Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tsaya Mosepele go ya Karolong e e Kwa Kgakalakgakala ya Lefatshe

Go Tsaya Mosepele go ya Karolong e e Kwa Kgakalakgakala ya Lefatshe

Kafa Bakeresete ba Lekgolo la Ntlha la Dingwaga ba Neng ba Tshela ka Gone

Go Tsaya Mosepele go ya Karolong e e Kwa Kgakalakgakala ya Lefatshe

“Mo letsatsing le le latelang a tloga le Barenabase a ya Derebe. Mme fa a sena go bolelela motse oo dikgang tse di molemo le go dira barutwa ba le bantsi thata, ba boela kwa Lisetera le kwa Ikonio le kwa Antioka.”—DITIRO 14:20, 21.

MOTSAMAI o hema pheswana e e tsiditsana ya mo mosong. O rwala makgasa a gagwe a bompaatšhane. O sa ntse a tla tsamaya letsatsi lotlhe.

Fa letsatsi le sena go tlhaba, o tsamaya ka tsela e e dithole e e fetang mo tshimong ya mofine go ralala sekgwa sa motlhware e bo e palamela thota. Fa a ntse a le mo tseleng, o kopana le batsamai ba bangwe—balemi ba ba yang kwa masimong a bone, bagwebi ba ba tsamayang le diruiwa tsa bone tse di belesitsweng dithoto tse dintsi le baeti ba bodumedi ba ba yang kwa Jerusalema. Motsamai yono le batho ba a nang le bone ba buisana le mongwe le mongwe yo ba kopanang le ene. Ba ikaeletse go dira eng? Go diragatsa thomo ya ga Jesu ya gore ba nne basupi ba gagwe “go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.”—Ditiro 1:8.

Motsamai yono e ka nna moaposetoloi Paulo kgotsa Barenabase kgotsa ope fela wa barongwa ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ba neng ba dira ka natla le fa ba lebana le maemo a a thata. (Ditiro 14:19-26; 15:22) E ne e le batho ba ba dirang dilo ka go ikemisetsa. Go tsaya mosepele go ne go le thata. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana a tlhalosa mathata a a nnileng le one kwa lewatleng: “Ka thubegelwa ke sekepe gararo, ka nna bosigo bo le bongwe le letsatsi le le lengwe mo lewatleng.” Go tsamaya ka maoto le gone go ne go le thata. Paulo o ne a re gantsi o ne a lebana le ‘dikotsi mo dinokeng’ le ‘dikotsi tsa dinokwane tsa ditsela tse dikgolo.’—2 Bakorintha 11:25-27.

Go ne go ka nna jang go tsaya mosepele le barongwa bao? Lo ne lo ka tsamaya sekgala se se kana kang ka letsatsi? Lo ne lo tla tlhoka go tsaya eng, mme lo ne lo tla ikhutsa kae fa lo ntse lo tsamaya?

Go Tsamaya mo Ditseleng Mo lekgolong la ntlha la dingwaga Baroma ba ne ba dirile ditsela tse di neng di kopanya dikarolo tse dikgolo tsa mmusomogolo. Ditsela tseo di ne di dirilwe ka kelotlhoko e bile di agilwe sentle. Bontsi jwa tsone di ne di le bophara jwa dimetara di le 4,5, di dirilwe ka maje, di ageletswe mo matlhakoreng e bile di na le maje a a supang sekgala se motho a tla se tsamayang go fitlha kwa motseng o o latelang. Mo tseleng e e ntseng jalo, morongwa yo o jaaka Paulo o ne a ka tsamaya dikilometara di ka nna 32 ka letsatsi.

Le fa go ntse jalo, bontsi jwa ditsela tsa kwa Palasetina e ne e le ditselana tse di kotsi, mme go ne go se na legora fa gare ga tsone le masimo le mekgatšha. Motsamai o ne a ka rakana le dibatana tsa naga kgotsa dinokwane; e bile o ne a ka fitlhela tsela e tswetswe.

Motsamai o ne a tla tsamaya a tshwere eng? Dingwe tsa dilo tsa botlhokwa tse a neng a ka di tshwara e ne e le thobane gore a itshireletse ka yone (1), kobo e a neng a tla robala mo go yone (2), kgetsana ya madi (3), bompaatšhane ba bangwe (4), kgetsi ya dijo (5), diaparo tse dingwe (6), kgamelo ya letlalo e e ka phuthwang e a neng a tla ga metsi a sediba ka yone mo tseleng (7), modutwana wa metsi (8) le beke e kgolo ya letlalo e a neng a ka tsenya dilwana tsa gagwe tsotlhe mo go yone (9).

Barongwa ba ne ba itse gore ba tla kopana le bagwebi ba ba tsamayang, ba ba neng ba isa dithoto go tswa mo marekisetsong a mangwe go ya kwa go a mangwe a lefelo la bone. Bagwebi bano ba ne ba dirisa diphologolo tse di sa releleng motlhofo e leng ditonki. Go ne go se na diphologolo dipe tse dingwe tse di ka kgonang go tsamaya jaaka tsone mo ditseleng tse di palamelang tse di tletseng matlapa. Go begwa gore tonki e e nonofileng e ne e ka kgona go tsamaya dikilometara di le 80 ka letsatsi e rwele morwalo o o bokete. Dikoloi le dikaraki tsa dikgomo tsone di ne di le bonya, di tsamaya dikilometara di le 8 go ya go di le 20 fela. Mme dikgomo di ne di kgona go rwala merwalo e e bokete mme di ne di ka dirisiwa mo mesepeleng e mekhutshwane. Motsamai o ne a ka feta mokoloko wa dikamela kgotsa ditonki—diphologolo tse dintsi di belesitswe dithoto tse di tswang kwa dinageng tse di farologaneng. Morongwa yo o pagameng pitse o ne a ka mo feta ka lobelo lo logolo; o ne a tla bo a tshotse makwalo le melawana ya segosi a e isa kwa dikagong tse di kwantle ga motse tsa mmusomogolo.

Fa letsatsi le phirima, batsamai ba ne ba robala fa thoko ga tsela mo bothibelelong jo bo tlhomilweng ka lepotlapotla. Bangwe ba ne ba ka nna mo lefelong le le ageletsweng ka dipota mme le na le diphaposi tse di se nang fenitšhara di agilwe go dikologa lelwapa. Mafelo ano a a leswe, a go seng monate go nna mo go one, a ne a ba sireletsa go se kae fela mo maemong a a sa itumediseng a bosa kgotsa mo magodung. Fa go kgonega, barongwa bano ba batsamai ba ka tswa ba ne ba nna le ba malapa a bone kgotsa badumedikabone.—Ditiro 17:7; Baroma 12:13.

Go Tsamaya mo Mawatleng Mekoro e mennye e ne e isa dithoto le batho go tswa mo mafelong a mangwe a a fa thoko ga lewatle go ya kwa go a mangwe le go kgabaganya Lewatle la Galalea. (Johane 6:1, 2, 16, 17, 22-24) Dikepe tse dikgolo di le dintsi di ne di kgabaganya lewatle la Mediterranean, di isa le go tsaya merwalo kwa maemakepeng a a kgakala. Dikepe tseno di ne di isa dijo kwa Roma e bile di isa balaodi ba puso le melaetsa go tswa kwa maemakepeng a mangwe go ya kwa go a mangwe.

Bakgweetsi ba dikepe ba ne ba laola dikepe ba thusiwa ke dilo tse ba neng ba di bona—motshegare ba ne ba thusiwa ke dilo tse ba di fetang mo nageng, mme bosigo ba ne ba thusiwa ke dinaledi. Ka jalo, go tsamaya mo lewatleng go ne go sireletsegile fela go simolola ka May go fitlha mo bogareng jwa September fa maemo a bosa a ne a siame. Gantsi dikepe di ne di thubega.—Ditiro 27:39-44; 2 Bakorintha 11:25.

Lebaka la go bo batho ba ne ba tlhopha go tsamaya mo lewatleng e ne e se ka gonne go le monate go feta go tsamaya mo ditseleng. Dikepe tsa merwalo e ne e le tsone di dirisiwang thata mo lewatleng, mme di ne di sa dirwa ka tsela e bapalami ba neng ba ka itumelela go tsamaya ka tsone. Batsamai ba ne ba nna e bile ba robala mo boalong jwa sekepe le fa maemo a bosa a ne a ka nna jang. Lefelo le le sa tseneng metsi le le kafa tlase ga boalo jwa sekepe le ne le tletse dithoto tse di tlhwatlhwakgolo. Bapalami ba ne ba ja mofago o ba itletseng one. Ba ne ba newa metsi a go nwa fela. Ka dinako tse dingwe maemo a bosa a ne a fetofetoga thata. Matsubutsubu a a sa feleng le lewatle le le galefileng le ne le dira gore batho ba lwale, gantsi e le ka malatsi a mantsi.

Le fa go tsamaya mo ditseleng le mo lewatleng go ne go le thata, barongwa ba ba jaaka Paulo ba ne ba anamisa ‘dikgang tse di molemo tsa bogosi’ mo dikarolong tsa lefatshe tse ba neng ba di itse. (Mathaio 24:14) Dingwaga di le 30 fela Jesu a sena go bolelela barutwa ba gagwe gore ba rere ka ga gagwe, Paulo o ne a ka kwala gore dikgang tse di molemo di ne di rerwa “mo popong yotlhe e e kafa tlase ga legodimo.”—Bakolosa 1:23.