Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Basha—Lo Ama Dipelo Tsa Batsadi ba Lona

Basha—Lo Ama Dipelo Tsa Batsadi ba Lona

BashaLo Ama Dipelo Tsa Batsadi ba Lona

MOAPOSETOLOI JOHANE yo o neng a setse a godile o ne a kwala jaana: “Ga go na lebaka le legolo la go leboga le ke nang le lone go feta dilo tseno, gore ke bo ke ntse ke utlwa gore bana ba me ba tswelela ba tsamaya mo boammaaruring.” (3 Johane 4) Le fa bana ba go buiwang ka bone mo temaneng eno ya Baebele e le barutwa ba Bakeresete, motsadi yo o boifang Modimo o kgona go tlhaloganya mafoko ano a ga Johane sentle. Fela jaaka batsadi ba ama matshelo a bana ba bone fela thata, bana le bone ba ama matshelo a batsadi ba bone thata.

Kgosi Solomone wa kwa Iseraele o ne a lemoga kafa bana ba ka amang batsadi ba bone ka selekanyo se segolo ka teng. O ne a kwala jaana: “Morwa yo o botlhale ke yo o ipedisang rraagwe, mme morwa yo o sematla ke khutsafalo mo go mmaagwe.” (Diane 10:1) Ka jalo, bana botlhe—tota le ba ba godileng—ba tshwanetse ba akanya kafa ditiro tsa bone di ka amang rraabone le mmaabone ka teng. Ke ka ntlha yang fa go tshwanela go dira jalo?

Akanya fela kafa batsadi ba gago ba ba boifang Modimo ba ileng ba go tlhokomela ka teng fa ba ntse ba go godisa! Ba ne ba simolola go amega ka wena le go go rapelela lobaka lo loleele pele o tsholwa. Fa o sena go tsholwa, batsadi ba gago boobedi ba ne ba itumelela go tlhagolela kamano e e molemo le wena mme ba tshwanetse ba bo ba ile ba leboga Modimo ka tshiamelo le boikarabelo jono jo bo molemo e bile bo le masisi jwa go nna batsadi. Ba ne ba sa tswa go newa mothonyana yo o sa kgoneng go itirela sepe gore ba mo tlhokomele, mme e re ka e le baobamedi ba ga Jehofa, ba ne ba tsaya boikarabelo jono bo le masisi.

E re ka batsadi ba gago e le Bakeresete ba boammaaruri, ba ne ba bala Baebele le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng gore ba bone kaelo e e ikanyegang, mme ba ne ba kopa kgakololo mo go ba ba kileng ba godisa bana. Gape ba ne ba tswelela pele ba bolelela Modimo ka thapelo ka se ba tshwenyegileng ka sone. (Baatlhodi 13:8) Fa o ntse o gola, batsadi ba gago ba ne ba itse se o se kgonang mme ba bona le makoa a gago. (Jobe 1:5) Fa o tsena mo dingwageng tsa bolesome go ne ga tsoga dikgwetlho tse dingwe. Ka dinako tse dingwe, o ka tswa o ile wa tsuologa, mme batsadi ba gago ba tshwanelwa ke go rapela thata, go bala thata le go akanya thata gore ba ka go thusa jang gore o tswelele pele o obamela Rrago yo o kwa legodimong, Jehofa.

Rrago le Mmago ba ka se kgaotse go ikutlwa e le batsadi ba gago. Le fa o setse o godile ba tswelela pele ba amega ka botsogo jwa gago jwa mmele, jwa mogopolo, jwa maikutlo, le jwa semoya. Le fa go ntse jalo, batsadi ba nna ba gopotse gore o tshwanetse go itirela ditshwetso le gore ba ka se tlhomamisege gore o tla gola o nne motho yo o ntseng jang. Kgabagare, ke wena o tla itirelang tshwetso ya gore o batla go tshela jang.

Ka jalo, fa e le gore ‘ga go na lebaka le legolo la go leboga, go feta’ fa batsadi ba ntse ba utlwa gore bana ba bone “ba tswelela ba tsamaya mo boammaaruring,” ruri ba ka utlwa botlhoko fa bana ba sa dire jalo. Ee, bana ba ba dirang boeleele ba hutsafatsa batsadi ba bone thata. Solomone o ne a re: “Morwa yo o sematla ke matshwenyego mo go rraagwe le botlhoko mo go yo o mmelegeng.” (Diane 17:25) A bo batsadi ba utlwa botlhoko jo bogolo jang ne fa ngwana a tlogela go obamela Modimo wa boammaaruri!

Go bonala sentle gore lo na le seabe se segolo mo lelapeng la lona le mo go ba bangwe. Boitshwaro jwa lona bo ama dipelo tsa batsadi ba lona fela thata. Fa lo latlha Modimo le melaometheo ya gagwe, batsadi ba lona ba tla utlwa botlhoko. Le fa go ntse jalo, fa lo e latela ba tla itumela. Fa lo nna lo ikanyega e bile lo le kutlo mo go Jehofa, batsadi ba lona ba tla ipela. Ititeyeng sehuba gore lo ipedise dipelo tsa batsadi ba lona! Ruri ga go mpho epe e e botlhokwa go feta eo, e lo ka e nayang batho ba ba lo godisitseng, ba lo sireletsa e bile ba lo rata.