DITEMANA TSA BAEBELE DI A TLHALOSIWA
Luke 2:14—“Kagiso e Nne mo Lefatsheng, mo Batho ba o Kgatlhegang Thata mo go Bone.”
“A Modimo yo o kwa legodimong a galalediwe, mme a batho ba ba mo lefatsheng ba a ba amogelang ba nne le kagiso.”—Luke 2:14, Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha.
“Kgalalelo e nne go Modimo kwa bogodimodimong, le kagiso e nne mo lefatsheng, mo batho ba o kgatlhegang thata mo go bone.”—Luke 2:14, Baebele e e Boitshepo.
Se Luke 2:14 e se Kayang
Mafoko ano a kgalalelo, a a neng a buiwa ke baengele ka nako ya fa Jesu a ne a tsholwa, a supa gore botlhe ba ba nang le tumelo mo go Jesu ba tla itumelela go nna le kagiso le go amogelwa ke Modimo.
“A Modimo yo o kwa legodimong a galalediwe.” Ka mafoko ano, baengele ba ne ba bontsha gore Modimo o tshwanelwa ke go galalediwa. Gape mafoko ano a bontsha ntlha ya botlhokwa ya gore go tsholwa ga ga Jesu le bodiredi jwa gagwe jwa mo lefatsheng di ne di tla nna le seabe se segolo mo go galaletseng Jehofa a Modimo. Ka sekai, ka metlha Jesu o ne a tlotlomatsa Modimo ka se a se rutang, jaaka fa a ne a re: “Se ke se rutang ga se sa me, mme ke sa yo o nthomileng.” (Johane 7:16-18) Fa Jesu a ne a dira dikgakgamatso, batho ba ne “ba simolola go galaletsa Modimo.” (Luke 5:18, 24-26; Johane 5:19) Tota le loso lwa ga Jesu lo ne lo dira gore Modimo a galalediwe. Loso lwa gagwe lo ile la dira gore boikaelelo jwa Modimo jo bogolo jwa gore lefatshe lo tlale ka batho ba ba siameng le ba ba ratang kagiso, bo tle bo diragadiwe.—Genesise 1:28.
“Kagiso e nne mo lefatsheng.” Kagiso eno ga e reye gore ntwa ke yone fela e e tla bong e seyo. E akaretsa kagiso ya mogopolo, e motho a nnang le yone fela fa a amogelwa ke Jehofa. Ka ntlha ya ga Jesu, batho ba kgona go atamalana le Modimo. (Jakobe 4:8) E re ka Jesu e le Kgosi ya Bogosi jwa Modimo, o tla tlisa kagiso e e nnelang ruri mo lefatsheng lotlhe.—Pesalema 37:11; Luke 1:32, 33.
“Batho . . . ba a ba amogelang.” Mafoko ano a bua ka batho ba Modimo a ba amogelang, ka ntlha ya tumelo ya mmatota e ba nang le yone mo go ene le yo a mo romileng e bong Jesu. Seno ga se reye gore Modimo o amogela batho botlhe go sa kgathalesege maitshwaro a bone le ditiro. Le fa go ntse jalo, memeno ya Segerika ya bogologolo e e ikanyegang e dumalana le se Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha le dithanolo tse dingwe tsa segompieno di se supang fa di bua ka kagiso mo bathong ba Modimo a ba amogelang.—Bona “ Luke 2:14 Go Tswa mo Dithanolong Tse Dingwe.”
Se se mo go Luke 2:14
Luke kgaolo 2 e tlhalosa dingwaga tsa ntlha tsa botshelo jwa ga Jesu e le motho. Morago ga go tsholwa ga gagwe, moengele o ile a bonala kwa badiseng “ba ba neng ba nna kwa nageng mme ba tlhokometse matsomane a bone bosigo.” b (Luke 2:4-8) Moengele o ne a itsise “dikgang tse di molemo tsa boitumelo”, o ne a raya badisa a re: “Gompieno kwa motseng wa ga Dafide lo tsholetswe mmoloki, yo e leng Keresete Morena.” (Luke 2:9-11) Badisa ba ne ba bolelelwa gore ba tla bona losea loo kae, mme ba ne ba bona baengele ba le bantsi ba galaletsa Modimo. Fa ba goroga kwa Bethelehema, badisa ba ne ba fitlhela Marea le Josefa ba na le losea Jesu. (Luke 2:12-16) Morago ga go bua ka maitemogelo a bone a a kgatlhang, badisa ba ne ba boela kwa matsomaneng a bone, “ba galaletsa Modimo e bile ba mmaka ka ntlha ya dilo tsotlhe tse ba neng ba di utlwile le tse ba neng ba di bone.”—Luke 2:17-20.
Luke 2:14 Go Tswa mo Dithanolong Tse Dingwe
“Tlotlo a e nne ya Modimo kwa magodimong le kagiso mo lefatsheng mo bathong ba o ba itumelelang.”—Luke 2:14, Tswana (Central).
“Kgalalelo e nne go Modimo kwa bogodimong jo bo kwa godimo, mme mo lefatsheng go nne kagiso gareng ga batho ba ba amogelwang.”—Luke 2:14, Thanolo ya Lefatshe le Lesha.
“Kgalalelo e nne go Modimo kwa bogodimong, le mo lefatsheng go nne kagiso mo gare ga batho ba ba amogelwang.”—Luke 2:14, English Standard Version.
Lebelela bidio eno e khutshwane ya se se mo bukeng ya Luke.
a Jehofa ke leina la Modimo. (Pesalema 83:18) Bona setlhogo se se reng “Jehofa ke Mang?”
b Kgang ya gore badisa ba ne ba disitse go le bosigo kwa ntle, e supa gore tiragalo eno ga ya diragala go le mariga. Go ithuta mo go oketsegileng, bala setlhogo se se reng “Jesu o Tshotswe Leng?”

