Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

A o badile dimakasine tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo ka kelotlhoko? Fa go ntse jalo, bona gore a o ka kgona go araba dipotso tse di latelang:

Bakeresete ba leba jang go bula buka nngwe le nngwe fela ya Baebele ba bo ba bala temana ya ntlha e ba e bonang?

Batho bangwe ba akanya gore go dirisa Baebele ka mokgwa ono go ka ba thusa. Bakeresete ba boammaaruri ga ba dirise dipheko. Go na le moo, ba ithuta Baebele gore ba nne le kitso ya boammaaruri le kaelo ya Modimo.—12/15, tsebe 3.

“Lefatshe” le le tla fetang ke eng?

“Lefatshe” le le tla fetang ke batho ba ba sa tsheleng go ya ka thato ya Modimo. (1 Joh. 2:17) Polanete ya lefatshe le batho ba ba ikanyegang ba tla falola.—1/1, tsebe 5-7.

Le mororo Abele a sule, o sa ntse a bua le rona jang? (Baheb. 11:4)

O bua le rona ka tumelo. Re ka ithuta mo tumelong ya gagwe le go e etsa. Sekao sa gagwe se sa ntse se le mosola le gompieno.—1/1, tsebe 12.

Ke maemo afe a re sa tshwanelang go a letla go re katosetsa kgakala le Modimo?

Mangwe a one ke: tiro ya rona ya boitshediso, boitlosobodutu le boitapoloso jo re bo tlhophang, kamano ya rona le wa lelapa yo o kgaotsweng, kafa re dirisang thekenoloji ka gone, go amega ka botsogo jwa rona, tsela e e phoso e re lebang madi ka yone le go akanya gore tsela e re lebang dilo ka yone e siame go feta ya ga Jehofa.—1/15, tsebe 12-21.

Re ithuta eng mo boikokobetsong jwa ga Moshe?

Go na le gore a ikgogomose ka ntlha ya bolaodi jwa gagwe, Moshe o ne a ikaega ka Modimo. Ga re batle go dira gore maatla, bolaodi kgotsa bokgoni jwa rona jwa tlholego bo dire gore re nne boikgogomoso; go na le moo, re batla go ikanya Jehofa. (Dia. 3:5, 6)—2/1, tsebe 5.

Batho ba ba tsositsweng ba tla nna kae?

Palo e e lekanyeditsweng—144 000—e tla nna kwa legodimong. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba tla tsosediwa mo lefatsheng, ba na le tsholofelo ya go tshela mo go lone ka bosakhutleng.—3/1, tsebe 6.

Go ne go kaya eng gore Baiseraele ba ne ba sa “rupa mo pelong”? (Jer. 9:26)

Ba ne ba le tlhogoethata, ba tsuologa mme ba ne ba tlhoka go tlosa se se neng se dira gore dipelo tsa bone di kgwaralale—dikakanyo, dilo tse ba neng ba di rata kgotsa maikaelelo a a neng a sa dumalane le a Modimo. (Jer. 5:23, 24)—3/15, tsebe 9-10.

Ke jang, Jesu e neng e le sekao sa mongwe yo o neng a tshela botshelo jo bo nang le bokao?

O ne a na le boikaelelo jwa go dira thato ya Modimo mo botshelong. O ne a rata Rraagwe thata e bile a rata batho. Ka jalo, Jesu o ne a itse gore Rraagwe o a mo rata mme o a mo amogela. Tseo ke dilo tse di mo thusitseng gore a nne le botshelo jo bo nang le bokao.—4/1, tsebe 4-5.

Karolo ya mo lefatsheng ya phuthego ya Modimo e akaretsa eng?

E akaretsa Setlhopha se se Laolang, dikomiti tsa makala, balebedi ba ba etang, ditlhopha tsa bagolwane, diphuthego le Basupi botlhe.—4/15, tsebe 29.

Ke eng fa re ka re Modimo o ne a se setlhogo fa a ne a diragatsa dikatlholo tsa gagwe?

Jehofa ga a itumelele loso lwa baikepi. (Esek. 33:11) Ditiragalo tsa mo nakong e e fetileng di bontsha gore o tlhagisa batho pele ga a diragatsa katlholo. Seno se ka re naya tsholofelo ya go falola dikatlholo tse di tlang.—5/1, tsebe 5-6.

A Baiseraele ba ne ba bolaya dikebekwa ka go di kaletsa mo koteng?

Nnyaa. Ditšhaba tse dingwe tsa bogologolo ke tsone di neng di dira jalo, e seng Baiseraele. Fa Dikwalo tsa Sehebera di ne di kwalwa badirabosula ba ne ba bolawa pele, gongwe ka go kgobotlediwa ka maje. (Lefi. 20:2, 27) Go tswa foo, ditopo tsa bone di ne di ka pegiwa mo koteng e le tlhagiso mo go ba bangwe.—5/15, tsebe 13.

Ke ka ntlha yang fa go le thata gore go nne le kagiso mo lefatsheng?

Le fa batho ba fitlheletse dilo di le dintsi, ga ba na bokgoni jwa go kaela dikgato tsa bone. (Jer. 10:23) Satane o laola lefatshe, ka jalo, batho ba ka se kgone go dira gore go nne le kagiso. (1 Joh. 5:19)—6/1, tsebe 16.