Baebele ya Reng ka Kgang ya go Itshasa Ditlolo mo Sefatlhegong le go Itsenya Manyena?
Karabo ya Baebele
Le fa Baebele e sa tsenelele thata mo kgannyeng eno, ga e kgale go itshasa ditlolo, go itsenya manyena kgotsa go ikgabisa ka tsela epe fela. Le fa go ntse jalo, go na le gore e bue thata ka ditebego, e re kgothaletsa gore re apare “diaparo tse di sa senyegeng tsa moya o o didimetseng le o o bonolo.”—1 Petere 3:3, 4.
Baebele Ga e Re re Se ka Ra Ikgabisa
Basadi ba ba neng ba obamela Modimo ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba ne ba ikgabisa. Rebeka yo o ileng a nyalwa ke morwa Aborahame e bong Isake, o ile a rwala lenyena mo nkong, a tsenya mekgabiso ya gouta le dibenya tse dingwe tse a neng a di neilwe ke ratsalaagwe. (Genesise 24:22, 30, 53) Fa Esethere a ne a baakanyediwa go nna kgosigadi ya Bogosi jwa Peresia, o ne a dumela go ‘sidilwa.’ (Esethere 2:7, 9, 12) Go dumelwa gore go sidilwa goo go ne go akaretsa go itshasa dilo tsa sefatlhego tse di dirang gore letlalo le nne lentle le gore le nne borethe.
Baebele e dira dikai tse di molemo ka mekgabiso. Ka sekai, motho yo o nayang ba bangwe kgakololo e e molemo o tshwantshiwa le “lenyena la gouta . . . mo tsebeng e e utlwang.” (Diane 25:12) Modimo o ile a tshwantsha tsela e a dirisang le Baiseraele ka yone le monna yo o kgabisang mosadi wa gagwe ka maseka, dibaga le manyena. Mekgabiso eno e ne e dira gore setšhaba seo se nne ‘sentle thata.’—Esekiele 16:11-13.
Dikgopolo tse di phoso ka go ikgabisa le go tsenya manyena
Kgopolo e e phoso: Mo go 1 Petere 3:3, Baebele e kgala go “loga moriri loetse kafa ntle le . . go rwala mekgabiso ya gouta.”
Boammaaruri: Fa re bala kgaolo yotlhe, re lemoga gore Baebele e ne e gatelela botlhokwa jwa go nna le botho jo bontle go na le go tlhoma mogopolo thata mo ditebegong tsa rona. (1 Petere 3:3-6) Go na le ditemana tse dingwe tsa Baebele tse di gatelelang ntlha eno.—1 Samuele 16:7; Diane 11:22; 31:30; 1 Timotheo 2:9, 10.
Kgopolo e e phoso: Ntlha ya go bo Baebele e tlhalosa gore Kgosigadi Jesebele o ne a tshasitse “matlho a gagwe ka mmala o montsho,” e bontsha gore go itshasa ditlolo mo sefatlhegong go phoso.—2 Dikgosi 9:30.
Boammaaruri: Jesebele o ne a bolawa ka ntlha ya go bo e ne e le moloi le mmolai, e seng ka ntlha ya ditebego tsa gagwe.—2 Dikgosi 9:7, 22, 36, 37.