Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Haramagedona—Bangwe Ba re Ke Eng?

Haramagedona—Bangwe Ba re Ke Eng?

Haramagedona—Bangwe Ba re Ke Eng?

“Mme ya di phuthela kwa lefelong le ka Sehebera le bidiwang Aramagedona.”—TSHENOLO 16:16, English Standard Version.

O AKANYANG fa o utlwa lefoko “Haramagedona”? Gongwe o akanya ka ditiragalo tse dikgolo tsa masetlapelo. Le fa lefoko leno le tlhagelela gangwe fela mo Baebeleng, le dirisiwa thata mo metsweding ya dikgang le ke baeteledipele ba bodumedi.

A dilo tse batho ba le bantsi ba di dumelang ka Haramagedona di dumalana le se Baebele e se rutang? Go botlhokwa go itse karabo. Ka ntlha yang? Ka gonne go itse boammaaruri ka Haramagedona go ka dira gore o se ka wa boifa go sa tlhokege, o nne le tsholofelo ka isagwe e bile go ka tlhotlheletsa tsela e o lebang Modimo ka yone.

Ela tlhoko dipotso tse tharo tse di latelang mme o bone gore a dilo tse batho ba bantsi ba di dumelang ka Haramagedona di tsamaisana le se tota Baebele e se rutang.

1. A HARAMAGEDONA KE TIRAGALO NNGWE YA MASETLAPELO E E BAKWANG KE BATHO?

Gantsi bakwaladikgang le babatlisisi ba dirisa lefoko “Haramagedona” fa ba tlhalosa ditiragalo tsa masetlapelo tse di bakilweng ke batho. Ka sekai, Ntwa ya Lefatshe ya I le ya II di a tle di bidiwe Haramagedona. Morago ga dintwa tseo, batho ba ne ba nna ba tshwenyegile gore United States le Soviet Union di ne di tla tlhaselana ka dibetsa tsa nuklea. Metswedi ya tshedimosetso e ne e bitsa tlhaselo eo e e neng e ka direga e re ke “Haramagedona ya dibetsa tsa nuklea.” Gompieno babatlisisi ba ba boifang gore kgotlelo e tla baka diphetogo tse dikgolo mo maemong a bosa a lefatshe ba tlhagisa gore go tla tla “Haramagedona ya maemo a bosa.”

Se tlhaloso ya bone e se kayang: Batho ke bone ba nang le thata ya go laola gore go tla diregang ka lefatshe le ditshedi tsotlhe tse di mo go lone. Fa dipuso di sa dire dilo ka botlhale, lefatshe le tla senyegela ruri.

Se Baebele e se rutang: Modimo a ka se letle batho ba senya lefatshe. Baebele e re tlhomamisetsa gore Jehofa * ga a a bopela lefatshe “lefela.” Go na le moo, o le bopetse “go nniwa.” (Isaia 45:18) Modimo a ka se letle gore batho ba senye lefatshe gotlhelele, mme o tla “senya ba ba senyang lefatshe.”—Tshenolo 11:18.

2. A HARAMAGEDONA KE TIRAGALO YA MASETLAPELO A TLHOLEGO?

Ka dinako tse dingwe bakwaladikgang ba dirisa lefoko “Haramagedona” go tlhalosa ditiragalo tse dikgolo tsa masetlapelo a tlholego. Ka sekai, ka 2010, pego nngwe e ne ya bua ka “‘Haramagedona’ ya kwa Haiti.” E ne e tlhalosa kafa thoromo e kgolo ya lefatshe e e neng ya ripitla naga eo e ileng ya baka pogo, tshenyo le dintsho tse dintsi ka teng. Babegadikgang le batho ba ba dirang difilimi ga ba dirise lefoko leo fela mo ditiragalong tse di setseng di fetile mme le mo go tse ba boifang gore di tla direga. Ka sekai, ba ile ba dirisa lefoko “Haramagedona” go tlhalosa ditlamorago tse ba akanyang gore di ka nna teng fa polanete nngwe e nnye e ka itaagana mo lefatsheng.

Se tlhaloso ya bone e se kayang: Haramagedona ke tiragalo nngwe e e itiragalelang fela e e bolayang batho ba ba se nang molato e sa tlhaole. Ga go na sepe se o ka se dirang go itshireletsa mo go yone.

Se Baebele e se rutang: Haramagedona ga se tiragalo e e itiragalelang fela e e bolayang batho e sa tlhaole. Go na le moo, ka Haramagedona go tla senngwa fela batho ba ba boikepo. Baebele e solofetsa gore go ise go ye kae, “moikepi o tla bo a sa tlhole a le teng; ruri o tla sekaseka lefelo la gagwe, mme o tla bo a seyo.”—Pesalema 37:10.

3. A MODIMO O TLA SENYA LEFATSHE KA HARAMAGEDONA?

Batho ba le bantsi ba ba ratang bodumedi ba dumela gore go tla nna le ntwa ya makgaolakgang magareng ga molemo le bosula e e tla nyeletsang polanete ya rona. Patlisiso e e neng ya dirwa ke Princeton Survey Research Associates kwa United States e ne ya bontsha gore diperesente di le 40 tsa bagolo ba ba neng ba botsolodiwa ba dumela gore lefatshe le tla fela ka “ntwa ya Haramagedona.”

Se thuto ya bone e se kayang: Batho ba ne ba sa bopelwa gore ba tshelele ruri mo lefatsheng mme lefatshe le lone le ne le sa direlwa gore le nnele ruri. Modimo o bopetse batho gore fa nako e ntse e ya ba swe botlhe.

Se Baebele e se rutang: Baebele e bontsha sentle gore Modimo o “thaile lefatshe mo mafelong a lone a a tlhomameng; ga le kitla le reketlisiwa ka bosakhutleng, kgotsa ka bosaengkae.” (Pesalema 104:5) Baebele e bua jaana ka batho ba ba nnang mo lefatsheng: “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.”—Pesalema 37:29.

Go bonala sentle gore Baebele ga e dumalane le dilo tse dintsi tse batho ba le bantsi ba di dumelang malebana le Haramagedona. Ka jalo, boammaaruri ke bofe?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 9 Mo Baebeleng, leina la Modimo ke Jehofa.