Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Senka Matlotlo go Feletse ka Gore re Bone Mahumo a a Nnelang Ruri

Go Senka Matlotlo go Feletse ka Gore re Bone Mahumo a a Nnelang Ruri

Kgang ya Botshelo

Go Senka Matlotlo go Feletse ka Gore re Bone Mahumo a a Nnelang Ruri

Jaaka go Boletse Dorothea Smith le Dora Ward

Re ne re batlana le matlotlo a mofuta ofe? Re ne re le basetsana ba babedi ba basha ba ba nang le keletso e kgolo ya go nna le seabe mo go diragatseng taelo eno ya ga Jesu: “Tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa.” (Mathaio 28:19) Mma re tlhalose kafa letsholo leno la go senka matlotlo le neng la re tlisetsa mahumo a a nnelang ruri ka gone.

DOROTHEA: Ka 1915, moragonyana fela ga gore Ntwa ya Lefatshe I e simolole, ke ne ka tsholwa ke le ngwana wa boraro mo lelapeng la rona. Re ne re nna gaufi le Howell kwa Michigan mo United States. Rre o ne a sa rate bodumedi mme Mmè ene e ne e le mosadi yo o boifang Modimo. O ne a leka go re ruta go latela Melao e e Lesome, mme o ne a tshwenyegile ka gore nna; kgaitsadiake e bong Willis le nnake e bong Viola re ne re se maloko a bodumedi bope.

Fa ke na le dingwaga di le 12 Mmè o ne a dira tshwetso ya gore ke kolobediwe jaaka leloko la Kereke ya Presbyterian. Ke sa ntse ke gakologelwa sentle letsatsi le ke kolobeditsweng ka lone. Ke ne ka kolobediwa nako e le nngwe le masea a le mabedi a a neng a kukilwe ke bommaabone. Ke ne ka ikutlwa ke nyaditswe tota ka go kolobediwa le masea. Moruti o ne a nkgatšha ka marothodi a sekae a metsi mo tlhogong a bo a ngunanguna mafokonyana a ke neng ke sa a tlhaloganye. Totatota ke ne ke itshwanela fela le one masea ao ke sa itse sepe ka kolobetso!

Letsatsi lengwe ka 1932, go ne ga ema koloi mo lelapeng la rona mme Mmè a ya go bula kgoro. E ne e le makawana a le mabedi a a neng a tsamaisa dibuka tsa bodumedi. Mongwe wa bone o ne a re ke ene Albert Schroeder. O ne a bontsha Mmè dingwe tsa dibuka tse di gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa. Mmè o ne a amogela dibuka tseo. Dibuka tseo di ne tsa mo thusa gore a amogele boammaaruri jo bo tswang mo Lefokong la Modimo.

Tiro ya go Senka Matlotlo e a Simolola

Kgabagare ke ne ka fudugela kwa Detroit go ya go nna le nkgonne. Fa ke goroga koo ke ne ka kopana le mosadimogolo mongwe yo a neng a etela nkgonne go tla go mo ruta Baebele. Metlotlo e ba neng ba nna le yone e ne e nkgakolola thulaganyo nngwe ya radio e ke neng ke e reetsa beke le beke le Mmè fa ke ne ke sa ntse ke le kwa gae. Thulaganyo eo e ne e na le puo ya metsotso e le 15 e e theilweng mo setlhogong sengwe sa Baebele mme e neelwa ke J. F. Rutherford, yo o neng a eteletse Basupi ba ga Jehofa pele ka nako eo. Ka 1937, re ne ra simolola go kopanela le phuthego ya ntlha ya Basupi ba ga Jehofa e e neng e le mo Detroit. Ke ne ka kolobediwa mo ngwageng o o latelang.

Mo tshimologong ya bo1940, go ne ga dirwa kitsiso ya gore Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bula sekolo se se bidiwang Gileade kwa South Lansing, New York, go thapisa barongwa. Fa ke utlwa gore bangwe ba baalogi ba sekolo seo ba tla ya go direla kwa dinageng di sele, ke ne ka akanya jaana, ‘Tota le nna nka rata go ya Gileade!’ Ke ne ka ipeela mokgele wa go ya Gileade. Ruri e ne e tla nna tshiamelo tota go senka “matlotlo” kwa dinageng tse dingwe—ke gore, go batla batho ba ba eletsang go nna barutwa ba ga Keresete Jesu!—Hagai 2:6, 7.

Kgabagare Ke ne Ke Fitlhelela Mokgele wa Me

Ka April 1942 ke ne ka tlogela tiro ya me ya boitshediso mme ka nna mmulatsela kana moreri wa nako e e tletseng kwa Findlay, Ohio, mmogo le setlhopha sa bokgaitsadi ba le batlhano. Go ne go se na phuthego e e nang le thulaganyo ya go tshwara dipokano ka metlha, mme re ne re kgothatsana ka go bala re le setlhopha ditlhogo tse di tswang mo dikgatisong tsa rona tsa Bokeresete. Mo kgweding ya me ya ntlha ya bobulatsela ke ne ka tsamaisetsa batho ba ba kgatlhegang dibuka di le 95! Mo e ka nnang ngwaga le halofo morago ga moo ke ne ka abelwa go ya go dira jaaka mmulatsela yo o kgethegileng kwa Chambersburg, Pennsylvania. Fa ke fitlha koo ke ne ka dira le setlhopha sa babulatsela ba bangwe ba le batlhano, mongwe wa bone e le Dora Ward, kgaitsadi wa Mokeresete yo o neng a tswa kwa Iowa. Nna le Dora re ne re bereka mmogo mo tirong ya bobulatsela. Re ne re kolobeditswe mo ngwageng o le mongwe, mme bobedi jwa rona re ne re na le keletso ya go ya kwa Sekolong sa Gileade le go direla jaaka barongwa kwa dinageng di sele.

Mo tshimologong ya 1944, letsatsi le le itumedisang le ne la goroga! Re ne ra amogela taletso ya go tsenela tlelase ya bonè ya Gileade. Re ne ra ikwadisa ka kgwedi ya August ya one ngwaga oo. Pele ke tswelela, mma Dora a go bolelele gore go tlile jang gore a nne modirimmogo le nna wa nako e telele mo tirong ya go senka matlotlo.

Ke ne Ke Swegaswega go Simolola go Rera ka Nako e e Tletseng

DORA: Mmè o ne a ntse a rapelela gore a tlhaloganye Lefoko la Modimo. Sontaga mongwe ke ne ke na le ene fa re utlwa puo e e neng e neelwa ke J. F. Rutherford mo radiong. Kwa bofelong jwa puo eo Mmè o ne a goa a re, “Seno ke boammaaruri!” Moragonyana fela ga foo, re ne re setse re ithuta dibuka tsa Basupi ba ga Jehofa. Ka 1935, fa ke na le dingwaga di le 12, ke ne ka nna teng mo puong ya kolobetso e e neng e neelwa ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, mme ke ne ka ikutlwa ke na le keletso e e tswang pelong ya go neela botshelo jwa me mo go Jehofa. Dingwaga di le tharo morago ga moo, ke ne ka kolobediwa. Go ineela ga me le go kolobediwa go ne ga nthusa gore mo dingwageng tse ke neng ke sa ntse ke tsena sekolo ka tsone, ke nne ke nitame mo go bolokeng mekgele e ke itiretseng yone. Ke ne ke tlhoafaletse go fetsa mo sekolong gore ke simolole go bula tsela.

Ka nako eo, setlhopha se re neng re kopanela le sone sa Basupi se ne se kopana mmogo jaaka phuthego kwa Fort Dodge, Iowa. Re ne re tshwanelwa ke go iteka ka natla gore re nne teng mo dipokanong tsa Bokeresete. Mo dingwageng tseo, ditlhogo tsa dithuto tsa Tora ya Tebelo di ne di se na dipotso tse phuthego e neng e ka tlotla ka tsone. Mmoledi mongwe le mongwe o ne a kopiwa gore a tle le dipotso tse a di baakanyeditseng mme a di neye mokaulengwe yo o tshwarang Thuto ya Tora ya Tebelo. Maitseboa mangwe le mangwe a Mantaga, nna le Mmè re ne re baakanyetsa dipotso go tswa mo serapeng sengwe le sengwe mme re di naya motshwari wa Tora ya Tebelo gore a tlhophe tse a tla di dirisang.

Gangwe le gape phuthego ya rona e ne e etelwa ke molebedi yo o etang. Mongwe wa bakaulengwe bao e leng John Booth, o ne a nthusa go simolola bodiredi jwa ntlo le ntlo fa ke le dingwaga di le 12. Fa ke na le dingwaga di le 17, ke ne ka mmotsa gore foromo ya bobulatsela e tladiwa jang mme o ne a nthusa. Ke ne ke sa itse gore re ne re tla kopana gape moragonyana mme o ne a tla nna tsala ya me e kgolo!

Fa ke ntse ke le mmulatsela, gantsi ke ne ke bereka le Kgaitsadi Dorothy Aronson, moreri wa nako e e tletseng yo o neng a mpheta ka dingwaga di le 15. Re ne ra bula tsela mmogo go fitlha a kopiwa go tsenela tlelase ya ntlha ya Gileade ka 1943. Morago ga moo ke ne ka tswelela ke bula tsela ke le nosi.

Go Ganediwa Ga go A ka Ga re Thibela

Dingwaga tsa bo1940 di ne di le thata mo go rona ka ntlha ya moya wa bosetšhaba o o neng o tlhotlhelediwa ke Ntwa ya Lefatshe II. Gantsi fa re rera ka ntlo le ntlo re ne re konopiwa ka mae a a bodileng, ditamati tse di buduleng thata, mme ka dinako tse dingwe re konopiwa le ka matlapa! Re ne ra lebana le teko e e masisi go feta eo fa re ne re tsamaisa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Consolation (e jaanong e bidiwang Tsogang!) mo mmileng mongwe. Mapodise a a neng a tlhotlhelediwa ke baganetsi ba bodumedi a ne a tla kwa go rona mme a re tshosetsa ka gore a tla re tshwara fa a ka re bona gape re rera phatlalatsa.

Ee gone, re ne ra gana go tlogela go rera mme ra isiwa kwa seteisheneng sa mapodise go ya go botsolodiwa. Fa re sena go gololwa re ne ra boela kwa go one mmila oo go ya go tsamaisa tsone dimakasine tseo gape. Re ne ra dirisa kgakololo e re e neilweng ke bakaulengwe ba ba eteletseng pele e e tswang mo go Isaia 61:1, 2 go emela se re neng re se dumela. Nako nngwe fa ke ne ke atamelwa ke mosha mongwe wa lepodise, ke ne ka mmolelela ke tshogile temana eo e ke neng ke e tshwere ka tlhogo. Ke ne ka gakgamala tota fa ke mmona a retologa a tsamaya! Go ne go lebega baengele ba ne ba re sireleditse.

Letsatsi Le le Sa Lebalesegeng

Ka 1941, ke ne ka itumelela go ya kopanong ya Basupi ba ga Jehofa ya malatsi a le matlhano e e neng e tla tshwarelwa kwa St. Louis, Missouri. Fa kopano e ntse e tsweletse, Mokaulengwe Rutherford o ne a kopa bana botlhe ba dingwaga tse di fa gare ga 5 le 18 gore ba kokoane mo karolong e kgolo ya setadiamo. Bana ba le diketekete ba ne ba phuthegela koo. Mokaulengwe Rutherford o ne a re dumedisa ka go kgadikanya sakatuku sa gagwe. Mme le rona re ne ra tsholetsa matsogo ra mo dumedisa. Morago ga go neela puo e e tsereng ura o ne a re: “Lona bana ba ba dumetseng go dira go rata ga Modimo mme lo eme kafa letlhakoreng la puso ya Modimo e Keresete Jesu a busang mo go yone e bile lo dumetse go obamela Modimo le Kgosi ya gagwe, tsweetswee emang ka dinao.” Bana ba le 15 000 ba ne ba ema ka nako e le nngwe—ke ne ke le mongwe wa bone! Sebui se ne sa oketsa ka go re: “Lona lotlhe ba ba tla dirang bojotlhe go bolelela ba bangwe ka Bogosi jwa Modimo le masego a jone, tsweetswee e reng Ee.” Go ne ga utlwala modumo o mogolo wa ee.

Morago ga moo go ne ga gololwa buka ya setlhogo se se reng Children * mme bana ba ne ba dira mokoloko o moleele o o yang kwa seraleng kwa Mokaulengwe Rutherford a neng a naya mongwe le mongwe wa bone buka ya gagwe e ntšha. Go ne go le monate tota! Gompieno ba le bantsi ba bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba neng ba amogela buka eo ka nako eo ba sa ntse ba direla Jehofa ba tlhoafetse lefatshe ka bophara ba bua ka Bogosi jwa Modimo le tshiamo ya gagwe.—Pesalema 148:12, 13.

Ruri ke ne ka itumela tota fa ke amogela kabelo ya go nna mmulatsela yo o kgethegileng kwa Chambersburg morago ga gore ke bule tsela ke le nosi dingwaga di le tharo! Fa ke le koo ke ne ka kopana le Dorothea, mme go ise go ye kae re ne ra nna ditsala tse dikgolo. Re ne re na le matlhagatlhaga a bosha e bile re tlhagafetse thata. Re ne re tlhoafaletse go atolosa seabe sa rona mo tirong ya go rera. Re ne ra simolola tiro ya go senka matlotlo, e re nnileng mo go yone botshelo jwa rona jotlhe.—Pesalema 110:3.

Dikgwedi di le mmalwa fela morago ga gore re simolole go dira jaaka babulatsela ba ba kgethegileng, re ne ra kopana le moalogi wa tlelase ya ntlha ya Gileade e bong Albert Mann. O ne a le gaufi le go ya kwa kabelong ya gagwe ya kwa nageng e sele. O ne a re kgothatsa gore le rona re amogele kabelo le fa e ka nna efe ya kwa dinageng di sele e re neng re ka e newa.

Re ne Re le Mmogo Kwa Sekolong

DORA LE DOROTHEA: Akanya fela gore re ne re phophoma boitumelo go le kanakang fa re simolola thapiso ya rona ya go nna barongwa! Mo letsatsing la ntlha la sekolo, Albert Schroeder, e leng mokaulengwe yo o neng a tsamaisetsa mmaagwe Dorothea buka ya Studies in the Scriptures dingwaga di le 12 pele ga foo, o ne a re kwadisa. John Booth le ene o ne a le teng. Ka nako eo e ne e le molebedi wa polasi kwa Polasing ya Bogosi e leng kwa sekolo se neng se le gone. Moragonyana banna bano ba babedi ba ne ba nna maloko a Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa.

Fa re le kwa Sekolong sa Gileade re ne re ithuta dithuto tse di boteng tsa Baebele. E ne e le thapiso e e molemo tota. Go ne go na le baithuti ba le 104 mo tlelaseng ya rona go akaretsa le moithuti yo o neng a tswa kwa Mexico e bile e le moithuti wa ntlha yo o tswang kwa nageng e sele. O ne a leka go tokafatsa tsela e a buang Seesemane ka yone fa rona re ne re leka go ithuta Sepanishe. Re ne re itumetse tota mo letsatsing le Mokaulengwe Nathan H. Knorr a neng a naya rona baithuti dikabelo tsa go ya kwa dinageng di sele! Bontsi jwa rona re ne re abetswe go ya kwa Bogare le kwa Borwa jwa Amerika; rona kabelo ya rona e ne e le kwa Chile.

Go Senka Matlotlo Kwa Chile

Gore re kgone go tsena kwa Chile, re ne re tshwanetse go nna le lokwalo lwa mosepele mme go ne ga re tsaya nako go lo bona. Ka jalo fa re sena go aloga ka January 1945, re ne ra nna babulatsela kwa Washington, D.C., lobaka lwa ngwaga le halofo. Fa re amogela makwalo a rona a mosepele re ne ra nna mo setlhopheng sa barongwa ba le robongwe ba ba neng ba tsaya loeto lwa go ya kwa Chile. Ba le supa ba bone ba ne ba tswa mo ditlelaseng tsa Gileade tse di neng di tshwerwe pele ga ya rona.

Bakaulengwe ba le mmalwa ba Bakeresete ba ne ba tla go re kgatlhantsha fa re goroga kwa Santiago e leng motsemoshate wa Chile. Mongwe wa bone e ne e le Albert Mann, moalogi wa Gileade yo o neng a re kgothatsa dingwaga di le mmalwa pele ga foo. O ne a gorogile mo Chile ngwaga pele ga rona mmogo le Joseph Ferrari yo o neng a tswa mo tlelaseng ya bobedi ya Gileade. Fa re goroga kwa Chile, go ne go na le baboledi ba ba kwa tlase ga ba le 100 mo nageng yotlhe ya Chile. Re ne re tlhoafaletse go senka le go bona matlotlo a a oketsegileng—batho ba ba dipelo di ikanyegang—mo kabelong ya rona e ntšha.

Re ne ra abelwa mo legaeng la barongwa le le mo Santiago. E ne e le la ntlha re nna le lelapa le legolo jaana la barongwa. Kwantle ga diura tse di batlegang tse re neng re di fetsa mo tirong ya go rera, barongwa botlhe ba ne ba abetswe gore ba apeele lelapa gangwe ka beke. Le rona re ne ra dira dilo dingwe tse di neng tsa re tlhabisa ditlhong. Nako nngwe re ne ra baka dibisikiti gore lelapa la rona le le tshwerweng ke tlala le di je ka nako ya sefitlholo, mme e rile re di ntsha mo ontong, ra lemoga gore ga di nkge monate. Re ne re dirisitse baking soda go na le go dirisa baking powder! Mongwe o ne a tshetse baking soda mo tshitswaneng ya baking powder.

Le fa go ntse jalo, diphoso tse re neng ra di dira fa re ithuta Sepanishe tsone di ne di tlhabisa ditlhong le go feta. Lelapa le legolo le re neng re ithuta Baebele le lone le ne la batla le tlogela go ithuta gonne le sa tlhaloganye se re neng re se bua. Mme ka go bala ditemana tse di tswang mo Dibaebeleng tsa bone ba ne ba kgona go ithuta boammaaruri, mme ba le batlhano ba bone ba ne ba nna Basupi. Mo dingwageng tseo go ne go se na khoso ya go ithuta dipuo e barongwa ba basha ba neng ba ka e tsenela. Re ne ra simolola tiro ya go rera ka yone nako eo mme ra leka go ithuta puo e e buiwang foo mo bathong ba re neng re ba rerela.

Re ne re tshwara dithuto di le dintsi tsa Baebele, mme bontsi jwa batho ba re neng re ithuta le bone ba ne ba amogela boammaaruri ka bonako. Ba bangwe bone ba ne ba tlhoka gore re nne pelotelele. Lekgarebe lengwe le le bidiwang Teresa Tello, le ne la reetsa molaetsa wa boammaaruri mme la re: “Tsweetswee lo boe gape lo tle go ntlotlela mo go oketsegileng.” Re ne ra boela ga 12 re sa mo fitlhele. Go ne ga feta dingwaga di le tharo. Morago ga moo re ne ra ya kopanong e e neng e tshwaretswe mo lefelong la bobogelo kwa Santiago. Fa re tloga kwa kopanong ka Sontaga, ke ne ka utlwa mongwe a mpitsa a re: “Mmè Dora, Mmè Dora!” Fa re retologa, ra fitlhela e le Teresa. O ne a etetse mogolowe yo o neng a nna gaufi le lefelo leno la bobogelo mme o ne a tlile go bona gore go direga eng foo. Re ne re itumetse tota go kopana le ene gape! Re ne ra dira dithulaganyo tsa go tshwara thuto ya Baebele le ene mme go ise go ye kae o ne a kolobediwa. Moragonyana o ne a nna mmulatsela yo o kgethegileng. Gompieno, dingwaga di ka nna 45 morago ga tiragalo eo, Teresa o sa ntse a le mo tirelong e e kgethegileng ya nako e e tletseng.—Moreri 11:1.

Go Bona Matlotlo mo “Motlhabeng”

Ka 1959 re ne ra abelwa kwa Punta Arenas—mo go rayang “Lefelo la Motlhaba”—mo kgaolong e e kwa borwa kwa bofelong jwa lotshitshi lwa Chile lo lo boleele jwa dikilometara di le 4 300. Punta Arenas ke lefelo le le sa tlwaelegang. Mo dikgweding tsa selemo, letsatsi le nna letelele—go nna lesedi go fitlha ka 11:30 p.m. Re ne re kgona go fetsa malatsi a le mantsi mo bodireding, mme gone go na le dikgoreletsi, gonne selemo go nna le diphefo tse di maatla tsa Antarctic. Dikgwedi tsa mariga tsone di tsididi, e bile letsatsi le lekhutshwane.

Go sa kgathalesege mathata ano, go na le dilo dingwe tse di itumedisang mo Punta Arenas. Fa e le selemo go nna go na le maru a pula a a ntseng a biloga go kgabaganya loapi lo lo kafa bophirima. Gangwe le gape o ka nelwa ka tshoganetso ke pula e e tswang mo marung ao, mme go bo go nna le phefo e e fokang e e go omisang. Morago ga moo go nna le motshe wa godimo o montle fa letsatsi le tlhaga go tswa mo marung. Ka dinako dingwe motshe ono wa godimo o nna teng diura di le dintsi o ntse o tswa o nyelela fa letsatsi le ntse le phatsima go tswa mo marung a pula.—Jobe 37:14.

Ka nako eo go ne go na le baboledi ba le mmalwa fela mo Punta Arenas. Rona bokgaitsadi re ne re tshwanelwa ke go tshwara dipokano mo phuthegong e nnye ya lefelo leo. Jehofa o ne a segofatsa maiteko a rona. Dingwaga di le 37 morago ga moo, re ne ra ya go etela lefelo leno. Ra fitlhela eng? Diphuthego di le thataro tse di golang sentle le Diholo tse tharo tse dintle tsa Bogosi. Ruri go a itumedisa tota gore Jehofa o re letleletse gore re bone matlotlo a semoya mo motlhabeng oo wa borwa!—Sekarea 4:10.

Matlotlo a a Oketsegileng mo “Lotshitshing Lwa Lewatle lo lo Sephara”

Morago ga go direla dingwaga di le tharo le halofo kwa Punta Arenas, re ne ra abelwa kwa toropong e e nang le boemakepe ya Valparaiso. Toropo eo e na le dithota di le 41 tse di dikologileng lobopo lo lo okameng Lewatle la Pacific. Re ne ra rera mo go nngwe ya dithota tseno e e bidiwang Playa Ancha, mo go rayang “Lotshitshi Lwa Lewatle lo lo Sephara.” Mo dingwageng di le 16 tse re di feditseng koo, re bone setlhopha sa bakaulengwe ba basha ba Bakeresete ba gola semoyeng mo e leng gore gone jaanong ke balebedi ba ba etang, mme bangwe ba bone ke bagolwane mo diphuthegong tse di mo Chile.

Kabelo ya rona e e latelang ya borongwa e ne ya nna kwa Viña del Mar. Re ne ra direla koo dingwaga di le tharo le halofo go fitlha thoromo ya lefatshe e senya legae la barongwa. Re ne ra boela kwa Santiago, kwa re neng re simolotse tiro ya rona ya borongwa teng dingwaga di le 40 pelenyana. Dilo di ne di fetogile. Go ne go agilwe dikago tse disha tsa lekala, mme kago ya bogologolo ya lekala e ne e le yone legae la barongwa botlhe ba ba neng ba sa ntse ba le mo nageng eo. Moragonyana legae leo le ne la dirisediwa Sekolo sa Thapiso sa Bodiredi. Ka nako eo, Jehofa o ne a re bontsha bopelonomi jwa gagwe jo bo lorato gape. Barongwa ba le batlhano mo go rona ba ba neng ba setse ba godile ba ne ba kopiwa go tla go nna kwa Bethele. Mo nakong e re e feditseng re direla mo Chile re nnile le dikabelo di le 15 tse di farologaneng. Re bone tiro ya go rera e gola go tloga go baboledi ba ba kwa tlase ga 100 go ya go ba ka nna 70 000! Ruri go ne go itumedisa tota go senka matlotlo mo Chile ka dingwaga di le 57!

Re ikutlwa re segofetse tota go bo Jehofa a re letlile go bona batho ba le bantsi jaana—matlotlo a mmatota—ba a ntseng a ba dirisa mo phuthegong ya gagwe. Mo dingwageng di feta 60 tse re ntseng re direla Jehofa mmogo, re dumalana go tswa pelong le boikutlo jo bo tlhalositsweng ke Kgosi Dafide yo o neng a kwala jaana: “A bo molemo wa gago, o o o boloketseng ba ba go boifang o le mogolo jang ne!”—Pesalema 31:19.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 24 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa mme ga e tlhole e gatisiwa.

[Ditshwantsho mo go tsebe 9]

Dorothea ka 2002 le mo tirong ya go rera ka 1943

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Re le mo tirong ya mmila kwa Fort Dodge, Iowa, ka 1942

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Dora, 2002

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Dorothea le Dora kafa ntle ga legae la bone la ntlha la barongwa kwa Chile ka 1946