Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Mang yo o Tshwanetseng go Ruta Bana ka Modimo?

Ke Mang yo o Tshwanetseng go Ruta Bana ka Modimo?

Ke Mang yo o Tshwanetseng go Ruta Bana ka Modimo?

“Morutwana ga a kwa godimo ga morutisi wa gagwe, mme mongwe le mongwe yo o rutiwang sentle o tla tshwana le morutisi wa gagwe.” —LUKE 6:40.

BATSADI bangwe ba ikutlwa ba sa tshwanelege go ruta bana ba bone ka Modimo. Ba ka nna ba akanya gore ga ba a rutega mo go lekaneng kgotsa ga ba na kitso e e lekaneng ka bodumedi gore ba ka nna barutisi ba ba molemo. Ka jalo, ba ka nna ba tlogelela mongwe wa losika kgotsa moeteledipele wa bodumedi tiro eno ya botlhokwa.

Mme ke mang yo tota a tshwanelegang go ruta bana dithuto tsa boammaaruri tsa bodumedi le melaometheo ya boitsholo? Ela tlhoko se Baebele e se buang ka kgang eno mme o bapise mafoko ao le se babatlisisi ba se lemogileng.

Seabe sa ga Rre ke Sefe?

Se Baebele e se rutang: “Borre, lo se ka lwa galefisa bana ba lona, mme ba godisetseng mo thapisong le mo taong ya Morena.”—Baefeso 6:4, “Holman Christian Standard Bible.”

Se babatlisisi ba se lemogileng: Borre ba solegelwa molemo jang fa ba nna le dilo tse ba di dumelang ba tlhatswegile pelo tse di amanang le bodumedi? Setlhogo sa Fathers’ Religious Involvement and Early Childhood Behavior, se se gatisitsweng ka 2009, se ne sa re: “Go nna mo setlhopheng sengwe sa bodumedi go ka thusa banna gore e nne borre ba ba botoka. Bodumedi bo thusa batho gore ba nne le batho ba ba ba emang nokeng, ba nne le se se ba tlhotlheletsang ka tsela e e siameng mmogo le dithuto le kaelo ya kafa motho a ka tshelang ka teng.”

Baebele e gatelela thata botlhokwa jwa seabe se rre a nang le sone mo go godiseng le mo go thapiseng bana. (Diane 4:1; Bakolosa 3:21; Bahebera 12:9) A mme kgakololo eo e a dira gompieno? Ka 2009, Yunibesithi ya Florida e ne ya gatisa setlhogo se se neng se tlhalosa kafa borre ba tlhotlheletsang bana ba bone ka teng. Babatlisisi ba ne ba fitlhela gore bana ba ba nang le borre ba ba tsenyang letsogo thata mo go ba godiseng gantsi e nna batho ba ba pelotlhomogi e bile ba a itlotla. Gantsi basimane ga ba nne diganana le basetsana ba akanyetsa dilo ka tsela e e botoka. Ee ruri, kgakololo ya Baebele e sa ntse e dira.

Seabe sa ga Mmè se Botlhokwa go le Kana Kang?

Se Baebele e se rutang: “O se ka wa latlha molao wa ga mmago.”—Diane 1:8.

Se babatlisisi ba se lemogileng: Ka 2006, Handbook of Child Psychology e ne ya re, ka kakaretso, bommè ba dirisa nako e ntsi thata go feta e e dirisiwang ke borre ba dirisana le mongwe le mongwe wa bana ba bone, mme go ntse fela jalo le mo dinageng di le dintsi tse di farologaneng. E re ka mmè a dirisana le ngwana ka selekanyo se se kalo, se a se buang, se a se dirang le tsela e a ikutlwang ka yone e na le seabe se segolo mo go goleng ga ngwana.

Fa rre le mmè ba dira mmogo go ruta bana ba bone boammaaruri ka Modimo, ba ba naya dimpho tsa botlhokwa di ka nna pedi. Sa ntlha, bana ba nna le tshono ya go nna le kamano le Rraabone yo o kwa legodimong, kamano e e ka ba solegelang molemo botshelo jotlhe jwa bone. Sa bobedi, bana ba ithuta ka go lebelela batsadi ba bone gore monna le mosadi ba tshwanetse go dirisana mmogo jang gore ba fitlhelele mekgele ya botlhokwa. (Bakolosa 3:18-20) Le fa batho ba bangwe ba ka kgona go thusa rre le mmè, batsadi ke bone ba nang le boikarabelo jwa go ruta bana ba bone ka Modimo le gore Modimo o batla lelapa le tsamaisiwa jang.

Mme batsadi ba tshwanetse go ruta bana ba bone jang? Ke mekgwa efe e e ka nnang le matswela a a molemo?