Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Dumela Fela Mo go Se o Se Bonang

Go Dumela Fela Mo go Se o Se Bonang

Go Dumela Fela Mo go Se o Se Bonang

“Motho yo o dumelang gore Modimo ke masaitsiweng, o akanya gore ga go kgonege go itse boammaaruri ka Modimo le ka botshelo jwa mo isagweng jo bodumedi jwa Bokeresete le madumedi a mangwe a amegileng ka jone. Kgotsa fa e le gore nako nngwe go tla kgonega, gone jaanong ga go kgonege gotlhelele.”—RAFILOSOFI BERTRAND RUSSELL, KA 1953.

MONNA yo o neng a tlhama lefoko la gore “Modimo ke masaitsiweng” e ne e le rasaense yo o ithutang ka diphologolo yo leina la gagwe e leng Thomas Huxley. O tshotswe ka 1825, mme o ne a tshela mo motlheng wa ga Charles Darwin e bile o ne a buelela thuto ya gore ditshedi di iphetogela ka botsone go nna tse dingwe. Ka 1863, Huxley o ne a kwala gore o ne a sa bone bosupi bope jwa gore go na le Modimo yo o “re ratang le yo o amegang ka rona, jaaka Bakeresete ba bolela.”

Batho ba le bantsi gompieno ba ka nna ba dumalana le dikgopolo tsa banna bano ba maemo, ba re ba tla dumela fela mo go se ba se bonang. Ba ka nna ba re ke boeleele go dumela mongwe le mongwe kgotsa sengwe le sengwe se o se bolelelwang se o se nang bosupi jwa sone.

A Baebele e bolela gore re tshwanetse go dumela mo Modimong mme re se na bosupi jwa gore o teng? Baebele e ruta se se farologaneng le seo. Ya re ke boeleele go dumela sengwe le sengwe se batho ba se buang mme ba se na bosupi jwa sone. Baebele ya re: “Ope fela yo o se nang maitemogelo o dumela lefoko lengwe le lengwe, mme yo o botlhale o akanyetsa dikgato tsa gagwe.”—Diane 14:15.

Mme go tweng ka go dumela mo Modimong? A tota go na le bosupi jwa gore Modimo o teng, le gore o a re rata e bile o amega ka rona?

Dinonofo Tsa Modimo di a Senolwa

Fa mokwadi wa Baebele e bong Paulo a ne a bua le setlhopha sa banna ba ba rutegileng thata ba kwa Athena, o ne a re Modimo ‘o dirile lefatshe le dilo tsotlhe tse di mo go lone.’ Paulo o ne a bolelela bareetsi ba ba neng ba tletse dipelaelo gore Modimo o amega ka batho le gore totatota ‘ga a kgakala thata le mongwe le mongwe wa rona.’—Ditiro 17:24-27.

Ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a tlhatswegile pelo gore Modimo o teng le gore o amega ka batho? Paulo o ne a senola lengwe la mabaka a seo fa a ne a kwalela Bakeresetekaene ba kwa Roma. O ne a bua jaana ka Modimo: “Dinonofo tse di sa bonaleng tsa gagwe di bonwa sentle mo popong ya lefatshe go ya pele, ka gonne di lemogiwa ka dilo tse di dirilweng.”—Baroma 1:20.

Ditlhogo tse di latelang di tla tlotla ka dinonofo di le tharo tsa Modimo tse di ka bonwang sentle mo dilong tse a di bopileng. Fa o ntse o sekaseka dikai tseno, ipotse jaana, ‘Go ithuta ka dinonofo tseno tsa Modimo go nkama jang?’

[Mafoko a a mo go tsebe 3]

Baebele ga e tshegetse kgopolo ya gore re tshwanetse go dumela mo Modimong mme re se na bosupi jwa gore o teng