Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ka Fenya go Jewa ke Bodutu

O ka Fenya go Jewa ke Bodutu

O ka Fenya go Jewa ke Bodutu

KE MANG yo o ka reng ga a ise a lebane le bohutsana jo bo tlisiwang ke go jewa ke bodutu? Go na le dilo di le dintsi tse di dirang gore re ikutlwe re jewa ke bodutu. Mme gone, bodutu jo bogolo go gaisa ke jwa basadi ba ba iseng ba ko ba nyalwe kana ba ba ileng ba nna batlholagadi kana ba ba tlhadilweng.

Ka sekai, mosadi mongwe yo mosha wa Mokeresete yo o bidiwang Frances o tlhalosa jaana: “Ka nako ya fa ke le dingwaga di le 23, go ne go bonala e kete ditsala tsa me tsotlhe di nyetswe, mme nna ke setse ke le nosi.” * Boikutlo jwa go nna o le nosi bo ka nna jwa oketsega fa dingwaga di ntse di feta mme ditebelelo tsa go ka nyalwa di nna di fokotsega. Sandra yo jaanong a leng mo dingwageng tsa gagwe tsa bo40 o dumela jaana: “Ga ke ise ke ko ke ikaelele go nna ke sa nyalwa, mme ke sa ntse ke tla rata go nyalwa fa nka nna le tshono eo.” Angela yo a leng mo dingwageng tsa gagwe tsa bo50, o tlhalosa jaana: “Ga ke a ka ka dira tshwetso ya gore ke batla go nna ke sa nyalwa, mme ke boemo jo ke iphitlhetseng fela ke le mo go jone. Go ne go na le bakaulengwe ba se kae fela mo lefelong le ke neng ke abetswe go ya go nna mmulatsela yo o kgethegileng kwa go lone.”

Re akgola basadi ba le bantsi ba Bakeresete ba ba ileng ba tlhopha gore ba se ka ba nyalwa ka gonne ba tsaya tsia ka boikanyegi kgakololo ya ga Jehofa ya go nyala “mo Moreneng fela.” (1 Bakorintha 7:39) Ba bangwe ba tlwaela boemo jwa go sa nyala mme ba bangwe ba fitlhela gore fa dingwaga di ntse di feta keletso ya go batla go nyalwa le go nna le bana e a oketsega. Sandra o ipolela jaana: “Boikutlo jwa go nna lolea, jo bo bakiwang ke go tlhoka molekane wa lenyalo bo ntshwenya thata.”

Dilo tse dingwe, tse di jaaka go tlhokomela batsadi ba ba godileng di oketsa boikutlo jwa go jewa ke bodutu. Sandra o bolela jaana: “E re ka ke sa nyalwa, ba lelapa ba ne ba lebeletse gore e nne nna yo ke tlhokomelang batsadi ba rona ba ba tsofetseng. Ke ile ka rwala bontsi jwa boikarabelo jono ka dingwaga di le 20, le mororo ke le mongwe wa bana ba le barataro. Botshelo bo ka bo bo le botokanyana fa nka bo ke na le monna yo o neng a tla ntshegetsa.”

Frances o umaka selo se sengwe se se gakatsang bodutu jwa gagwe. O tlhalosa jaana: “Ka dinako tse dingwe batho ba mpotsa ka tlhamalalo gore, ‘Ke eng o ile wa se ka wa nyalwa?’ Dikakgelo tse di ntseng jalo di dira gore ke ikutlwe gore ka tsela nngwe ke molato wa me go bo ke sa nyalwa. Mo e ka nnang lenyalo lengwe le lengwe le ke yang kwa go lone, mongwe o mpotsa potso e ke e tshabang thata, ‘Jaanong wena o tla nyalwa leng?’ Mme ke tlelwa ke kakanyo ya gore, ‘Fa bakaulengwe ba ba godileng semoyeng ba sa nkgatlhegele jaana, gongwe ke ka go bo ke se na dinonofo tse di tlhokegang tsa Bokeresete kana gongwe ke fela gore ga ke montle.’”

Motho a ka fenya jang go ikutlwa a kgaphetswe kwa thoko le jwa go jewa ke bodutu? Ke eng se batho ba bangwe ba ka se dirang go thusa, fa e le gore se teng?

Ikaege ka Jehofa

Mopesalema o ne a opela jaana: “Latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa, mme ene o tla go tshegetsa. Ga a kitla a letlelela mosiami go reketla.” (Pesalema 55:22) Lefoko “mokgweleo” ka Sehebera fa le tsewa fela jaaka le ntse le raya “maikarabelo” mme le kaya mathata le ditlhobaelo tse re ka tswang re na le tsone ka ntlha ya maikarabelo a rona mo botshelong. Jehofa o itse go feta le fa e le mang ka mekgweleo eno mme a ka kgona go re naya nonofo ya gore re e itshokele. Go ikaega ka Jehofa Modimo ke gone go thusitseng Angela gore a itshokele go ikutlwa a jewa ke bodutu. Fa a bua ka bodiredi jwa gagwe jwa nako e e tletseng o gakologelwa jaana: “Fa ke ne ke simolola go nna mmulatsela, nna le molekane wa me wa mmulatsela re ne re nna kgakala thata le phuthego e e gaufi. Re ne ra ithuta go ikaega ka botlalo ka Jehofa, mme go ikaega jalo ka ene go ile ga nthusa mo botshelong jwa me jotlhe. Fa ke nna le maikutlo a a sa siamang, ke bua le Jehofa mme o a nthusa. Pesalema 23 e nnile kgomotso mo go nna ka metlha, mme ke e bala gangwe le gape.”

Moaposetoloi Paulo o ne a na le mokgweleo o o boima o a neng a tshwanetse go o itshokela. Mo e ka nnang bobotlana ka makgetlo a le mararo, o ne a ‘rapela Morena gararo gore mutlwa o o mo nameng ya gagwe o tloge mo go ene.’ Paulo ga a ka a thusiwa ka tsela ya kgakgamatso mme go na le moo o ne a amogela tsholofetso ya gore bopelonomi jwa Modimo jo bo sa mo tshwanelang bo ne bo tla mo nonotsha. (2 Bakorintha 12:7-9) Paulo o ne a lemoga gape le sephiri sa go kgotsofala. Moragonyana o ne a kwala jaana: “Mo go sengwe le sengwe le mo maemong otlhe ke ithutile sephiri sa kafa go kgora go ntseng ka gone le kafa go tshwarwa ke tlala go ntseng ka gone, kafa go nna le letlotlo go ntseng ka gone le kafa go tlhoka go ntseng ka gone. Mo dilong tsotlhe ke na le nonofo ka ntlha ya yo o nnayang maatla.”—Bafilipi 4:12, 13.

Motho a ka bona jang nonofo go tswa mo Modimong fa a ikutlwa a kgobegile marapo kana a jewa ke bodutu? Paulo o ne a kwala jaana: “Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.” (Bafilipi 4:6, 7) Sandra o dirisa kgakololo eno. O tlhalosa jaana: “E re ka ke sa nyalwa, ke fetsa nako e ntsi ke le nosi. Seno se nnaya tshono e ntsi ya go rapela Jehofa. Ke ikutlwa ke atamalane thata le ene mme ke kgona go bua le ene ke gololesegile ka mathata a me le ka boitumelo jwa me.” Mme Frances ene o bolela jaana: “Go lwantsha megopolo e e sa siamang ke le nosi ke kgwetlho. Mme go bolelela Jehofa maikutlo a me ka kgololesego go nthusa thata. Ke tlhatswegile pelo gore Jehofa o amega ka sengwe le sengwe se se ka nnang sa ama boitekanelo jwa me jwa semoya le jwa boikutlo.”—1 Timotheo 5:5.

“Tswelelang lo Rwalelana Mekgweleo”

Mo bokaulengweng jwa Bokeresete, ga re tlhoke go rwala mekgweleo re le rosi. Moaposetoloi Paulo o ne a kgothatsa jaana: “Tswelelang lo rwalelana mekgweleo, mme ka gone lo diragatse molao wa ga Keresete.” (Bagalatia 6:2) Ka go kopanela le Bakeresete ka rona, re ka kgona go bona “lefoko le le molemo” la kgothatso le le ka tlhofofatsang morwalo wa go jewa ke bodutu.—Diane 12:25.

Akanya gape ka se Dikwalo di se bolelang ka morwadie Jefetha yo e neng e le Moatlhodi wa Iseraele. Pele ga gore Jefetha a fenye masole a baba a Baamone, o ne a ikanela Jehofa gore o tla mo naya wa ntlha wa ba ntlo ya gagwe yo o neng a ka tla go mo akgola. Motho yoo e ne ya nna morwadie. (Baatlhodi 11:30, 31, 34-36) Le fa gone go ne go tla raya gore morwadia Jefetha a nne a sa nyalwa le gore a tlogele botshelo jo bo tlwaelegileng jo a neng a ikaeletse go bo tshela jwa go nna le lelapa, o ne a ineela ka go rata mo maikanong ano mme a direla kwa felong ga boitshepo kwa Shilo botshelo jwa gagwe jotlhe. A go intsha setlhabelo ga gagwe go ne ga tlhokomologiwa? Le e seng: “Ngwaga le ngwaga bomorwadia Iseraele ba ne ba tswa ba ya go akgola morwadia Jefetha wa Mogileade, malatsi a le manè ka ngwaga.” (Baatlhodi 11:40) Ee, kakgolo e ka kgothatsa batho ba ba e newang. Ka jalo, a re se ka ra palelwa ke go akgola batho ba ba tshwanetsweng ke kakgolo.

Re tla bo re dira sentle fa re ka akanya le ka sekao sa ga Jesu. Le mororo e ne e se tlwaelo ya Sejuda gore banna ba tlotle le basadi, Jesu o ne a ipha nako le Marea le Maratha. Go ka direga gore e ne e le batlholagadi kana basadi ba ba iseng ba ko ba nyalwe. Jesu o ne a batla gore ka bobedi jwa bone ba itumelele melemo ya semoya ya botsala jwa gagwe. (Luke 10:38-42) Re ka etsa sekao sa ga Jesu ka go akaretsa bokgaitsadi ba rona ba semoya ba ba sa nyalwang mo dikokoanong tsa rona tsa botsalano le ka go dira dithulaganyo tsa gore re nne le seabe mo tirong ya go rera le bone. (Baroma 12:13) A ba anaanela tlhokomelo e e ntseng jalo? Kgaitsadi mongwe o ne a bolela jaana: “Ke a itse gore bakaulengwe ba a nthata e bile ba a nkanaanela, mme ke itumela thata fa ba nkgatlhegela ka namana.”

Sandra o tlhalosa jaana: “E re ka re se na balekane, re tlhoka go ratiwa thata, gore re ikutlwe re le karolo ya lelapa la semoya la bakaulengwe le bokgaitsadi.” Kwantle ga pelaelo, Jehofa o amega ka batho ba ba ntseng jalo mme rona re tla bo re dirisana le ene fa re dira gore ba ikutlwe ba tlhokega le go ratiwa. (1 Petere 5:6, 7) Go amega ka tsela e e ntseng jalo go ka se ka ga tlhokomologiwa, ka gonne “yo o utlwelang motho wa maemo a a kwa tlase botlhoko o adima Jehofa, mme [Jehofa Modimo] o tla duela tsela e a neng a mo tshwere ka yone.”—Diane 19:17.

“Mongwe le Mongwe o Tla Rwala Morwalo wa Gagwe”

Le mororo ba bangwe ba ka kgona go thusa, mme e bile kemonokeng ya bone e ka kgothatsa thata, “mongwe le mongwe o tla rwala morwalo wa gagwe.” (Bagalatia 6:5) Le fa go ntse jalo, fa re ntse re sikere morwalo wa go jewa ke bodutu, re tlhoka go ela tlhoko dikotsi dingwe. Ka sekai, go jewa ke bodutu go ka re fenya fa re ikgogona re sa bue le ope. Kafa letlhakoreng le lengwe, re ka fenya bodutu ka go nna lorato. (1 Bakorintha 13:7, 8) Go aba le go abelana ke tsela e e molemolemo ya go bona boitumelo—le fa re ka tswa re le mo maemong a a ntseng jang. (Ditiro 20:35) Kgaitsadi mongwe yo o berekang ka natla wa mmulatsela o bolela jaana: “Ga ke na nako e ntsi ya go akanya ka bodutu. Fa ke ikutlwa ke le mosola e bile ke tshwaregile, ga ke ikutlwe ke jewa ke bodutu.”

Gape re tshwanetse go nna kelotlhoko gore bodutu bo se ka jwa dira gore re tsene mo dikamanong tse di sa tshwanelang. Ka sekai, a bo go tla utlwisa botlhoko jang ne fa re ka letla gore keletso ya go batla go nyalwa e dire gore re se ka ra bona mathata a a tla nnang teng ka go nyalana le motho yo o sa dumeleng, segolobogolo fa re itlhokomolosa kgakololo ya Dikwalo ya go tila go tsena mo jokweng e e ntseng jalo! (2 Bakorintha 6:14) Mosadi mongwe wa Mokeresete yo o tlhadilweng o ne a bolela jaana: “Go na le sengwe se se botlhoko thata go gaisa go nna o sa nyalwa. Ke go nyalana le motho yo o sa siamang.”

Bothata jo motho a sa kgoneng go bo rarabolola a ka tshwanelwa ke go bo itshokela, bobotlana ka nakwana. Ka thuso ya Modimo, boikutlo jwa go jewa ke bodutu bo ka itshokelwa. Fa re ntse re tswelela go direla Jehofa, a re tlhatswegeng pelo gore letsatsi lengwe re tla kgotsofadiwa ka dilo tsotlhe tse re di tlhokang ka tsela e e molemolemo.—Pesalema 145:16.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Maina a basadi ba ba nopotsweng a ile a fetolwa.

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Boikutlo jwa go jewa ke bodutu bo ka fenngwa ka go aba le go abelana