go yone.

Eleruri, go ranola Baebele ga go akaretse fela go ranola lefoko la puo ya ntlhantlha ka tsela e e tshwanang nako le nako fela kwa le tlhagang gone. Baranodi ba tshwanetse go dirisa temogo gore ba tle ba tlhophe mafoko a a nayang kgopolo ya mokwalo wa puo ya ntlhantlha ka tsela e e utlwalang sentle le e e tlhaloganyesegang. Mo godimo ga moo, fa ba ranola ba tshwanetse gore ba kopanye mafoko le dipolelo ka tsela e e dumalanang le melao ya thutapuo ya puo e ba ranolelang mo go yone.

Go Tweng ka Dithanolo Tse mo go Tsone Baranodi ba Sobokanyang Thanolo ka Mafoko a Bone?

Baranodi ba ba ranolang se gantsi se bidiwang Baebele e baranodi ba yone ba sobokanyang thanolo ka mafoko a bone, ba ranola ka tsela e e farologaneng le ya mafoko a puo ya ntlhantlha. Ka tsela efe? Ba itsenyetsa se ba akanyang gore mokwalo wa ntlhantlha o ka tswa o ne o se kaya kgotsa ba tlogela tshedimosetso nngwe e e leng teng mo mokwalong wa ntlhantlha. Dithanolo tse di ntseng jalo di ka nna tsa bo di kgatlha ka gonne di balega motlhofo. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe dithanolo tseo di fetola bokao jwa mafoko a ntlhantlha kgotsa di dira gore bo se ka jwa utlwala sentle.

Ela tlhoko tsela nngwe e Dibaebele tse baranodi ba tsone ba sobokanyang thanolo ka mafoko a bone e ranotseng ka yone thapelo ya sekao e e tumileng ya ga Jesu: “Rraarona yo o kwa legodimong, senola gore o mang.” (Mathaio 6:9, The Message: The Bible in Contemporary Language) Thanolo nngwe e e ranolang mafoko a ga Jesu ka tsela e e utlwalang sentle ya re: “Rraarona yo o kwa magodimong, a leina le gago le itshepisiwe.” Ela tlhoko gape tsela e Johane 17:26 e ranotsweng ka yone mo Dibaebeleng dingwe. Go ya ka nngwe ya dithanolo tseo, mo bosigong jo Jesu a neng a tshwarwa ka jone, o ne a rapela Rragwe a re: “Ke dirile gore ba go itse.” (Today’s English Version) Le fa go ntse jalo, tsela e e siameng ya go ranola thapelo ya ga Jesu ke gore: “Ke ba itsisitse leina la gago.” A o kgona go bona kafa baranodi bangwe ba fitlhang ntlha ya gore Modimo o na le leina le le tshwanelwang ke go dirisiwa le go tlotlwa?

Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Nna Kelotlhoko?

Dithanolo dingwe tse baranodi ba tsone ba sobokanyang thanolo ka mafoko a bone ga di tlhalose melao ya boitsholo e e umakilweng mo mokwalong wa ntlhantlha. Ka sekai, mo go 1 Bakorintha 6:9, 10, thanolo nngwe e e bidiwang The Message: The Bible in Contemporary Language ya re: “A ga o lemoge gore eno ga se yone tsela ya go tshela? Batho ba ba sa siamang ba ba sa reng sepe ka Modimo ga ba kitla ba nna teng mo bogosing jwa gagwe. Batho ba ba dirisang batho ba bangwe le go ba sotla, ba ba tlhakanelang dikobo le ba ba di tlhakanelang ka tsela e e sa siamang, ba ba dirisang lefatshe le ba ba sa le diriseng sentle, ga ba tshwanelegele go nna baagi mo bogosing jwa Modimo.”

Bapisa thanolo eo le thanolo e e utlwalang sentle e e mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha: “Ebu! A ga lo itse gore batho ba ba sa siamang  ga ba na go rua bogosi jwa Modimo? Lo se ka lwa tsiediwa. Go le bagokafadi, le fa e le baobamedi ba medingwana, le fa e le baakafadi, le fa e le banna ba ba beetsweng maikaelelo a e seng a tlholego, le fa e le banna ba ba robalang le banna, le fa e le magodu, le fa e le batho ba ba bogagaru, le fa e le matagwa, le fa e le bagobolodi, le fa e le ba ba tsayang ka dikgoka ga ba na go rua bogosi jwa Modimo.” Ela tlhoko gore dintlha tse di tlhalosiwang ke moaposetoloi Paulo tse di malebana le gore tota ke boitshwaro jo bo ntseng jang jo re tshwanetseng go bo tila, ga di a umakiwa mo thanolong ya The Message—The Bible in Contemporary Language.

Tsela e moranodi a tlhaloganyang dithuto tse di mo Baebeleng ka yone e ka ama tiro ya gagwe. Ka sekai, Today’s English Version e e itsegeng ka gore ke Good News Bible ya re Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Tsenang ka kgoro e e tshesane, ka gonne kgoro e e isang kwa diheleng e atlhame le tsela e e isang gone e motlhofo, mme ba ba tsamayang mo go yone ba bantsi.” (Mathaio 7:13) Baranodi ba tsentse lefoko “dihele” le fa pego ya ga Mathaio e bua ka “tshenyego.” Ke ka ntlha yang fa ba ne ba dira jalo? E ka tswa e le ka gonne ba ne ba batla go tshegetsa kgopolo ya gore baikepi ba tla tlhokofadiwa ka bosakhutleng, e seng gore ba tla senngwa. *

Kafa o ka Bonang Thanolo e e Botoka ka Gone

Baebele e ne e kwadilwe ka puo e e tlwaelegileng le e e dirisiwang letsatsi le letsatsi ke batho ba ba jaaka balemi, badisa le batshwari ba ditlhapi. (Nehemia 8:8, 12; Ditiro 4:13) Ka jalo, thanolo e e botoka ya Baebele e dira gore molaetsa wa yone o tlhaloganngwe ke batho ba ba dipelo di ikanyegang go sa kgathalesege gore ke ba setso sefe. Gape thanolo e e botoka e tla dira dilo tse di latelang:

◗ E tla umaka molaetsa o o tlhotlheleditsweng ke Modimo kwa tshimologong ka tsela e e utlwalang sentle.—2 Timotheo 3:16.

◗ E tla dirisa thanolo ya lefoko ka lefoko fa mafoko le popego ya mafoko a ntlhantlha e letla gore go ranolwe jalo mo puong e go ranolelwang mo go yone.

◗ E tla umaka bokao jo bo siameng jwa lefoko kgotsa jwa mafoko fa thanolo ya lefoko ka lefoko ya mafoko a ntlhantlha e fetola bokao kgotsa e dira gore bo se ka jwa utlwala sentle.

◗ E tla dirisa puo e e tlwaelegileng, e go leng motlhofo go e tlhaloganya le e e dirang gore batho ba batle go e bala.

A go na le thanolo e e ntseng jalo? Babadi ba le dimilionemilione ba makasine ono ba rata go dirisa Thanolo ya Lefatshe le Lesha. Ka ntlha yang? Ka gonne ba dumalana le mokgwa o o dirisitsweng ke komiti ya thanolo ya Baebele eo, jaaka o tlhalositswe mo ketapeleng ya kgatiso ya ntlha ya Seesemane: “Ga re sobokanye Dikwalo ka mafoko a rona. Re ntse re leka go ranola lefoko ka lefoko ka mo re ka kgonang ka gone fa re kgona go ranola dikapuo tsa Seesemane le fa go ranola lefoko ka lefoko go sa dire gore bokao jwa lefoko le le ranolwang bo se ka jwa utlwala sentle.”

Thanolo ya Lefatshe le Lesha e gatisitswe e feletse kgotsa karolo nngwe ya yone ka dipuo di feta 60, mme palogotlhe ya tse di gatisitsweng ke dikhopi di feta 145 000 000! Fa e le gore e teng ka puo ya gago, ke eng o sa kope Basupi ba ga Jehofa gore ba go neye khopi mme o iponele melemo ya thanolo eno e e utlwalang sentle?

Baithuti ba ba tlhoafetseng ba Baebele ba batla go tlhaloganya sentle molaetsa o Modimo a o tlhotlheleditseng le go dira se o se bolelang. Fa e le gore o mongwe wa batho bao, o tlhoka thanolo ya Baebele e e utlwalang sentle. Tota o tshwanelwa ke go nna le Baebele e e utlwalang sentle gore o e bale le go e tlhaloganya.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 13 Thanolo e e nang le mafoko a dipuo tsa ntlha tsa Baebele e thusa mmadi gore a kgone go bona kafa lefoko lengwe le lengwe le ranotsweng ka gone mmogo le mokwalo wa puo ya ntlhantlha.

^ ser. 17 Go lemogilwe gore dithanolo dingwe tsa Baebele ya Seesemane di dirisa mafoko a le mantsi a a nang le bokao jo bo tshwanang go feta a a dirisitsweng mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha mme ka ntlha ya seo ga go na pharologanyo e e kalo.

^ ser. 25 Baebele e ruta gore fa re swa re boela mo loroleng mme moya wa swa le gore ga re tlhole re akanya kgotsa ga re na maikutlo. (Genesise 3:19; Moreri 9:5, 6; Esekiele 18:4) Ga go na gope mo e rutang gore moya wa baikepi o tla tlhokofadiwa ka bosakhutleng mo molelong wa dihele.

[Mafoko a a mo go tsebe 21]

Dithanolo tse baranodi ba tsone ba sobokanyang thanolo ka mafoko a bone di ka nna tsa bo di kgatlha ka gonne di balega motlhofo. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe dithanolo tseo di fetola bokao jwa mafoko a ntlhantlha kgotsa di dira gore bo se ka jwa utlwala sentle.

[Mafoko a a mo go tsebe 22]

Thanolo ya Lefatshe le Lesha e gatisitswe e feletse kgotsa karolo nngwe ya yone ka dipuo di feta 60, mme palogotlhe ya tse di gatisi-tsweng ke dikhopi di feta 145 000 000!

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 20]

DITHANOLO TSA BOGOLOGOLO TSE BARANODI BA TSONE BA SOBOKANYANG THANOLO KA MAFOKO A BONE

Dithanolo tse baranodi ba tsone ba sobokanyang thanolo ka mafoko a bone ga di disha. Mo metlheng ya bogologolo Bajuda ba ne ba kgobokanya le go rulaganya se gompieno se bidiwang Aramaic Targums. Le fa dithanolo tseno di sa utlwale sentle, di senola kafa Bajuda ba neng ba tlhaloganya ditemana dingwe ka teng mme di thusa baranodi gore ba bone bokao jwa ditemana dingwe tse di thata. Ka sekai, mo go Jobe 38:7, “bomorwa Modimo” ba tlhalosiwa ba kaya “ditlhopha tsa baengele.” Mo go Genesise 10:9, Targums e bontsha gore lefoko la Sehebera le le dirisitsweng go tlhalosa Nimerode le kaya gore o ne a le “kgatlhanong” kgotsa a le “kgatlhanong le” go na le gore le kaye gore o ne a sa tseye letlhakore. Dithanolo tseno di ne di dirisiwa mmogo le Baebele mme di ne di sa direlwa gore go dirisiwe tsone mo boemong jwa Baebele.

[Setshwantsho]

KAROLO NNGWE YA WALTON’S “BIBLIA POLYGLOTTA,” E E KONETSWENG KA 1657 JOBE 38:1-15

Temana ya Baebele ya Sehebera (ka Thanolo ya Interlinear ya Se-Latin)

Temana e e tsamaisanang le Targum ya Searamaika

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

KAROLO NNGWE YA BAEBELE YA “THE KINGDOM INTERLINEAR TRANSLATION OF THE GREEK SCRIPTURES,” BAEFESO 4:14

Kholomo e e kafa molemeng e bontsha thanolo ya lefoko ka lefoko. Kholomo e e kafa mojeng e bontsha bokao jwa thanolo eo

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 18]

Background: Shrine of the Book, Israel Museum, Jerusalem