Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ee, Ono ke Makasine o o Ithutiwang!

Ee, Ono ke Makasine o o Ithutiwang!

Ee, Ono ke Makasine o o Ithutiwang!

Re fetotse tsela e makasine o o ithutiwang o lebegang ka yone gore o go kgatlhe o bo o go thuse fa o ntse o ithuta Lefoko la boammaaruri le le botlhokwatlhokwa la ga Jehofa.—Pes. 1:2; 119:97.

Go fetile dingwaga di le nnè fa e sa le re simolola go gatisa dimakasine di le pedi tsa Tora ya Tebelo, e nngwe e le ya batho botlhe mme e nngwe e le ya rona rotlhe—Basupi ba ga Jehofa le batho ba ba gatelang pele ba re ithutang le bone Baebele.

Mokaulengwe mongwe yo o sa bolong go nna motlhanka wa ga Jehofa o ne a kwala jaana malebana le makasine o o ithutiwang: “O molemo e bile o ama maikutlo—ke ne ke ikutlwa jalo ka makasine wa ntlha o o ithutiwang wa Tora ya Tebelo. Tsela e makasine o o ithutiwang o neng o tlhalosa dithuto tse di botlhokwa tsa boammaaruri tsa Baebele ka yone, o ne o bua ka tlhamalalo le pelo ya me. Ke lo leboga thata ka makasine ono o mosha o o molemo.” Mokaulengwe yo mongwe ene o ne a kwala jaana: “Ke leba pele go dirisa nako e ntsi ke ithuta makasine o o ithutiwang ke tshotse Reference Bible ya me.” Re solofela gore le wena o ikutlwa fela jalo.

Jaaka o itse, Tora ya Tebelo e sa le e gatisiwa go tloga ka 1879, e leng namane e tona ya tiro e moya wa ga Jehofa mmogo le kemonokeng ya gagwe di dirileng gore e kgonege. (Seka. 4:6) Mo dingwageng tseno di le 133, go nnile le diphetogo di le mmalwa mo khabareng ya makasine ono. Mo ngwageng ono wa 2012, khabara ya makasine mongwe le mongwe o o ithutiwang e tla nna le setshwantsho se se takilweng sa batho ba ba neelang bosupi, se se re gopotsang taelo e re e neilweng ke Modimo ya go naya bosupi ka botlalo ka Bogosi jwa ga Jehofa. (Dit. 28:23) Mo teng ga khabara, mo tsebe 2, o tla fitlhela go na le senepe se setshwantsho se se mo khabareng se takilweng go tswa mo go sone, mmogo le tlhaloso e khutshwane e e tlhalosang se se diregang le gore se direga kae. Mo ngwageng ono otlhe, seno se tla re gopotsa rotlhe gore batho ba ga Jehofa ba rera dikgang tse di molemo “mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni.”—Math. 24:14.

Ke diphetogo dife tse dingwe tse di dirilweng mo makasineng ono? Lebokoso la poeletso le tla nna mo tshimologong ya setlhogo sengwe le sengwe se se ithutiwang. Seno se tla gatelela dintlha tsa konokono tse o tshwanetseng go di batla fa o ntse o bala le go ithuta setlhogo seo. Ke boammaaruri gore batshwari ba Thuto ya Tora ya Tebelo ba tla batla go tswelela ba dirisa dipotso tseno go boeletsa dintlha kwa bofelong jwa setlhogo se se ithutiwang. O tla lemoga gore diphatlha tse di fa thoko tsa makasine di godisitswe go se nene le gore nomoro ya tsebe le ya serapa e godisitswe.

Fela jaaka go tlhalositswe mo makasineng o o ithutiwang wa kgwedi eno, go na le karolo e ntšha ya setlhogo sa “Go Tswa mo Mabolokelong a Rona,” e e tsentsweng go bontsha diphetogo tse dikgolo mo hisitoring ya motlha wa gompieno ya Basupi ba ga Jehofa. Gape go tla nna le maitemogelo a mmatota a a tla nnang a tlhaga gangwe le gape mo setlhogong se se reng, “Ba ne Ba Ithaopa ka go Rata.” Maitemogelo ano a tla tlhalosa boipelo, kgotsofalo le boitumelo jo bakaulengwe le bokgaitsadi ba nnileng le jone ka go direla kwa go nang le tlhokego e kgolo gone ya baboledi ba Bogosi.

E kete o ka tswelela o itumelela nako e o e dirisang o ithuta Lefoko la Modimo o thusiwa ke makasine ono.

Bagatisi

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

1879

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

1895

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

1931

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

1950

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

1974

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

2008