Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa o Kaela Tiro ya go Ruta e e Dirwang mo Lefatsheng Lotlhe

Jehofa o Kaela Tiro ya go Ruta e e Dirwang mo Lefatsheng Lotlhe

“Nna Jehofa, ke Modimo wa gago, Yo ke go rutang gore o solegelwe molemo, Yo ke dirang gore o gate mo tseleng e o tshwanetseng wa tsamaya mo go yone.”—ISAIA 48:17.

1. Ke eng se se dirileng gore go nne thata go rera?

FA BATHO ba ga Jehofa ba ne ba simolola go rera dikgang tse di molemo dingwaga di le 130 tse di fetileng, ba ne ba lebana le mathata a le mantsi. * (Bona ntlha e e kwa tlase.) Fela jaaka Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga, batho ba ga Jehofa le bone ba ne ba simolola e le setlhotswana mme ba rera molaetsa o batho ba le bantsi ba neng ba sa o rate. Bangwe ba ne ba ba tsaya e le batho ba ba sa rutegang go le kalo. Moragonyana fa Satane a ne a latlhelwa mo lefatsheng, ba ne ba bogisiwa. (Tshenolo 12:12) Mme fa e sa le ka nako eo, ba ntse ba rera mo “metlheng eno ya bofelo” e go leng ‘boima go lebana le yone.’—2 Timotheo 3:1.

2. Jehofa o ntse a dira eng go re thusa go rera?

2 Jehofa o sa ntse a thusa batho ba gagwe. O batla gore ba rere dikgang tse di molemo mo lefatsheng lotlhe mme a ka se letle sepe go emisa tiro eno. O thusitse batho ba gagwe gore ba mo obamele ka tsela e a e amogelang ka go ba aroganya le bodumedi jwa maaka. O ne a dira ka tsela e e tshwanang fa a ne a golola Baiseraele kwa Babelona. (Tshenolo 18:1-4) Mme se Jehofa a re rutang sone, se solegela mongwe le mongwe wa rona molemo. O re thusa gore re tshedisane ka kagiso e bile o re thapisa gore re rute ba bangwe ka ene. (Bala Isaia 48:16-18.) Le fa Jehofa a kaela tiro ya rona, seo ga se reye gore ka metlha o fetola ditiragalo tsa lefatshe go re thusa gore re rere. Ke boammaaruri gore dilo dingwe tse di diregileng mo lefatsheng di ile tsa tlhofofatsa tiro ya rona ya go rera. Mme re sa ntse re bogisiwa e bile re lebana le mathata mangwe a a tswang mo lefatsheng la ga Satane. Re kgona go rera fela ka gonne Jehofa e le ene a re emang nokeng.—Isaia 41:13; 1 Johane 5:19.

3. Boporofeti jwa ga Daniele bo diragaditswe jang?

3 Daniele o ne a porofeta gore mo metlheng ya bofelo, batho ba le bantsi ba ne ba tla tlhaloganya boammaaruri jwa Baebele. (Bala Daniele 12:4.) Pelenyana fela ga “motlha wa bokhutlo” o simologa, Jehofa o ne a thusa batho ba gagwe gore ba tlhaloganye botlhokwa jwa dithuto tsa Baebele le gore ba gane dithuto tsa maaka tsa madumedi a a ipitsang a Bokeresete. Gompieno batho ba gagwe ba ruta ba bangwe boammaaruri jwa Baebele mo lefatsheng lotlhe. Ga go pelaelo gore boporofeti jwa ga Daniele bo ile jwa diragadiwa. Batho ba ka nna dimilione di le robedi ba ithutile boammaaruri e bile ba bo ruta le ba bangwe. Ka jalo, ke dilo dife tse dingwe tse di ileng tsa thusa batho ba ga Jehofa gore ba rere mo lefatsheng lotlhe?

GO RANOLWA GA BAEBELE

4. Ka dingwaga tsa bo1900, Baebele e ne e ranoletswe mo dipuong di le kae?

4 Gompieno batho ba le bantsi ba na le Baebele mme seo se re thusa gore re kgone go ba ruta dikgang tse di molemo. Mme go ne go sa nna jalo mo nakong e e fetileng. Makgolokgolo a dingwaga a a fetileng, baruti ba madumedi a a ipitsang a Bokeresete ba ne ba sa batle gore batho ba bale Baebele. Ba ne ba bogisa batho ba ba e balang le go bolaya ba ba neng ba e ranola. Mme ka dingwaga tsa bo1800, mekgatlho mengwe e ne ya ranola le go gatisa Baebele kgotsa dikarolo dingwe tsa yone ka dipuo di ka nna 400. Ka dingwaga tsa bo1900, batho ba le bantsi ba ne ba na le Baebele. Le fa go ntse jalo, ba ne ba sa tlhaloganye dithuto tsa yone.

5. Basupi ba ga Jehofa ba ile ba dira eng gore ba kgone go ruta batho boammaaruri?

5 Batho ba ga Jehofa ba ne ba itse gore ba tshwanetse go bolelela ba bangwe se Baebele e se rutang, mme ba ile ba dira fela jalo. Kwa tshimologong, ba ne ba dirisa dithanolo tsa Baebele tse di neng di le gone ka nako eo e bile ba ne ba di naya batho. Fa e sa le ka 1950, ba ile ba gatisa Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo, e feletse kgotsa dikarolo dingwe tsa yone, ka dipuo tse di fetang 120. Ka 2013, ba ne ba gatisa thanolo e e tokafaditsweng ya Seesemane ya Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha. Thanolo eno e motlhofo go ranolwa e bile e tlhaloganyesega sentle. Ka jalo, fa re dirisa Baebele e batho ba kgonang go e tlhaloganya, go motlhofo go ba ruta boammaaruri.

DINAKO TSA KAGISO

6, 7. (a) Mo dingwageng di le 100 tse di fetileng, go nnile le dintwa dife? (b) Dinako tsa kagiso tse di nnileng gone mo dinageng dingwe, di re thusitse jang gore re kgone go rera?

6 Mo dingwageng di le 100 tse di fetileng, go ile ga nna le dintwa di le dintsi, go akaretsa le dintwa tse pedi tsa lefatshe. Go ile ga swa batho ba le dimilionemilione. Ka jalo, kagiso e ile ya nna teng jang mme ile ya thusa jang batho ba ga Jehofa gore ba kgone go rera? Ka nako ya ntwa ya bobedi ya lefatshe, Nathan Knorr o ne a eteletse pele Basupi ba ga Jehofa. Kwa kopanong ya 1942, o ne a neela puo ya setlhogo se se reng, “Kagiso—A e Ka Nnela Ruri?” Mokaulengwe Knorr o ne a tlhalosa boporofeti jo bo mo go Tshenolo kgaolo 17 mme a bo dirisa go bontsha gore Haramagedona e ne e ise e goroge. Morago ga ntwa ya bobedi ya lefatshe go ne go tla nna le nako ya kagiso.—Tshenolo 17:3, 11.

7 Ke boammaaruri gore, seno se ne se sa kaye gore morago ga ntwa ya bobedi ya lefatshe, kagiso e ne e tla nna gone gongwe le gongwe fela. Fa e sa le ka ntwa ya bobedi ya lefatshe, go sule batho ba le dimilionemilione mo dintweng tse dingwe. Mme mo dinageng di le dintsi, go nnile le dinako tsa kagiso tse di ileng tsa dira gore go nne motlhofo gore batho ba ga Jehofa ba kgone go rera. Go ile ga nna le diphelelo dife? Ka nako ya ntwa ya bobedi ya lefatshe, palo ya Basupi ba ga Jehofa e ne e le kwa tlase ga 110 000. Mme gompieno, ba batla ba tshwara dimilione di le robedi! (Bala Isaia 60:22.) Ke boammaaruri gore fa go na le kagiso, re kgona go rerela batho ba bantsi dikgang tse di molemo.

GO TOKAFADIWA GA MEKGWA YA GO TSAYA MAETO

8, 9. Go tsaya maeto go nnile motlhofo jang mme ke ka ntlha yang fa seno se re thusa mo tirong ya rona?

8 Fa batho ba ga Jehofa ba ne ba simolola go rera kwa United States, go ne go se motlhofo gore ba tseye maeto. Ka 1900, dingwaga di ka nna 21 morago ga gore ba simolole go gatisa The Watch Tower, go ne go na le dikoloi di ka nna 8 000 mme go na le ditsela di le mmalwa fela tse di neng di siame mo nageng eo. Mme gompieno, go na le dikoloi di feta bilione le halofo mo lefatsheng lotlhe e bile mafelo a le mantsi a na le ditsela tse di siameng. Ka jalo, re kgona go dirisa dikoloi le ditsela go ya go rerela batho ba ba nnang kgakala le ditoropo le kwa mafelong a go leng thata go ya kwa go one. Tota le fa re nna kwa mafelong a kwa go one go seng motlhofo go tsaya maeto e bile re tlhoka go tsamaya sekgala se seleele, re dira sotlhe se re ka se kgonang go ya go rerela batho gongwe le gongwe fela kwa ba leng gone.—Mathaio 28:19, 20.

Re dira sotlhe se re ka se kgonang go rerela batho gongwe le gongwe fela kwa ba leng gone

9 Gape re dirisa mefuta mengwe ya dipalangwa. Re romela Dibaebele le dikgatiso tse dingwe ka diteraka, dikepe le ka diterena. Seno se raya gore mo dibekeng di le mmalwa fela, re kgona go romela dikgatiso tsa rona kwa bakaulengweng le bokgaitsadi ba ba nnang kwa mafelong a a kgakala. Balebedi ba potologo, maloko a Komiti ya Lekala, barongwa le ba bangwe ba dirisa difofane go ya go neela dipuo kwa dikopanong le go thusa diphuthego. Maloko a Setlhopha se se Laolang mmogo le bakaulengwe ba bangwe ba ba tswang kwa ntlokgolong ya lefatshe lotlhe le bone ba dirisa difofane go ya kwa dinageng tse dintsi go ya go kgothatsa le go thapisa bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone. Dilo tseno tsotlhe di thusa batho ba Modimo gore ba nne seoposengwe.—Pesalema 133:1-3.

PUO LE THANOLO

10. Seesemane se dirisiwa ka ditsela dife mo lefatsheng lotlhe?

10 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, batho ba le bantsi mo Mmusomogolong wa Roma ba ne ba bua Segerika. Gompieno, Seesemane se buiwa ke batho ba le bantsi mo lefatsheng. Tota e bile, buka ya English as a Global Language ya re mo e ka nnang kotara ya baagi ba lefatshe, ba kgona go bua le go tlhaloganya Seesemane. Batho ba le bantsi ba ithuta Seesemane ka gonne se dirisiwa mo go tsa kgwebo, mo dipolotiking, mo go tsa saense le mo go tsa thekenoloji.

11. Seesemane se thusitse jang tiro ya batho ba ga Jehofa?

11 Go dirisiwa ga Seesemane lefatshe ka bophara go dirile gore boammaaruri bo aname. Mo nakong e e fetileng, dikgatiso tsa rona di ne di le gone la ntlha ka Seesemane. Batho ba le bantsi ba ne ba kgona go di bala ka gonne Seesemane se ne se buiwa mo lefatsheng lotlhe. Gape, Seesemane se dirisiwa le kwa ntlokgolong ya rona ya lefatshe lotlhe. E bile, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba tlhaloganyang Seesemane ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe ba thapisiwa mo dikolong tsa rona tse di kwa Patterson, New York.

Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba tlhaloganya ‘puo e e itshekileng’ ya boammaaruri jwa Baebele

12. Dikgatiso tsa rona di ranoletswe mo dipuong di le kae mme dithulaganyo tsa khomputara di re thusitse jang go dira tiro eno?

12 Mme gone, re na le boikarabelo jwa go rerela batho botlhe dikgang tse di molemo. Ke ka moo re ranolelang dikgatiso tsa rona mo dipuong di feta 700. Seno se ile sa kgonega jang? Dikhomputara le dithulaganyo tsa khomputara tse di jaaka MEPS, di re thusitse go dira tiro eno ya go ranola. Ka ntlha ya seo, Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba kgona go tlhaloganya ‘puo e e itshekileng’ ya boammaaruri jwa Baebele e bile ba kgona go nna seoposengwe.—Bala Sefania 3:9.

MELAO LE DITSHWETSO TSA KGOTLATSHEKELO

13, 14. Melao le ditshwetso tsa kgotlatshekelo di ile tsa re thusa jang?

13 Molao wa Roma o ne wa thusa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga gore ba kgone go rera dikgang tse di molemo. Le gompieno, melao ya dinaga di le dintsi e a re thusa fa re ntse re dira tiro ya go rera. Ka sekai, melao ya kwa United States e naya batho tshwanelo ya go itlhophela bodumedi, go bua ka dilo tse ba di dumelang le gore ba kopane mmogo go dira ditiro tsa bodumedi. Seno se raya gore re na le kgololesego ya go kopana mmogo le ya go rera mo nageng eo. Gape, ntlokgolo ya lefatshe lotlhe e e kwa United States e na le kgololesego ya go rulaganya tiro ya lefatshe lotlhe ya go rera. Gone ke boammaaruri gore ka dinako dingwe re ile ra tshwanelwa ke go ya kwa kgotlatshekelo go ya go femela tshwanelo ya rona ya go rera dikgang tse di molemo. (Bafilipi 1:7) Mme fa baatlhodi le setlhopha sa baagi se se dirang tshwetso mo kgetsing ya katlholo ba leka go re tseela tshwanelo ya rona ya go rera, re ne re ya kwa dikgotlatshekelong tse dikgolo mme gantsi re ne re feleletsa re fentse.

14 Le mo dinageng tse dingwe, re ile ra ya kwa kgotlatshekelo go ya go femela kgololesego ya rona ya go obamela Jehofa le ya go rera. Fa re sa fenya kgetsi, re ne ra ya kwa dikgotlatshekelong tsa boditšhabatšhaba. Ka sekai, gantsi re ne re ya kwa Kgotlatshekelong ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho. Ka Seetebosigo 2014, re ne re setse re fentse dikgetsi di le 57 kwa Kgotlatshekelong eo e bile dinaga di le dintsi tsa kwa Yuropa di a itse gore di tshwanetse go ikobela tshwetso ya Kgotlatshekelo eo. Le fa re ‘tlhoilwe ke ditšhaba tsotlhe,’ melao ya dinaga di le dintsi e ile ya re letla gore re obamele Jehofa re gololesegile.—Mathaio 24:9.

DILO TSE DI ILENG TSA RE THUSA

Re gatisa dikgatiso tsa Baebele ka dipuo di le dintsi

15. Mekgwa ya go gatisa e ile ya tokafadiwa ka ditsela dife mme seno se re thusitse jang?

15 Mekgwa e mesha ya go gatisa e ile ya re thusa gore re kgone go rerela batho ba le bantsi dikgang tse di molemo. Makgolokgolo a dingwaga, batho ba ne ba dirisa mokgwa wa go gatisa o o neng wa tlhamiwa ke Johannes Gutenberg mo e ka nnang ka 1450. Mme mo dingwageng tse 200 tse di fetileng, metšhine ya go gatisa e ile ya tokafadiwa ka ditsela di le dintsi. Go ne ga tlhamiwa motšhine wa go gatisa wa offset mme morago ga moo, go gatisa go ne ga nna bonako le boleng jwa dilo tse di gatisitsweng bo ne jwa tokafala. Gape go ne go sa je madi a mantsi go dira pampiri le go dira dibuka. Diphetogo tseno di ile tsa ama jang tiro ya rona ya go gatisa? Ka 1879, go ne ga gatisiwa makasine wa ntlha wa Watch Tower ka Seesemane. Makasine ono o ne o se na ditshwantsho mme go ne ga gatisiwa dikhopi di le 6 000 tsa one. Gompieno, Tora ya Tebelo e gatisiwa ka dipuo tse di fetang 200. E na le ditshwantsho tse dintle tsa mebalabala e bile go gatisiwa dikhopi di feta 50 000 000.

16. Ke dilo dife tse di ileng tsa re thusa go rera mo lefatsheng lotlhe? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo.)

16 Mo dingwageng tse 200 tse di fetileng, mekgwa e e ntseng e tokafadiwa ya thekenoloji e ile ya thusa batho ba ga Jehofa gore ba kgone go rera dikgang tse di molemo. Re setse re umakile diterena, dikoloi mmogo le difofane. Mme gape go ile ga nna le dibaesekele, di-typewriter, Mokwalo wa Difofu, thelekerafo, telefouno, dikhamera, didirisiwa tsa go rekota mantswe le tsa go rekota dibidio, radio, thelebishene, difilimi, dikhomputara le Internet. Le fa gone batho ba ga Jehofa e se bone ba tlhamileng dilo tseno, ba di dirisa go gatisa Dibaebele le dikgatiso tse dingwe ka dipuo tse dintsi mmogo le go rera mo lefatsheng lotlhe. Ka tsela eno, ba “anya mashi a ditšhaba,” fela jaaka Baebele e ile ya bolelela pele.—Bala Isaia 60:16.

Jehofa o a re rata e bile o batla gore re bereke mmogo le ene

17. (a) Re thusiwa ke eng mo tirong ya go rera? (b) Ke ka ntlha yang fa Jehofa a batla gore re bereke mmogo le ene?

17 Ga go pelaelo gore Jehofa ke ene a kaelang tiro ya rona. Jehofa o re neile tiro eno e seng ka gonne a sa kgone go e dira ntle le thuso ya rona mme ke ka gonne o a re rata e bile o batla gore re bereke mmogo le ene. Fa re rera, re mmontsha gore re a mo rata le gore re rata batho ba bangwe. (Mareko 12:28-31; 1 Bakorintha 3:9) Re leboga Jehofa fela thata ka gonne a re thusa go rera mo lefatsheng lotlhe. Ka jalo, a re diriseng tshono nngwe le nngwe go bolelela batho ka Jehofa le ka Bogosi jwa gagwe!

^ ser. 1 Fa e sa le ka 1870, batho ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa Baithuti ba Baebele. Ka 1931, ba ne ba simolola go dirisa leina Basupi ba ga Jehofa.—Isaia 43:10.