Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bontsha Gore o a Anaanela

Bontsha Gore o a Anaanela

Tsela 3

Bontsha Gore o a Anaanela

BAEBELE E RUTA ENG? “Lebogang ka ga dilo tsotlhe.”—1 Bathesalonika 5:18.

RE KA LEBANA LE KGWETLHO EFE? Re tshela le batho ba ba mabela le ba ba sa lebogeng, mme re ka simolola go nna le mekgwa eo. (2 Timotheo 3:1, 2) Mo godimo ga moo, re ka nna ra ikutlwa re tshwanelwa ke go dira ditiro tse dingwe le fa re setse re na le ditiro tse dintsi tse re di dirang. Re ka ikutlwa re imetswe ke mathata kgotsa re tseneletse thata mo go direng dilo tse rona re di ratang mo re salang re se na nako ya go anaanela se re setseng re na le sone kgotsa go leboga batho ba bangwe ka ntlha ya se ba re direlang sone.

O KA DIRANG? Iphe nako ya go tlhatlhanya ka dilo tse di molemo tse o di itumelelang gone jaanong. Gone ke boammaaruri gore o ka ikutlwa o imetswe ke mathata. Mme akanya ka sekai sa ga Kgosi Dafide. Ka dinako tse dingwe o ne a utlwa botlhoko thata, mme pelo ya gagwe e koafadiwa ke diteko. Le fa go ntse jalo, o ne a rapela Modimo jaana: “Ke tlhatlhantse ka tiro ya gago yotlhe; ke ne ka itlhophela go nna ke tlhatlhanya ka tiro ya diatla tsa gago.” (Pesalema 143:3-5) Le fa Dafide a ne a lebana le diteko, o ne a anaanela ka metlha e bile a nna a ritibetse.

Akanya ka dilo tse batho ba bangwe ba ileng ba di dira go go thusa, mme o ba bolelele gore o anaanela se ba go diretseng sone. Jesu o re tlhometse sekao se se molemo thata mo ntlheng eno. Ka sekai, fa tsala ya gagwe e bong Marea a ne a mo tshela leokwane le le jang madi a le mantsi mo tlhogong le mo maotong, bangwe ba ne ba botsa jaana: “Ke ka ntlha yang fa go diragetse tshenyo eno ya leokwane le le nkgang monate?” * Batshwayadiphoso bao ba ne ba tsaya gore leokwane leo le ka bo le rekisitswe mme madi a teng a newa bahumanegi. Jesu o ne a re: “Mo leseng. Ke ka ntlha yang fa lo leka go mo tshwenya?” Go tswa foo o ne a re: “O dirile se a neng a ka se kgona.” (Mareko 14:3-8; Johane 12:3) Go na le gore Jesu a tlhome mogopolo mo go se Marea a neng a sa se dira, o ne a bontsha gore o anaanela se a se dirileng.

Bangwe ba anaanela ba lelapa, ditsala kgotsa masego a mangwe fa a sa tlhole a le teng. O ka tila ditlamorago tse di ntseng jalo ka go akanya ka dilo tse o itumelelang tsone gone jaanong! Ke ka ntlha yang fa o sa akanye ka dilo tse o di lebogelang kgotsa wa kwala lenaane la tsone?

E re ka “mpho nngwe le nngwe e e molemo” e tswa kwa Modimong, re tla bo re dira sentle fa re ka mo leboga ka thapelo. (Jakobe 1:17) Fa re dira jalo ka metlha seo se ka re thusa go nna le kanaanelo le go ritibala.—Bafilipi 4:6, 7.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, go tshela moeng leokwane mo tlhogong go ne go bontsha gore o amogela baeng; go mo tshela leokwane mo dinaong go ne go bontsha boikokobetso.

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

A o leboga batho ba bangwe ka ntlha ya dilo tse ba go direlang tsone?