Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Dira Gore Nako ya go Ithuta e Itumedise Thata e Bile e Solegele Molemo

Go Dira Gore Nako ya go Ithuta e Itumedise Thata e Bile e Solegele Molemo

Go Dira Gore Nako ya go Ithuta e Itumedise Thata e Bile e Solegele Molemo

Re ka bona jang boitumelo jo bo oketsegileng fa re ithuta Baebele? Re ka dira jang gore dinako tsa go ithuta di re solegele molemo? Mma re sekasekeng ka bokhutshwane dintlha di le tharo tse di botlhokwa tse di tla re thusang gore re solegelwe molemo ke go ithuta Baebele re le esi.

1 RAPELA: Selo sa ntlha se re tshwanetseng go se dira ke go rapela. (Pes. 42:8) Ka ntlha yang? Re tshwanetse go dira gore go ithuta Lefoko la Modimo e nne karolo ya kobamelo ya rona. Ka jalo, re tshwanetse go kopa Jehofa gore a re thuse gore dipelo tsa rona le ditlhaloganyo tsa rona di amogele ka botlalo se re ithutang sone le gore a re neye moya wa gagwe o o boitshepo. (Luke 11:13) Barbara yo o nang le lobaka lo loleele e le morongwa a re: “Ka metlha ke a rapela pele ga ke bala kana ke ithuta Baebele. Morago ga moo, ke nna le boikutlo jwa gore Jehofa o na le nna e bile o rata se ke se dirang.” Go rapela pele ga re ithuta go dira gore dipelo le ditlhaloganyo tsa rona di amogele ka botlalo motlele wa dijo tsa semoya tse di leng fa pele ga rona.

2 TLHATLHANYA: Batho ba bangwe ba bala Lefoko la Modimo ka go le okola fela fa godimo ka gonne ba se na nako. Le fa go ntse jalo, ba latlhegelwa ke melemo e ba ka e bonang ka go ithuta Baebele. Carlos yo o ileng a direla Jehofa dingwaga tse di fetang 50, o lemogile botlhokwa jwa go beela nako kwa thoko gore a tlhatlhanye ka se a se ithutileng gore se mo solegele molemo. A re: “Jaanong ke bala ditsebe di le mmalwa tsa Baebele—mo e ka nnang di le pedi ka letsatsi. Go tswa foo, ke kgona go nna le nako e e oketsegileng ya go tlhatlhanya ka se ke se badileng e le gore ke ithute dintlha tsa botlhokwa.” (Pes. 77:12) Fa re ipha nako ya go tlhatlhanya, re tokafatsa kitso ya rona le tsela e ka yone re tlhaloganyang se thato ya Modimo e leng sone.—Bakol. 1:9-11.

3 DIRISA SE O SE ITHUTANG: Fa re lemoga botlhokwa jwa tiro nngwe, re solegelwa molemo thata ke yone. Go ntse fela jalo ka go ithuta Baebele. Gabriel, mokaulengwe yo mosha yo o nang le thulaganyo ya go ithuta Baebele ka metlha a re: “Go ithuta go nthusa gore ke kgone go lepalepana le mathata a botshelo jwa letsatsi le letsatsi e bile go dira gore ke nne ke iketleeleditse go thusa ba bangwe.” O oketsa ka go re: “Ke leka gore sengwe le sengwe se ke se ithutang, ke se dirise mo botshelong jwa me.” (Dute. 11:18; Josh. 1:8) Eleruri go na le letlotlo la kitso ya Modimo le re ka ithutang lone le go le dirisa.—Dia. 2:1-5.

POELETSO: Ruri re na le tshiamelo ya go hukutsa kitso e Jehofa, yo e leng Motswedi wa botlhale jotlhe, a re neileng yone! (Bar. 11:33) Ka jalo, lekgetlo le le latelang fa o ithuta, tlhomamisa gore o simolola ka go rapela Jehofa mme o mo kope gore a go thuse gore pelo ya gago le tlhaloganyo ya gago e amogele ka botlalo se o ithutang sone a bo a go neye moya wa gagwe o o boitshepo. Go tswa foo, iphe nako go se kae gore o tlhatlhanye ka se o se balang. Gape dirisa dilo tse o di ithutang mo botshelong jwa gago jwa letsatsi le letsatsi. Fa o dirisa dintlha tseno tse di botlhokwa, o tla fitlhela gore o itumelela go ithuta Baebele thata e bile seo se go solegela molemo.