Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Letsatsi la Tsholofelo le go Lebelela Pele ka Boitumelo

Letsatsi la Tsholofelo le go Lebelela Pele ka Boitumelo

Kalogo ya Bo130 ya Gileade

Letsatsi la Tsholofelo le go Lebelela Pele ka Boitumelo

KWANTLE ga pelaelo, kalogo ya bo130 ya baithuti ba Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade e ne ya dira gore batho ba nne le tsholofelo ba bo ba lebelele pele. Ka Matlhatso, March 12, 2011, batho ba feta 8 500 ba ne ba tlile kalogong, go akaretsa baithuti le ba malapa a bone le ditsala tsa bone. Ba ne ba itumetse thata—e seng fela ka ntlha ya letsatsi leo mme le ka isagwe ya barongwa ba ba thapisitsweng sentle ba ba neng ba tloga ba romelwa mo lefatsheng lotlhe go ya go ruta batho dithuto tsa Baebele.

“Go Itumela Botlhe ba ba Nnang ba Lebeletse mo Go” Jehofa

Mafoko ano a a gomotsang, a a tserweng mo go Isaia 30:18, e ne e le setlhogo sa puo e e neng e neelwa ke Geoffrey Jackson, yo e leng leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa e bile e le modulasetulo wa thulaganyo. O ne a dirisa mafoko a a botsalano le a a kgatlhang go akgola baithuti ka gonne ba fentse dikgwetlho tsa thapiso ya Gileade mme a ba tlhomamisetsa gore le fa ba tshogile ba tla wetsa letsatsi leno le le itumedisang. Baithuti ba ne ba ka lebelela eng se tota se neng se tla direga mo isagweng? O ne a bua ka dintlha tse tharo tse di molemo tse di tswang mo go Isaia 30:18-21.

Sa ntlha, Mokaulengwe Jackson o ne a re: “Lo ka lebelela gore Jehofa o tla utlwa dithapelo tsa lona.” O ne a bua ka ntlha e e kgothatsang e e mo go temana 19: “Ruri [Modimo] o tla go amogela fa go utlwala modumo wa selelo sa gago.” Mokaulengwe Jackson o ne a re, e re ka temana eno e dirisa leemedi “go,” seno se bontsha gore Jehofa o reetsa thapelo ya mongwe le mongwe wa rona. “E re ka Jehofa e le Rre, ga a ke a botsa a re, ‘Ke eng fa o sa nonofe jaaka semangmang?’ Go na le moo, o reetsa mongwe le mongwe ka tlhoafalo. E bile o a araba.”

Sa bobedi, sebui se ne sa re re ka lebelela mathata. “Jehofa ga a solofetse gore botshelo bo tla nna motlhofo, le fa go ntse jalo o tla re thusa.” Jaaka temana 20 e bontsha, Modimo o ne a bolelela pele gore fa Baiseraele ba ne ba dikaganyediwa ke baba, matshwenyego le go gatelelwa go ne go tla ata fela jaaka senkgwe le metsi. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a tla nna a iketleeleditse go namola batho ba gagwe. Baithuti ba Gileade le bone ba tla lebana le mathata le dikgwetlho, le fa e ka tswa e se tse ba di lebeletseng! Gape Mokaulengwe Jackson o ne a re: “Mme gone lo ka lebelela gore Jehofa o tla nna le lona gore a lo thuse go lebana le kgwetlho nngwe le nngwe.”

Sa boraro, Mokaulengwe Jackson o ne a gakolola baithuti gore jaaka temana 20 le 21 e bontsha, ‘ba ka lebelela gore ba kaelwe—ka jalo ba tshwanetse go senka kaelo eo!’ O ne a re, gompieno Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go reetsa ka kelotlhoko fa Jehofa a bua a dirisa Baebele le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng. Sebui se ne sa kgothaletsa baithuti ka botsalano gore ba nne ba bala Baebele letsatsi le letsatsi ka gonne go dira jalo go kaya botshelo.

“A go Boifa Jehofa go Nne mo go Lona”

Anthony Morris wa Setlhopha se se Laolang o ne a tlhalosa bokao jwa polelwana e e mo Dikwalong e e reng “go boifa Jehofa.” (2 Ditiragalo 19:7) Mafoko ao ga a kaye go tshaba lebaibai, mme go na le moo a kaya go eletsa thata go dira se se siameng e leng tlotlo e e boteng mme e bontshiwa ka bopeloephepa mo e ka dirang gore motho a rorome. Mokaulengwe Morris o ne a kgothatsa baithuti jaana: “Nnang le poifo e e ntseng jalo fa lo ya kwa dikabelong tsa lona tsa borongwa.” Ba ka dira jang gore ba bontshe Jehofa tlotlo e e ntseng jalo? Sebui se ne sa tlotla ka dintlha tse pedi tse ba ka di dirisang.

Sa ntlha, Mokaulengwe Morris o ne a kgothaletsa baithuti gore ba dirise kgakololo e e mo go Jakobe 1:19: “Nna bonako go utlwa, bonya go bua.” O ne a umaka gore baithuti ba ne ba ithutile go le gontsi mo dikgweding tse tlhano, mme ba ne ba tshwanetse go nna kelotlhoko gore fa ba tsena kwa dikabelong tsa bone ba se ka ba ikgantsha ka dilo tsotlhe tse ba di ithutileng. O ne a re: “Lo tshwanetse go reetsa pele. Reetsang baboledi ba phuthego e lo leng mo go yone le bakaulengwe ba ba ikarabelelang ka tshimo ya naga e lo tla direlang kwa go yone; reetsang se ba se buang ka naga eo le setso sa yone. Lo se ka lwa okaoka go re, ‘Ga ke itse.’ Fa e le gore thuto eno e lo solegetse molemo, fa lo ntse lo ithuta mo go oketsegileng, lo tla lemoga gore tota lo itse go le gonnye fela.”

Sa bobedi, Mokaulengwe Morris o ne a bala Diane 27:21: “Pitsa e e itshekisang ke ya selefera, leubelo ke la gouta; mme motho o lekwa go ya ka pako ya gagwe.” O ne a tlhalosa gore fela jaaka gouta le selefera di tlhoka go itshekisiwa, le rona re ka itshekisiwa ke pako. Jang? Pako e ka re leka gore re batho ba ba ntseng jang. E ka dira gore re nne mabela le go wa semoyeng kgotsa e ka dira gore re lemoge gore re tshwanetse go leboga Jehofa re bo re ititeye sehuba gore le ka motlha re se ka ra tlola melao ya gagwe. Ka jalo, Mokaulengwe Morris o ne a kgothaletsa baithuti gore pako epe e ba e fiwang ba e amogele ka tsela e e tshwanetseng—e le tshono ya go supa gore ba “boifa Jehofa” ka tsela e e siameng.

“Anaanela Thomo ya Gago”

Guy Pierce wa Setlhopha se se Laolang o ne a neela puo ya konokono mo thulaganyong eo. O ne a tlotla ka setlhogo se se fa godimo a tlhalosa gore lefoko “morongwa” le kaya “mongwe yo o romilweng go dira tiro nngwe.” O ne a bontsha gore ke gone ka moo go nang le barongwa ba mefuta e e farologaneng ba ba romilweng go dira ditiro tse dintsi tse di farologaneng. Ba le bantsi ba remeletse thata mo go fodiseng batho e bile ba senka tharabololo ya mathata a lefatshe mo dipolotiking. O ne a re: “Lona ga lo tshwane le bone.” Jang?

Fa baithuti bano ba Gileade ba ithuta Baebele, ba ne ba utlwa ka batho ba le bantsi ba ba neng ba fodisiwa. Fa Jesu a ne a tsosa mosetsanyana mongwe, batsadi ba gagwe ba ne “ba se ka ba kgona go itshwara ka ntlha ya go tlhapelwa ke boitumelo.” (Mareko 5:42) Ka tsela e e tshwanang, fa difofu di ne di fodisiwa ka kgakgamatso di ne di itumela thata. Lengwe la mabaka a go bo go ne go dirwa dikgakgamatso tse di ntseng jalo e ne e le go bontsha rona gompieno gore Keresete o tla dirang mo lefatsheng le lesha le le tlang, fa “boidiidi jo bogolo” jwa batho ba ba siameng ba ba tla falolang bokhutlo jwa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo, ba tla bong ba fodisiwa malwetse ape a ba nang le one. (Tshenolo 7:9, 14) Baratiwa ba bone, ba ba tla ba amogelang fa ba tsosiwa, le bone ba tla bo ba na le botsogo jo bo molemo. Akanya fela kafa ba tla bong ba itumetse ka teng!

Le fa go ntse jalo, fela jaaka Mokaulengwe Pierce a ne a tlhalosa, go fodisa malwetse e ka se nne mofuta o o botlhokwatlhokwa wa phodiso. Balwetse ba Jesu a neng a ba fodisa ba ne ba boa ba lwala gape moragonyana. Baswi ba a neng a ba tsosa ba ne ba swa gape. Tota le batho ba ba difofu ba a neng a ba fodisitse, fa ba swa go ne go nna e kete ba foufetse gape. Phodiso ya semoya e Jesu a neng a e dira e ne e le yone ya botlhokwatlhokwa. Barongwa ba Gileade le bone ba na le thomo ya go fodisa batho semoyeng. Ba thusa batho gore ba boelane le Rraarona yo o kwa legodimong gore ba tshele semoyeng. Batho ba ba fodisitsweng semoyeng ke bone fela ba ba tla fitlhelelang mokgele wa go tshelela ruri. Mokaulengwe Pierce o ne a re: “Phodiso eo ya semoya ke yone e bakang Modimo. E dira gore o atlege mo bodireding jwa gago.”

Dipuo Tse Dingwe Tse Tharo

“A Leno e Tla Nna Letsatsi le le Molemo?” Robert Rains wa Komiti ya Lekala la kwa United States o ne a araba potso eo e e tshwanelang. O ne a kgothaletsa baithuti gore ba tlhomamise gore letsatsi lengwe le lengwe mo kabelong ya bone e nna le le molemo ka go dirisa nako ya bone ka botlhale, ka go leba mo Lefokong la Modimo fa ba tlhobaela le ka go ikaega ka Jehofa ka thapelo.

“A o Tla Dira Gore se Segologolo se Nne Sesha?” Motlhatlheledi wa Gileade e bong Mark Noumair o ne a botsa potso eno mo puong ya gagwe. O ne a tlotla ka 1 Johane 2:7, 8, e mo go yone moaposetoloi Johane a umakang “taelo e kgologolo” e gape e neng e le “taelo e ntšha.” Ditaelo tseo ka bobedi di ne di bua ka taelo e le nngwe—ya gore balatedi ba ga Keresete ba ratane ka lorato lo e seng lwa bopelotshetlha mme e le ka moya wa go intsha setlhabelo. (Johane 13:34, 35) Taelo eo e ne e le kgologolo ka gonne Keresete ka boene o ne a e neetse balatedi ba gagwe masome a dingwaga pele ga moo; gape e ne e le ntšha ka gonne Bakeresete ba ne ba lebana le dikgwetlho tse disha, mme ba tshwanelwa ke go bontsha lorato ka ditsela tse disha le ka botlalo go feta pele. Barongwa le bone ba lebana le maemo a masha mme ba tshwanelwa ke go ithuta go bontsha lorato ka ditsela tse disha. Ba ka dira seo jang?

Mokaulengwe Noumair o ne a gakolola jaana: “O se ka wa fetoga se o se tlhoileng.” O ne a tlhagisa gore fa re bona motho a itshwara ka tsela e re e tlhoileng mme le rona re bo re itshwara jalo, re fetoga se re se tlhoileng mme go dira jalo go kotsi. Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa re lebana le dikgwetlho tse di ntseng jalo ka go batla ditsela tse disha tsa go bontsha lorato, re phatsimisa “lesedi la boammaaruri” re bo re nyeletsa lefifi la semoya.

“Rwala Morwalo.” Motlhatlheledi yo mongwe wa Gileade e bong Michael Burnett, o ne a tlotla ka setlhogo seno. O ne a bua ka batho ba mo dinageng tsa Afrika ba ba rwalang merwalo e e boima ka tlhogo. Ba dirisa kgare, letsela le lennye le le tshophilweng le bo le bewa mo tlhogong go thusa gore morwalo o se ka wa babalela tlhogo le gore o se ka wa relela, mme seo se dira gore motho a tsamaye sentle. Barongwa ba Gileade ba tlile go rwala morwalo o o boima wa maikarabelo mo dikabelong tsa bone tsa kwa dinageng di sele, mme ba filwe sengwe se se tshwanang le kgare: thapiso e e tseneletseng e e theilweng mo Baebeleng. Fa ba dirisa se ba se ithutileng, ba tla kgona go sikara morwalo wa bone sentle.

Maitemogelo le Dipotsolotso

Gape fa baithuti ba le mo Sekolong sa Gileade ba ya bodireding le diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa tsa mo lefelong leo. Molebedi wa Lephata la Dikolo Tsa Puso ya Modimo e bong William Samuelson, o ne a tlotla ka mangwe a maitemogelo a baithuti, a dirisa setlhogo se se reng, “O se Ka wa Letla Seatla sa Gago Gore se Ikhutse.” (Moreri 11:6) Baithuti ba ne ba dirisa dipontsho tse di kgatlhang go bontsha kafa ba neng ba dira ka natla ka teng mo bodireding, ba bona ditshono tsa go rera dikgang tse di molemo mo difofaneng, kwa diresetšhurenteng le kwa mafelong a go tshela peterolo. Ba ne ba neela bosupi ka ntlo le ntlo, ka go tlotla le batho ba se mo bodireding le ka go kwala makwalo. Eleruri ga ba a ka ba letla diatla tsa bone di ikhutsa mme ba ne ba nna le matswela a a molemolemo.

Go tswa foo, Kenneth Stovall yo o direlang kwa Gileade o ne a botsolotsa banna ba le bararo ba ba nang le maitemogelo mo tirong ya borongwa—Barry Hill o ne a direla kwa Ecuador le kwa Dominican Republic, Eddie Mobley kwa Côte d’Ivoire, mme Tab Honsberger kwa Senegal, kwa Benin le kwa Haiti. Ba ne ba tlotla ka tsela e e kgatlhang ka setlhogo se se reng, “Leka Jehofa Mme o Bone Masego.” (Malaki 3:10) Ka sekai, Mokaulengwe Hill o ne a tlhalosa kafa ene le mosadi wa gagwe ba neng ba lebana le kgwetlho ya go tlwaela maemo a bosa a kwa Ecuador ka teng ka gonne ka dinako tse dingwe go ne go nna mogote e bile go le dithole mme ka dinako tse dingwe go nna mogote e bile go le dithetse. O gakologelwa gore ka lobaka lwa mo e ka nnang dingwaga tse pedi le sephatlo ba ne ba tshwanelwa ke go tlhapa ba dirisa dikgamelo. Le fa go ntse jalo ga ba a ka ba akanya go tsamaya; ba ne ba leba kabelo ya bone e le masego a a tswang kwa go Jehofa. O ne a re: “Tiro eno e ne e le botshelo jwa rona.”

Kwa bokhutlong jwa thulaganyo, mongwe wa baithuti o ne a bala lekwalo le le amang maikutlo le le tswang mo setlhopheng se se alogang le le neng le tlhalosa kafa baithuti ba anaanelang ka teng thapiso e ba e neilweng mo sekolong seno. Lekwalo leo le ne le re: “Tumelo ya rona e nonofile go feta pele, mme re itse gore re sa ntse re tlhoka go tokafatsa.” Baithuti botlhe ba ne ba newa didipoloma, mme ba abelwa go ya kwa dinageng tse di farologaneng. Mokaulengwe Jackson o ne a konela thulaganyo ka go tlhomamisetsa baithuti gore ba ne ba ka lebelela gore Jehofa a ba thuse mo matshelong a bone, bogolo jang fa ba lebana le dikgwetlho. Botlhe ba ba neng ba le teng ba ne ba tsamaya ba na le tsholofelo le e leng go feta pele e bile ba lebile pele ka boitumelo. Kwantle ga pelaelo, Jehofa o tla dirisa barongwa bano ba basha go dira ditiro tse dintsi tse di molemo.

[Tšhate mo go tsebe 31]

DIPALOPALO MALEBANA LE SETLHOPHA

9 dinaga tse ba tswang kwa go tsone

34,0 palogare ya dingwaga tsa bone

18,6 palogare ya dingwaga tsa bone ba kolobeditswe

13,1 palogare ya dingwaga tsa bone ba le mo bodireding jwa nako e e tletseng

[Mmapa]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Barongwa ba abetswe go ya kwa dinageng tse di bontshitsweng fa tlase fano

DINAGA TSE BARONGWA BA ABETSWENG GO YA KWA GO TSONE

ARGENTINA

ARMENIA

BURKINA FASO

BURUNDI

CONGO (KINSHASA)

CZECH REPUBLIC

HAITI

HONG KONG

INDONESIA

KENYA

LITHUANIA

MALAYSIA

MOZAMBIQUE

NEPAL

PAPUA NEW GUINEA

ROMANIA

SENEGAL

TANZANIA

UGANDA

ZIMBABWE

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Setlhopha sa Bo130 sa Dialogane Tsa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade

Mo lenaaneng le le fa tlase, mela e balwa go tloga kwa pele go ya kwa morago, mme maina a tlhomagantswe go tloga kafa molemeng go ya kafa mojeng wa mola mongwe le mongwe.

(1) Molina, Z.; Bassolino, S.; Alatsis, C.; Arroyo, A.; Niño, L.; Merkling, S.; Clark, M.

(2) Little, C.; Tibaudo, S.; Jakobsson, S.; Moreno, J.; Rodriguez, A.; Lee, K.; Cárdenas, H.; Aguilar, L.

(3) Clairbush, A.; Polley, A.; Caldwell, S.; Adame, J.; Hildebrandt, S.; Shoemaker, I.; Grohman, N.; Galvez, G.

(4) Clark, J.; Bassolino, A.; Packham, K.; Adame, J.; Knaus, M.; Niño, M.; Moreno, R.; Galvez, J.

(5) Rodriguez, D.; Geynes, M.; Molina, J.; Aguilar, A.; Alatsis, I.; Manno, A.; Grohman, R.; Packham, J.

(6) Geynes, S.; Cárdenas, M.; Arroyo, C.; Manno, C.; Merkling, J.; Lee, H.; Clairbush, X.; Jakobsson, P.

(7) Little, J.; Hildebrandt, B.; Shoemaker, M.; Knaus, K.; Caldwell, J.; Tibaudo, F.; Polley, C.