Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Baebele e a reng ka go ikana?

Go ikana go tlhalosiwa e le “go bua kgotsa go dira tsholofetso e e masisi ya gore o tla dira sengwe, gantsi o umaka gore Modimo . . . ke mosupi.” Maikano a ka kwalwa kgotsa a buiwa.

Batho bangwe ba ka akanya gore go phoso go ikana ka gonne Jesu o ne a re: “Lo se ka lwa ikana gotlhelele . . . A lefoko la lona la ‘Ee’ le reye ee mme ‘Nnyaa’ wa lona a reye nnyaa, ka gonne yo o sa diragatseng se a se buileng o tswa kwa go Satane.” (Math. 5:33-37) Boammaaruri ke gore, Jesu o ne a itse gore Molao wa ga Moshe o ne o laela batho gore ba dire maikano mangwe le gore batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba ile ba ikana. (Gen. 14:22, 23; Ekes. 22:10, 11) Gape o ne a itse gore Jehofa le ene o ile a ikana. (Baheb. 6:13-17) Ka jalo, Jesu o ne a sa reye gore ga re a tshwanela go ikana. Go na le moo, o ne a re tlhagisa gore re se ka ra ikana ka dilo tse di sa reng sepe. Ka metlha re tshwanetse go dira se re se solofeditseng ka gonne Jehofa o batla gore re dire jalo.

O tshwanetse go dira eng fa o kopiwa gore o ikane? Sa ntlha, tlhomamisa gore a o tla kgona go dira se o se ikanelang. Fa e le gore o ka se kgone, go ka nna molemo gore o se ka wa ikana. Lefoko la Modimo le a re: “Go botoka gore o se ka wa ikana go na le gore o ikane o bo o sa diragatse.” (Mor. 5:5) Go tswa foo, sekaseka melaometheo e e mo Baebeleng e e tsamaisanang le maikano a o batlang go a dira, o bo o dira se se dumalanang le segakolodi sa gago se se katisitsweng ka Baebele. Mengwe ya melaometheo eo e e mo Baebeleng ke efe?

Maikano mangwe ga a kgatlhanong le thato ya Modimo. Ka sekai, Basupi ba ga Jehofa ba dira maikano fa ba nyalana. Fa motho a dira maikano ao, o a bo a solofetsa gore o tla dira sengwe. Monyadi le monyadiwa ba dira maikano fa pele ga Modimo le batho gore ba tla ratana, ba tla tlhokomelana e bile ba tla tlotlana le gore ba tla dira jalo ka “lobaka lo bobedi jwa bone ba tla bong ba tshela ka lone.” (Banyalani bangwe ba ka tswa ba sa bue mafoko ano jaaka a ntse fa ba nyalana, le fa go ntse jalo ba dira maikano ao fa pele ga Modimo.) Go tswa foo, go dirwa kitsiso ya gore ba nyalane e bile ba tshwanetse go tswelela ba nyalane botshelo jwa bone jotlhe. (Gen. 2:24; 1 Bakor. 7:39) Maikano ano a siame, a a tshwanela e bile a dumalana le thato ya Modimo.

Maikano mangwe a kgatlhanong le thato ya Modimo. Mokeresete wa boammaaruri ga a ka ke a dira maikano a gore o tla dirisa dibetsa go sireletsa naga kgotsa a go itatola Modimo. Go dira jalo go tla bo go le kgatlhanong le molao wa Modimo. Bakeresete ga ba a tshwanela go nna “karolo ya lefatshe,” ka jalo ga re ka ke ra tsena mo dikgannyeng le mo dikgogakgoganong tsa lefatshe leno.—Joh. 15:19; Isa. 2:4; Jak. 1:27.

Maikano mangwe a tlhoka gore Mokeresete a dire tshwetso e e dumalanang le segakolodi sa gagwe. Ka dinako dingwe, pele re dira maikano re tshwanetse go akanya ka kelotlhoko ka kgakololo ya ga Jesu ya gore re ‘duele Kaesara dilo tsa ga Kaesara, mme re duele Modimo dilo tsa Modimo.’—Luke 20:25.

Ka sekai, a re re Mokeresete o batla go dira kopo ya lekwalo la boagi kgotsa lekwalo la mosepele mme o utlwa gore o tshwanetse go dira maikano a gore o tla ikanyega mo nageng eo. Fa e le gore mo maikanong ao, o solofetsa gore o tla dira sengwe se se leng kgatlhanong le molao wa Modimo, segakolodi sa gagwe se se katisitsweng ka Baebele ga se kitla se mo letla gore a a dire. Le fa go ntse jalo, mo maemong mangwe puso e ka mo letla gore a fetole mangwe a mafoko a maikano ao gore a dumalane le segakolodi sa gagwe.

Fa Mokeresete yoo a dira maikano a gore o tla ikanyega mo nageng nngwe, mme a fetotse mafoko mangwe a maikano ao, seo se ka dumalana le molaomotheo o o mo go Baroma 13:1 o o reng: “A mongwe le mongwe a ikobele balaodi ba bagolo.” Ka jalo, Mokeresete a ka nna a bona go se sepe se se phoso ka go ikana gore o tla dira sengwe se Modimo a batlang gore Bakeresete ba se dire.

Gape go botlhokwa gore re reetse segakolodi sa rona se se katisitsweng ka Baebele fa re kopiwa gore re tshware sengwe kgotsa re dire letshwao lengwe fa re ikana. Baroma le Basethia ba bogologolo ba ne ba ikana ba tshwere ditšhaka, mme seo se ne se raya gore ba ne ba dirisa letshwao la modimo wa ntwa go bontsha gore ba a ikanyega. Bagerika bone ba ne ba tsholetsa seatla fa ba ikana. Ka jalo, fa ba ne ba dira jalo ba ne ba bontsha gore ba a lemoga gore Modimo o utlwa se ba se buang e bile o bona se ba se dirang le gore batho ba ikarabelela mo go ene ka se ba solofeditseng gore ba tla se dira.

Boammaaruri ke gore motlhanka wa ga Jehofa ga a ka ke a ikana ka letshwao lepe la setšhaba le le tsamaisanang le kobamelo ya maaka. Le fa go ntse jalo, o tshwanetse go dira eng fa o le kwa kgotlatshekelo mme o laelwa gore o beye seatla mo godimo ga Baebele o bo o ikana gore o tla bua boammaaruri? O ka nna wa dira se o laelwang gore o se dire ka gonne Baebele e re bolelela ka batlhanka bangwe ba Modimo ba ba neng ba dira sengwe fa ba ne ba ikana. (Gen. 24:2, 3, 9; 47:29-31) Go botlhokwa go gakologelwa gore fa o dira maikano ao, o a bo o ikana fa pele ga Modimo gore o tla bua boammaaruri. O tshwanetse go ikemisetsa go bua boammaaruri fa o bodiwa dipotso dipe fela.

E re ka botsala jwa rona le Jehofa bo le botlhokwa thata, re tshwanetse go rapela le go akanya ka kelotlhoko pele re dira maikano ape fela a go tweng re a dire le go tlhomamisa gore ga re gatelele segakolodi sa rona le gore maikano ao ga a ganetsane le melaometheo ya Baebele. Fa o dira maikano, o tshwanetse go tlhomamisa gore o dira se o solofeditseng gore o tla se dira.—1 Pet. 2:12.