Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Botlhoko jo bo Tlhabang Pelo Le jo Bo Nnelang Ruri

Botlhoko jo bo Tlhabang Pelo Le jo Bo Nnelang Ruri

Botlhoko jo bo Tlhabang Pelo Le jo Bo Nnelang Ruri

BOSHENG jaana mmatlisisi mongwe o ne a batla go itse kafa go tsamaya ga nako go amang ka gone maikutlo a batho ba ba hutsafetseng gonne ba swetswe ke mongwe yo ba mo ratang. O ne a romela lenaane la dipotso kwa batsading ba le mmalwa ba bana ba bone ba tlhokafetseng dingwaga di le mmalwa pele ga foo. Ga se batsadi botlhe ba ba neng ba araba dipotso tseo. Rre mongwe yo o bidiwang Vladimir, yo o neng a na le dingwaga tse tlhano a swetswe ke morwawe o ne a re ene o sa ntse a thatafalelwa ke go bua ka morwawe. *

Go tlwaelegile gore batsadi ba ba swetsweng ba nne le kutlobotlhoko eno e e nnelang ruri. Dingwaga di le lesome tse di fetileng William o ne a swelwa ke morwawe wa dingwaga di le 18 yo o neng a nwela. O kwala jaana: “Tatlhegelo eo e sa ntse e nkutlwisitse botlhoko le jaanong, mme fa fela ke sa ntse ke tshela ke tla nna ke ntse ke le mo botlhokong.” Dingwaga di le tlhano morago ga gore Lucy a swelwe ke morwawe yo o neng a lwala ka tshoganyetso, o ne a kwala jaana: “Mo malatsing a le mmalwa a ntlha, ke ne ke ntse ke akanya jaana, ‘Ga go ka ke ga nna jalo.’ Ke ne ke ikutlwa e kete ke lora toro e e maswe mme go ise go ye kae ke tla thanya. Morago ga nakwana ke ne ka simolola go lemoga gore ke boammaaruri, ga a kitla a tlhola a boela mo gae. Morwaake o tlhokafetse dingwaga di le tlhano tse di fetileng mme le jaanong fa ke le nosi ke sa ntse ke mo lelela.”

Ke ka ntlha yang fa batsadi ba ba swetsweng jaaka Vladimir, William le Lucy ba utlwa botlhoko jo bo kanakana jo bo tlhabang pelo le jo bo nnelang ruri? Mma re sekasekeng mabaka mangwe a seo.

Ke ka Ntlha Yang fa ba Utlwa Botlhoko Thata Jaana?

Fa ngwana a tsholwa mo lapeng, batsadi ba nna le maikutlo a a sa tshwaneng le ape a mangwe a batho ba nnang le one. Go tlamparela fela leseanyana la bone, go le leba fa le ntse le robetse le fa le nyenya, go ba tlisetsa boitumelo jo bo seng kana ka sepe le kgotsofalo. Batsadi ba ba lorato ba anaanela bana ba bone fela thata. Ba ba ruta gore ba itshware sentle mme ba nne le maitseo. (1 Bathesalonika 2:7, 11) Fa bana ba ntse ba gola mme ba dira dilo tseno tse ba di rutilweng, batsadi ba ikutlwa ba le motlotlo mme ba simolola go nna le tsholofelo ka isagwe ya bone.

Batsadi ba ba ratang bana ba bone ba dira ka natla gore ba ba tlhokomele. Gangwe le gape ba ka nna ba beela madi kana dithoto dingwe kwa thoko e le go thusa bana ba bone gore mo isagweng ba kgone go itshimololela malapa a bone. (2 Bakorintha 12:14) Maikutlo ano a bone, nako, maiteko le madi a ba a senyang mo dilong tseno, a bontsha selo se le sengwe fela—batsadi ba godisetsa bana ba bone gore ba tshele e seng gore ba swe. Fa ngwana a tlhokofala, tiro ya go mo godisa e a bo e sa fela mme ditsholofelo tse batsadi ba neng ba na le tsone di a senyega. Lorato lo lo tswang mo batsading lo ya kwa ngwaneng lo kgaolwa le go thibiwa ke sekgoreletsi se segolo e leng loso. Morwa kana morwadi wa bone yo ba neng ba mo rata thata ga a tlhole a le teng jaanong. Batsadi ba utlwa botlhoko jo bo tlhabang pelo jo bo ka se kang jwa nyelela motlhofo fela.

Baebele e tlhomamisa gore batsadi ba ba tlhokafaletsweng ke bana ba utlwa botlhoko jo bo tseneletseng le jo bo nnelang ruri. Fa Baebele e tlhalosa se se neng sa direga fa tlhogo ya lotso e bong Jakobe a ne a utlwa gore Josefa morwawe o bolailwe ya re: “Jakobe a gagoganya diaparo tsa gagwe mme a baya letsela la kgetsi mo dinōkeng tsa gagwe mme a hutsafalela morwawe malatsi a le mantsi. Mme bomorwawe botlhe le bomorwadie botlhe ba nna ba nanoga gore ba mo gomotse, mme a nna a gana go amogela kgomotso a re: ‘Gonne ke tla fologela kwa go morwaake mo teng ga Sheole [kana lebitla] ke hutsafetse!’” Dingwagangwaga morago ga foo, Jakobe o ne a sa ntse a lelela morwawe yo a neng a akanya gore o sule. (Genesise 37:34, 35; 42:36-38) Sekai se sengwe se se mo Baebeleng ke sa mosadi yo o ikanyegang e bong Naomi yo a neng a swelwa ke barwa ba le babedi. E re ka a ne a utlwile botlhoko thata, o ne a batla go fetola leina la gagwe e bong Naomi le le rayang “Boitumelo Jwa Me” gore a nne Mara le le rayang “Botlhoko.”—Ruthe 1:3-5, 20, 21.

Le fa go ntse jalo, Baebele ga e re bolelele fela ka kutlobotlhoko e batsadi ba nnang le yone fa ba swelwa ke bana. E re bolelela gape kafa Jehofa a nonotshang batho ba ba mo kutlobotlhokong ka gone. Mo setlhogong se se latelang re tla sekaseka dingwe tsa ditsela tse Modimo a gomotsang batho ba ba lelang ka tsone.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Maina mangwe a fetotswe.