Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mokgwa O o Ka Senyang Megopolo ya Rona—Lefufa

Mokgwa O o Ka Senyang Megopolo ya Rona—Lefufa

Mokgwa O o Ka Senyang Megopolo ya Rona—Lefufa

Napoleon Bonaparte o ne a na le lone. Julius Caesar o ne a na le lone. Alexander yo Mogolo o ne a na le lone. Go sa kgathalesege taolo le tsela e banna bano ba neng ba tlotlega ka yone, ba ne ba na le mokgwa ono mo dipelong tsa bone o o ka senyang mogopolo wa motho. Banna bano ba bararo ba ne ba fufegelana.

Rafilosofi wa Moesemane e bong Bertrand Russell a re: “Napoleon o ne a fufegela Caesar, Caesar o ne a fufegela Alexander [yo Mogolo], Alexander ene o ne a fufegela Hercules, yo o iseng a ko a tshele.” Mongwe le mongwe a ka nna le lefufa, go sa kgathalesege gore o humile go le kana kang, o molemo go le kana kang le gore o atlegile go le kana kang mo botshelong.

Lefufa ke go nna le maikutlo a a sa siamang ka mongwe ka ntlha ya dilo tse a nang le tsone, katlego ya gagwe, melemo e a nang le yone, jalo le jalo. Fa tshupiso nngwe ya Baebele e tlhalosa pharologano e e leng fa gare ga lefufa le bopelotshetlha, ya re: “‘Bopelotshetlha’ . . . bo kaya go batla go nna le sengwe se mongwe a nang le sone, mme lefoko ‘lefufa’ le kaya go batla go tseela mongwe se a nang le sone.” Motho yo o lefufa ga a tswele ba bangwe pelo fela mme gape o batla go ba tseela se ba nang le sone.

Re tla bo re le botlhale go sekaseka kafa lefufa le ka simololang ka gone mo go rona le gore diphelelo tsa lone e tla nna dife. Mme segolobogolo re tshwanetse go itse gore ke eng se re ka se dirang go thibela lefufa go laola matshelo a rona.

MOYA O O KA TLHOSETSANG LEFUFA

Le fa batho ba ba sa itekanelang ba na le “tshekamelo ya go fufega,” go na le dilo di le mmalwa tse di ka tlhosetsang tshekamelo eo. (Jak. 4:5) Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana fa a ne a bua ka nngwe ya tsone: “A re se ikgogomoseng, re gaisana, re fufegelana.” (Bagal. 5:26) Moya wa go gaisana o ka dira gore tshekamelo eno ya bosaitekanelang ya go nna lefufa e nne maswe le go feta. Bakeresete ba babedi e bong Cristina le José * ba ne ba lemoga gore seo se boammaaruri.

Cristina yo e leng mmulatsela wa ka metlha a re: “Gantsi ke iphitlhela ke fufegela ba bangwe. Ke bapisa se ba nang le sone le se ke se nang sone.” Nako nngwe, Cristina o ne a ja dijo mmogo le banyalani bangwe ba ba nang le tshiamelo ya go direla mo tirong ya go eta. Fa Cristina a lemoga gore ene le monna wa gagwe e bong Eric, ba ne ba batlile ba lekana ka dingwaga le molebedi yo o etang le mosadi wa gagwe e bile mo nakong e e fetileng ba kile ba bo ba na le ditshiamelo tse di tshwanang, o ne a re: “Monna wa me le ene ke mogolwane! Ka jalo, go tla jang gore lona lo nne mo tirong ya go eta mme rona re se sepe?” Molelo wa lefufa o o neng o tlhosediwa ke moya wa go gaisana, o ne wa dira gore a se ka a bona tiro e e molemo e ene le monna wa gagwe ba neng ba e dira, mme wa dira gore a se ka a kgotsofalela botshelo jwa bone.

José o ne a eletsa go nna motlhanka wa bodiredi mo phuthegong. Fa a ne a sa tlhophiwe mme ba bangwe bone ba tlhophiwa, o ne a ba fufegela a bo a tshwarela morulaganyi mo setlhopheng sa bagolwane sekgopi. José a re: “Lefufa le ne la dira gore ke simolole go tlhoa mokaulengwe yono le gore ke akanye gore ga a batle gore ke nne le ditshiamelo mo phuthegong. Fa lefufa le laola botshelo jwa gago, o ikakanyetsa o le esi e bile ga o kgone go akanya sentle.”

SE DIKAO TSA DIKWALO DI RE RUTANG SONE

Baebele e na le dikao tse dintsi tse di re tlhagisang. (1 Bakor. 10:11) Dingwe tsa tsone ga di bontshe fela kafa lefufa le simologang ka gone, gape di bontsha kafa le ka nnang botlhole ka gone mo go ba ba le letlang gore le ba laole.

Ka sekai, morwa wa leitibolo wa ga Adame le Efa e bong Kaine, o ne a galefa fa Jehofa a ne a amogela setlhabelo sa ga Abele mme e seng sa gagwe. Kaine a ka bo a ile a baakanya boemo joo, le fa go ntse jalo o ne a foufadiwa ke lefufa mo a ileng a bolaya morwarraagwe. (Gen. 4:4-8) Ga go gakgamatse go bo Baebele e bua ka Kaine e le mongwe “yo o neng a tswa mo go yo o boikepo,” e bong Satane!—1 Joh. 3:12.

Bomorwarraagwe Josefa ba le lesome ba ne ba fufegela kamano e e kgethegileng e Josefa a neng a na le yone le rraagwe. Letlhoo le ba neng ba tlhoile Josefa ka lone le ne la gola fa a ne a ba bolelela ditoro tsa gagwe tse di neng di tla diragala. Ba ne ba bo ba batla go mmolaya. Kgabagare ba ne ba mo rekisa go nna motlhanka mme ka bosetlhogo ba dira gore rraabone a dumele gore Josefa o ne a sule. (Gen. 37:4-11, 23-28, 31-33) Dingwaga di le dintsi morago ga foo, ba ne ba dumela boleo jwa bone mme ba bolelelana jaana: “Kwantle ga pelaelo re molato ka ga morwarraarona, ka gonne re ne ra bona go tshwenyega thata ga moya wa gagwe fa a ne a re kopa bopelotlhomogi, mme ga re a ka ra reetsa.”—Gen. 42:21; 50:15-19.

Kora, Dathane le Abirame, bone ba ne ba simolola go nna le lefufa fa ba ne ba bapisa ditshiamelo tsa bone le tsa ga Moshe le Arone. Ba ne ba latofatsa Moshe ka gore “o itira kgosana” le gore o itseela kwa godimo go feta ba bangwe. (Dipa. 16:13) Tatofatso eno e ne e se boammaaruri. (Dipa. 11:14, 15) Jehofa ka boene o ne a tlhomile Moshe. Mme batsuolodi bano ba ne ba fufegela boemo jwa ga Moshe. Kgabagare, lefufa le ne la dira gore Jehofa a ba fedise.—Pes. 106:16, 17.

Kgosi Solomone o ne a lemoga gore lefufa le ka nna maswe go le kana kang. Mosadi yo leseanyana la gagwe le le sa tswang go tsholwa le neng le tlhokafetse, o ne a leka go tsietsa tsala ya gagwe gore e akanye gore ngwana yo o suleng e ne e le wa yone. Fa tsheko e ntse e tsweletse, moaki yono o ne a bo a dumalana le kgopolo ya gore ngwana yo o tshelang a bolawe. Le fa go ntse jalo, Solomone o ne a tlhomamisa gore lesea le newa mmaalone wa mmatota.—1 Dikg. 3:16-27.

Lefufa le ka nna le ditlamorago tse di maswe. Dikao tse di mo Baebeleng tse re sa tswang go bua ka tsone di bontsha gore lefufa le ka felela ka letlhoo, go tlhoka tshiamiso le polao. Mo godimo ga moo, mongwe le mongwe yo o neng a fufegelwa o ne a sa dira sepe se se phoso. A go sengwe se re ka se dirang go tlhomamisa gore lefufa ga le laole matshelo a rona? Ke dikgato dife tse re ka di tsayang gore lefufa le se ka la re laola?

DITSELA TSA GO LAOLA LEFUFA!

Nna le lorato lwa bokaulengwe. Moaposetoloi Petere o ne a tlhagisa Bakeresete jaana: “Jaanong e re ka lo itshekisitse meya ya lona ka gore lo utlwe boammaaruri mo go felelang ka gore lo nne le lorato lwa bokaulengwe lo lo se nang boitimokanyo, ratanang ka lorato lo logolo lo lo tswang pelong.” (1 Pet. 1:22) Mme tota lorato lo ntse jang? Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Lorato lo pelotelele e bile lo pelonomi. Lorato ga lo fufege, ga lo ikgantshe, ga lo ikgogomose, ga lo itshware ka tsela e e sa tshwanelang, ga lo ipatlele melemo ya lone.” (1 Bakor. 13:4, 5) A go rata ba bangwe ka lorato lo lo ntseng jalo go ka se fedise tshekamelo e e sa siamang e e bakang lefufa? (1 Pet. 2:1) Go na le gore Jonathane a fufegele Dafide, o ne a “mo rata jaaka moya wa gagwe.”—1 Sam. 18:1.

Kopanela le batho ba Modimo. Motlhami wa Pesalema 73 o ne a fufegela baikepi ba ba neng ba tshela botshelo jwa manobonobo jo bo se nang mathata. Le fa go ntse jalo, o ne a fenya lefufa la gagwe ka go ya kwa “lefelong le legolo le le boitshepo la Modimo.” (Pes. 73:3-5, 17) Fa mopesalema a ne a kopanela le baobamedimmogo le ene o ne a kgona go lemoga ditshegofatso tse a di boneng ka ntlha ya go “atamela Modimo.” (Pes. 73:28) Go kopanela ka metlha le badumedimmogo le rona kwa dipokanong tsa Bokeresete, le rona go ka re thusa.

Batla go dira molemo. Fa Modimo a sena go lemoga lefufa le letlhoo le Kaine a neng a na le lone, o ne a mmolelela jaana: “Simolola go dira molemo.” (Gen. 4:7) “Go dira molemo” go akaretsa eng mo Bakereseteng? Jesu o ne a re re tshwanetse go ‘rata Jehofa Modimo wa rona ka pelo yotlhe ya rona le ka moya otlhe wa rona le ka mogopolo otlhe wa rona mme re rate baagelani ba rona jaaka re ithata.’ (Math. 22:37-39) Kgotsofalo e re nnang le yone fa re dira gore matshelo a rona a remelele mo go direleng Jehofa le mo go thuseng ba bangwe, e ka re thusa gore lefufa le se ka la laola matshelo a rona. Go nna le seabe ka botlalo mo go rereng ka Bogosi le mo tirong ya go dira barutwa ke tsela e e molemo ya go direla Modimo le baagelani ba rona e bile go re leretse “tshegofatso ya ga Jehofa.”—Dia. 10:22.

‘Ipele le batho ba ba ipelang.’ (Bar. 12:15) Jesu o ne a ipelela katlego ya barutwa ba gagwe, mme o ne a bontsha gore ba tla fitlhelela go le gontsi go feta se ene a se fitlheletseng mo tirong ya go rera. (Luke 10:17, 21; Joh. 14:12) Re seoposengwe re le batlhanka ba ga Jehofa; ka jalo, katlego ya mongwe le mongwe wa rona ke tshegofatso mo go rona rotlhe. (1 Bakor. 12:25, 26) Ruri re tshwanetse go ipela fa ba bangwe ba amogela maikarabelo a a oketsegileng go na le go ba fufegela!

NTWA ENO GA E MOTLHOFO!

Go lwa le lefufa go ka tsaya lobaka. Cristina a re: “Ke sa ntse ke na le tshekamelo ya lefufa. Tota le fa ke sa rate maikutlo ao, a nna a ntse a le teng, mme ke tshwanelwa ke go nna ke a itlhokomolosa.” José o ne a lebana le ntwa e e tshwanang. A re: “Jehofa o ne a nthusa gore ke anaanele dinonofo tse di molemo tse morulaganyi mo setlhopheng sa bagolwane a nang le tsone. Go nna le kamano e e molemo le Modimo ke selo se se tlhwatlhwakgolo.”

Lefufa ke nngwe ya “ditiro tsa nama” tse Mokeresete mongwe le mongwe a tshwanetseng go lwa le tsone. (Bagal. 5:19-21) Fa re sa letle gore lefufa le re laole, re ka nna le botshelo jo bo itumetseng mme ra itumedisa Rraarona yo o kwa legodimong, e bong Jehofa.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Maina a fetotswe.

[Mafoko a a mo go tsebe 17]

‘Ipele le batho ba ba ipelang’