Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Omisa Setopo—A go Siame mo Bakereseteng?

Go Omisa Setopo—A go Siame mo Bakereseteng?

Go Omisa Setopo—A go Siame mo Bakereseteng?

Jakobe, tlhogo ya lotso e e ikanyegang, o ne a kopa jaana fa a tloga a swa: “Mphitlhang le borre mo logageng lo lo mo tshimong ya ga Eferone wa Mohite, mo logageng lo lo mo tshimong ya Makapela e e fa pele ga Mamere kwa lefatsheng la Kanana.”—Genesise 49:29-31.

JOSEFA o ne a tlotla rraagwe ka go dirisa tlwaelo e e neng e le teng kwa Egepeto ka nako eo. O ne a laela “batlhanka ba gagwe, dingaka, gore di omise rraagwe.” Go ya ka pego e e mo go Genesise kgaolo 50, dingaka di ile tsa tsaya malatsi a le 40 a a tlwaelegileng go baakanya setopo. Go omisiwa ga ga Jakobe go ile ga thusa gore mokoloko o mogolo o o tsamayang ka bonya wa ba lelapa le batlotlegi ba Egepeto ba kgone go tsaya loeto lwa dikilometara di le 400 go isa marapo a ga Jakobe kwa Heberone gore a ye go fitlhelwa gone.—Genesise 50:1-14.

A go ka kgonega gore mmele wa ga Jakobe o o omisitsweng o ka bonwa ka letsatsi lengwe? Kgonego ya gone e nnye thata. Iseraele e ne e le kgaolo e e neng e na le metsi a mantsi, e leng selo se se dirang gore go nne thata gore mofuta ono wa masalela a batho a a epolotsweng a ka bonwa koo. (Ekesodo 3:8) Dilo tsa bogologolo tse di dirilweng ka tshipi le maje di dintsi koo, mme bontsi jwa dilo tse di senyegang motlhofo, tse di jaaka, matsela, matlalo le mebele e e omisitsweng ga di a kgona go emelana le bongola le go fetoga ga dinako.

Go omisa setopo tota ke eng? Ke ka ntlha yang fa go ne go dirwa? A Bakeresete ba ka go dira?

Tlwaelo Eno e Simologile Kae?

Go omisa setopo go ka tlhalosiwa sentle e le go babalela setopo sa motho kana setoto sa phologolo. Go bonala fa bakwadi ba hisitori ba dumalana gore go omisiwa ga ditopo go simologile kwa Egepeto mme go ne go dirwa le ke Baasiria, Baperesia le Basethia ba bogologolo. Gongwe go kgatlhegela le go lekeletsa go omisiwa ga ditopo go ile ga tlhotlhelediwa ke go epololwa ga ditopo tse di neng di fitlhegile mo motlhabeng wa sekaka mme tsa babalelwa ka tsela ya tlholego. Go fitlhega jalo ga ditopo go ne go tla dira gore bongola le moya di se ka tsa fitlha mo setopong, ka tsela eo go fokotsa go bola ga sone. Bangwe ba akanya gore go omisiwa ga ditopo go simologile fa go ne go fitlhelwa ditopo di le mo natron (sodium carbonate), e leng mofuta wa kalaka e e bonwang ka bontsi kwa Egepeto.

Mokgele wa motho yo o omisang setopo ke go thibela tsela ya tlholego ya go simologa ga dibakateria diura di sekae morago ga loso go go dirang gore setopo se senyege. Fa seno se ka thibelwa, go bola go tla fedisiwa kana bobotlana go tla fokodiwa thata. Go tlhokega dilo tse tharo: go boloka setopo e kete se sa ntse se tshela, go thibela go bola, le go dira gore setopo se kgone go ka emelana le go senngwa ke ditshenekegi.

Baegepeto ba bogologolo ba ne ba omisa baswi ba bone thatathata ka ntlha ya mabaka a bodumedi. Kgopolo ya bone ya botshelo morago ga loso e ne e amana le keletso ya gore baswi ba batla go nna le kamano le batho ba ba tshelang. Ba ne ba dumela gore mebele ya bone e ne e ka kgona go dirisiwa ka bosakhutleng le gore e ka boa ya tsenngwa botshelo. Le fa gone go omisa ditopo go ne go tlwaelegile, go fitlha gompieno, ga go na pego epe ya Seegepeto e e kileng ya bonwa e e tlhalosang gore go ne go dirwa jang. Pego e e di gaisang tsotlhe e e leng teng ke ya mokwalahisitori wa Mogerika Herodotus wa lekgolo la botlhano la dingwaga B.C.E. Lefa fa go ntse jalo, go ile ga begwa gore go leka go bona matswela ka go dirisa dikaelo tse di tlhalositsweng ke Herodotus ga go a atlega.

A Bakeresete Ba ka Go Dira?

Jakobe ga a ka a omisiwa ke batho ba bodumedi jo bo tshwanang le jwa gagwe. Le fa go ntse jalo, go ka se ka ga bo go ile ga direga gore fa Josefa a naya dingaka mmele wa ga rraagwe, o ne a kopa gore go dirwe dithapelo le meetlo e e neng e tle e dirwe fa go ne go omisiwa ditopo kwa Egepeto ka nako eo. Jakobe le Josefa ka bobedi e ne e le banna ba ba neng ba na le tumelo. (Bahebera 11:21, 22) Le mororo go bonala go ne go sa laelwa ke Jehofa, go omisiwa ga setopo sa ga Jakobe ga go kgalwe mo Dikwalong. Go omisiwa ga ga Jakobe e ne e se sekao se se neng se tlhomilwe gore se latelwe ke setšhaba sa Iseraele kana phuthego ya Bokeresete. Tota e bile, ga go na ditaelo dipe tse di tlhamaletseng malebana le kgang eno mo Lefokong la Modimo. Fa Josefa ka boene a sena go omisiwa kwa Egepeto, ga go na gope gape koo tlwaelo eno e umakiwang gone mo Dikwalong.—Genesise 50:26.

Go bola ga ditopo tsa batho tse di fitlhetsweng mo mabitleng a kwa Palesetina go bontsha gore e ne e se tlwaelo ya Bahebera go omisa baswi, ba ne ba sa di babalele nako e telele. Ka sekai, Lasaro o ne a sa omisiwa. Le fa gone a ne a phuthetswe ka matsela, babogedi ba ne ba tshwenyega fa go ne go tlosiwa leje le le neng le tswetse lebitla. E re ka Lasaro a ne a setse a sule malatsi a le manè pele ga foo, kgaitsadie o ne a tlhomamisegile gore go tla bo go nkga fa lebitla le ka bulwa.—Johane 11:38-44.

A Jesu Keresete o ne a omisitswe? Pego ya Diefangele ga e tshegetse mogopolo ono. Ka nako eo, Bajuda ba ne ba tlwaetse go baakanya setopo ka ditswaiso le ka lookwane lo lo nkgang monate pele ga ba se fitlha. Ka sekai, Nikodemo o ne a ntsha selekanyo se segolo sa ditswaiso gore go baakanngwe mmele wa ga Jesu. (Johane 19:38-42) Ke ka ntlha yang fa go ne go dirisiwa ditswaiso tse dintsi jaana? E ka tswa e ne e le ka go bo a ne a rata Jesu ka pelo yotlhe le go bo a ne a mo tlotla go bo a ile a tlhotlheletsega go nna pelotshweu jaana. Ga re a tshwanela go swetsa ka gore go dirisiwa ga ditswaiso ka tsela eo e ne e le ka boikaelelo jwa go babalela setopo.

A Mokeresete o tshwanetse go gana tlwaelo ya go omisa setopo? Fa re bua boammaaruri, go omisa setopo ke fela go diegisa se se tla feleletsang se diregile. Re ntshitswe mo loroleng mme re tla boela mo loroleng fa re swa. (Genesise 3:19) Mme go tla tsaya nako e kana kang go tloga ka nako ya fa motho a swa go fitlha ka nako ya phitlho? Fa ba lelapa le ditsala di tswa kgakala mme ba eletsa go bona setopo, ga go na pelaelo gore setopo se tla tshwanelwa ke go omisiwa ka tsela nngwe.

Ka gone, go ya ka Dikwalo, ga go na lebaka la go tshwenyega fa e le gore go ya ka se se batlegang mo lefelong la lona go laelwa gore setopo se omisiwe kana fa ba lelapa ba batla gore go dirwe jalo. Baswi “ga ba itse sepe gotlhelele.” (Moreri 9:5) Fa ba le mo kgopolong ya Modimo, ba tla tsosediwa mo botshelong mo lefatsheng la gagwe le lesha le le solofeditsweng.—Jobe 14:13-15; Ditiro 24:15; 2 Petere 3:13.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 31]

GO OMISA SETOPO—MO NAKONG E E FETILENG LE GONE JAANONG

Kwa Egepeto wa bogologolo, mofuta wa go omisiwa ga setopo o ne o ikaegile ka maemo a lelapa. Gantsi lelapa le le humileng le ne le tlhopha tsela e e latelang:

Boboko bo ne bo gopiwa ka marobana a dinko ka sedirisiwa sengwe sa tshipi. Morago ga foo, legata le ne le tshasiwa ka diokobatsi tse di tshwanelang. Kgato e e latelang e ne e akaretsa go ntshiwa ga dirwe tsotlhe tsa kafa teng kwantle ga pelo le diphilo. Gore ba kgone go fitlha kwa mpeng, go ne go tshwanetse ga dirwa mosegonyana mo mmeleng, mme seno se ne se tsewa e le boleo. Go rarabolola kgang e e thata eno, baomisi ba ditopo ba Baegepeto ba ne ba tlhopha motho yo a neng a bidiwa mosegi gore a dire mosegonyana ono. Fa a sena go dira seno o ne a inaya naga ka bonako, ka gonne motho o ne a otlhaiwa ka go hutsiwa le go kolopiwa ka maje ka ntlha ya selo seno se se neng se tsewa e le tlolomolao.

Fa go sena go ntshiwa sengwe le sengwe mo teng ga mpa, e ne e tlhatswiwa ka botlalo. Mokwalahisitori Herodotus o ne a kwala jaana: “Ba ne ba tlatsa mpa ka mera e e itshekileng thata e e kgabetletsweng, ka cassia le mefuta mengwe le mengwe ya ditswaiso kwantle ga lebano, ba bo ba rokaganya mo ba phuntseng teng.”

Morago ga foo, mmele o ne o omisiwa ka go inwa mo teng ga natron ka malatsi a le 70. Morago ga foo, setopo se ne se tlhapisiwa se bo se phuthelwa ka matsetseleko ka letsela. Mme letsela le bo le tlodiwa resine kana sengwe se se tshwanang le boreku jo e neng e nna sekgomaretsi mme mummy eno e bo e tsenngwa mo lebokosong la legong le le kgabisitsweng bontle le le nang le sebopego sa motho. Gompieno, go omisa setopo go ka dirwa mo nakong e khutshwane. Gantsi go dirwa ka gore go tsenngwe seedi se se lekaneng sa go omisa mo teng ga ditshikana le mo ditshikeng mmogo le mo marobeng a mpa le sehuba. Go ralala dingwaga, go ile go dirwa ga ba ga dirisiwa mefuta e e farologaneng ya metswako. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya ditshenyegelo le pabalesego, formaldehyde ke motswako o o omisang ditopo o o dirisiwang thata.

[Setshwantsho]

Lekase la gouta la ga Kgosi Tutankhamen