Boammaaruri ka Haramagedona

Boammaaruri ka Haramagedona

Boammaaruri ka Haramagedona

“Meya ya madimona . . . e ya kwa dikgosing tsotlhe tsa lefatshe . . . , mme ya di phuthela kwa lefelong le ka Sehebera le bidiwang Haramagedona.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.)—TSHENOLO 16:14, 16, New Revised Standard Version.

HARAMAGEDONA, e e a tleng e bidiwe Aramagedona, ke leina la lefelo. Le fa go ntse jalo, go lebega lefelo leo le ise le ke le nne teng gope mo lefatsheng.

Ka jalo, tota lefoko “Haramagedona” le kaya eng? Ke eng fa gantsi le amanngwa le tiragalo nngwe e e jaaka ntwa?

Ba Phuthelwa Kwa Lefelong le le Bidiwang Haramagedona

Lefoko la Sehebera sa ntlhantlha e leng Har–Magedon totatota le kaya “Thaba ya Megido.” Tota le fa go ne go se na thaba ya mmatota ya leina leo, lefelo le le bidiwang Megido lone le teng. Le mo lefelong la botlhokwa le e leng makopanelo a ditsela a a kwa bokonebophirima jwa kgaolo e setšhaba sa Iseraele sa bogologolo se neng se nna kwa go yone. Dintwa tse dintsi tsa makgaolakgang di lwetswe gaufi le lefelo leo. Ka jalo leina Megido le ne la amanngwa le ntwa. *

Le fa go ntse jalo, selo sa botlhokwa ka Megido ga se gore ke dintwa dife tse di lolweng koo mme ke gore ke ka ntlha yang fa di ne di lowa. Megido e ne e le karolo ya Lefatshe le le Solofeditsweng le Jehofa Modimo a neng a le naya Baiseraele. (Ekesodo 33:1; Joshua 12:7, 21) O ne a ikanela batho bao gore o ne a tla ba sireletsa mo bathong ba ba ba tlhaselang, mme o ne a dira fela jalo. (Duteronome 6:18, 19) Ka sekai, e ne e le kwa Megido fa Jehofa a ne a sireletsa Baiseraele ka kgakgamatso mo mephatong e e neng e ba tlhasela ya ga Kgosi Jabine wa Mokanana le molaodi wa gagwe wa masole e bong Sisera.—Baatlhodi 4:14-16.

Ka jalo, lefoko “Haramagedona” le na le bokao jo bogolo jwa tshwantshetso. Le amana le ntwa e e lowang ke mephato e mebedi e e maatla.

Boporofeti jo bo mo go Tshenolo bo bua ka nako e e tla tlang mo bogautshwaneng fa Satane le madimona a gagwe ba tla bo ba tlhotlheletsa dipuso tsa lefatshe go phutha mephato ya tsone, ka go dira jalo ba tshosetsa batho ba Modimo le tiro ya bone. Tlhaselo eno e tla felela ka gore go bolawe dimilione tsa batho fa Modimo a fenya batlhasedi bao.—Tshenolo 19:11-18.

Ke ka ntlha yang fa Modimo, yo Baebele e mo tlhalosang a le ‘kutlwelobotlhoko, a le bonya go galefa gape a tletse bopelonomi jwa lorato,’ a ka dira gore go swe batho ba le bantsi jaana? (Nehemia 9:17) Gore re tlhaloganye se Modimo a tla se dirang, re tshwanetse go araba dipotso tse tharo: (1) Ntwa e simololwa ke mang? (2) Ke eng fa Modimo a tsaya kgato? (3) Ntwa eno e tla nna le matswela afe a leruri mo lefatsheng le mo banning ba lone?

1. NTWA E SIMOLOLWA KE MANG?

Ntwa ya Haramagedona ga e kaye gore Modimo o tirisodikgoka. Go na le moo, Modimo o tla sireletsa batho ba ba siameng mo bathong ba ba batlang go ba nyeletsa. Batlhasedi mo ntweng eno ke ‘dikgosi tsa lefatshe lotlhe le le nang le banni,’ baeteledipele ba lefatshe. Ke ka ntlha yang fa ba tlhasela? Ka gonne fela jaaka motho yo o nang le bokgoni jwa go dira gore bompopi ba dire se a se batlang, Satane o tla dira gore dipuso le masole a tlhasele batho ba ba obamelang Jehofa Modimo.—Tshenolo 16:13, 14; 19:17, 18.

E re ka kgololesego ya puo le ya bodumedi e tseelwa kwa godimo kwa dinageng dingwe gompieno, kgopolo ya gore dipuso di ka thibela kgotsa tsa leka go fedisa madumedi ape fela a a leng teng, e ka lebega e le sengwe se se ka se kang sa direga. Le fa go ntse jalo, ditlhaselo tse di ntseng jalo di ne tsa direga mo lekgolong la bo20 la dingwaga mme le gompieno di a direga. * Mme go na le dilo tse pedi tse ditlhaselo tsa mo nakong e e fetileng di farologanang thata ka tsone le tlhaselo e e tla diregang pele ga Haramagedona. Sa ntlha, tlhaselo eno e tla direga mo lefatsheng lotlhe. Sa bobedi, Jehofa Modimo o tla tsaya kgato ka selekanyo se segolo go feta kafa a kileng a dira ka teng mo nakong e e fetileng. (Jeremia 25:32, 33) Baebele e tlhalosa ntwa eno e le ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe.’

2. KE ENG FA MODIMO A TSAYA KGATO?

Jehofa o laela batho ba ba mo obamelang gore ba rate kagiso ba bo ba rate baba ba bone. (Mika 4:1-3; Mathaio 5:43, 44; 26:52) Ka jalo ga ba kitla ba itshireletsa ka dibetsa fa ba tlhaselwa setlhogo mo tlhaselong eno. Fa Modimo a ne a ka se tseye kgato go sireletsa batho ba gagwe, ba ne ba ka nyelediwa botlhe. Seo se ne se tla ama leina la ga Jehofa Modimo, ke gore, tsela e a itsegeng ka yone. Fa batlhasedi ba ne ba ka fedisa batho ba ga Jehofa, seo se ne se tla dira gore a lebege a se lorato, a se tshiamiso kgotsa a se na maatla. Ruri seo se ka se direge!—Pesalema 37:28, 29.

Modimo ga a batle go senya ope, ka jalo o tlhagisa batho ka se a tla se dirang. (2 Petere 3:9) O dirisa dipego tse di mo Baebeleng go gopotsa botlhe gore mo nakong e e fetileng o ile a lwela batho ba gagwe fa ba tlhaselwa. (2 Dikgosi 19:35) Gape Baebele e tlhagisa gore mo isagweng fa Satane le dipuso tsa gagwe le mekgatlho ya gagwe ya sesole e tlhasela batho ba Modimo, Jehofa o tla boa gape a ba femela. E bile tota, Lefoko la Modimo ga le bolo go bolelela pele gore Jehofa o tla fedisa baikepi. (Diane 2:21, 22; 2 Bathesalonika 1:6-9) Ka nako eo, batlhasedi bano ba tla bona sentle gore ba lwa le Mothatayotlhe ka boene.—Esekiele 38:21-23.

3. NTWA ENO E TLA NNA LE MATSWELA AFE A LERURI?

Ntwa ya Haramagedona e tla felela ka gore go bolokwe matshelo a batho ba le dimilionemilione. Tota e bile morago ga yone go tla tla motlha wa kagiso mo lefatsheng.—Tshenolo 21:3, 4.

Buka ya Tshenolo e bua ka “boidiidi jo bogolo” jo bo se nang palo jo bo tla falolang ntwa eno. (Tshenolo 7:9, 14) Ba kaelwa ke Modimo, batho bano ba tla thusa go dira gore lefatshe e nne Paradaise gape, jaaka Jehofa a ne a ikaeletse kwa tshimologong.

A re itse gore batho ba Modimo ba tla tlhaselwa jalo leng?

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 6 Go tlwaelegile gore lefelo lengwe le amanngwe le ntwa. Ka sekai, toropo ya kwa Japane e e bidiwang Hiroshima, e e neng ya nyelediwa ka bomo ya nuklea, jaanong e dirisiwa go tshwantshetsa gore ntwa ya nuklea e ka nna ya runya.

^ ser. 13 Go Gailwa ga Batho ke Banasi ke sekai sa fa puso nngwe e ne e leka go fedisa ditlhopha tsa bodumedi le ditso dingwe. Mo magareng ga 1917 le 1991, ditlhopha tsa bodumedi mo nageng e e neng e busiwa ke puso ya Russia ya nako eo le tsone di ne di gateletswe thata. Bona setlhogo se se reng “Batho ba ba Ratang Kagiso ba Femela Leina la Bone le le Molemo,” se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa May 1, 2011, o o gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Jehofa Modimo o ne a femela batho ba gagwe mo nakong e e fetileng ka go senya baba ba bone

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Jehofa o tla femela batho ba gagwe gape, ka nako ya ntwa ya Haramagedona